Tempolete:POTD

Go tswa ko Wikipedia

Kgosi Seepapitso IV ( o tlhokafetse ka di 24 tsa kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 2010) e ne e le kgosi ya morafe wa ga Ngwaketse mo Botswana. E ne e le morwa kgosi Kgosi Bathoen II mme o ne a tlhophiwa go etelela pele Ntlo ya Dikgosi dingwaga di le mmalwa gape e le mongwe wa dikgosi tse di neng di nale seriti ebile di tlotlwa fela thata mo Botswana. Rre Seepapitso o diretse lefatshe la gagwe gape e le moemedi kwa United States of America le kwa China.

E ne e le mogaka, e le Rraarona kwa Ntlong ya Dikgosi,mme ebile a ne a tlotla thata bogosi ka a ne a sa batle bogosi bo gatakiwa ka dinao.O ne a ngomolwa pelo ke diemo dingwe tse di neng di sa tlotle bogosi.Nako tsotlhe fa emelela a buisa morafe o ne a ngoka theetso ya setŝhaba. Jaaka a ne a direla Ntlo ya Dikgosi ka lobaka le ka nna dingwaga tse di masome a mararo o ne a sa buse fela, ka boeteledipele jwa ga Rre Seepapitso, Ntlo ya Dikgosi e ne e gakolola goromente wa puso ya lefatŝhe ka dikgang tse di neng di ama lefatshe ngwe tsa tsone di akaretsa :go tlosiwa ga Batswakwa ba ba senang teta ya go nna mo lefatsheng.