Jump to content

Simisani Mathumo

Go tswa ko Wikipedia

Simisani Mathumo ke motshameki wa kgwele ya dinao wa lefatshe la Botswana. O tshotswe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bongwe( 1991) ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a le lesome le bongwe. [1] O tsholetswe ko Francistown. [1]

Simisani o simolotse tiro ya gagwe ya kgwele ya dinao kwa Township Rollers academy ka ngwaga wa dikete tse pedi le botlhano (2005). O ne a fiwa ponalo ya gagwe ya ntlha ya maemo a a kwa godimo ke manejara wa nako eo Madinda Ndlovu a le dingwaga di le lesome le borataro. Morago ga go kgatlhisa Simisani o ne a tswelela go nna motheo mo tshireletsong ya Township Rollers FC, a ba tshamekela dingwaga tse di fetang lesome le bobedi mme a fenya dikgele tsotlhe tse di neng di le teng go akaretsa dikgele tse thataro tsa Premier League, FA Cup le Mascom Top 8 Cup. Ka kgwedi ya Ferikgong wa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019), o ne a tlogela Township Rollers Football Club go tsenela Free State Stars ya Afrika Borwa, fela konteraka ya gagwe e ne ya fedisiwa fa setlhopha se sena go tswa mo Absa Premiership mme a boela kwa Township Rollers FC ka kgwedi ya Phatwe wa ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe (2019).[2]

Simisani o tshamekela setlhopha sa Township Rollers Football Club se se tshamekang mo kgaisanong e tona ya kgwele ya dinao kwa Botswana. [1] Mathumo ke mosireletsi, yoo tshameka kwa morago mo legareng.

Motshameki wa setlha wa FUB: Botswana Premier League 2016/17[3]

  1. 1 2 3 Simisani Mathumo
  2. "Mamelodi Sundowns crowned champions, Free State Stars relegated". SowetanLIVE. Retrieved 21 May 2024.
  3. MATHUMO WINS FUB TOP AWARD