Jump to content

Tepo Loapi

Go tswa ko Wikipedia

Tepo Loapi e tlwaelesegileng ka leina la sekgoa climate lefoko le le sa bolong go dirisiwa sebaka se se leele go tlhalosa maemo a loapi, lefoko le ga la bolo go dirisiwa dingwaga di feta 30.[1][2] Gantsi, go fetoga ga maemo a loapi a farologana e ka nna sebaka sa kgwedi go ya kwa go feta dingwaga dile diketekete. Dingwe tsa diphetogo tsa maemo a loapi tse di tlwaelegileng di kalwa ka letsatsi, bongola, kgatelelo ya atemosefere, phefo, le pula. Ka tlhaloganyo e kgolwane, tepo loapi ke seemo sa dikarolo tsa tsamaiso ya loapi, go akaretsa atemosefere, hydrosphere, cryosphere, lithosphere le biosphere le tirisanommogo magareng ga tsone.[1] Tepo loapi ya lefelo e amiwa ke latitude kgotsa longitude, naga, bogodimo, tiriso ya lefatshe le metsi a a fa gaufi le makhubu a o ne.

Tepo loapi e ka kgaoganngwa go ya ka diphetogo tse di tlwaelegileng, gantsi letsatsi, serame le pula. Mokgwa o o neng o dirisiwa thata e ne e le wa Köppen climate classification. Tsamaiso ya Thornthwaite, e e sa leng e dirisiwa go simolola ka ngwaga wa 1948, e akaretsa evapotranspiration mmogo le tshedimosetso ya letsatsi, serame le pula mme e dirisiwa mo go ithuteng go farologana ga ditshedi le gore phetogo ya tepo loapi e e ama jang. Sa bofelo, Bergeron le Spatial Synoptic Classification systems e lebisa tlhokomelo mo motsweding wa moya o o tlhalosang tepo loapi ya kgaolo.

Paleoclimatology ke thuto ya tepo loapi ya bogologolo. Baitsanape ba tepo loapi ba batla go tlhalosa go farologana ga tepo loapi mo dikarolong tsotlhe tsa Lefatshe ka nako nngwe le nngwe, go simolola ka nako ya go bopiwa ga Lefatshe.[3] E re ka go ne go na le ditlhatlhobo di le mmalwa tse di tlhamaletseng tsa tlelaemete pele ga lekgolo la bo19 la dingwaga, paleoclimates e fopholediwa go tswa mo go tse di fetofetogang. Di akaretsa bosupi jo e seng jwa ditshedi jaaka disediment e e fitlhelwang mo boalong jwa letsha le mo dikgapetleng tsa aese le bosupi jwa ditshedi jo bo tshwanang le mesako ya ditlhare le dikorale. Mekgwa ya tepo loapi ke mekgwa ya dipalo ya tlelaomete ya nako e e fetileng, ya jaanong, le ya mo isagweng. Go fetoga ga tepo loapi go ka diragala ka nako e telele le e khutshwane ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Go gotela ga bosheng go buiwa ka go gotela ga lefatshe, mo go felelang ka go kgaoganngwa gape. Ka sekai, "go fetoga ga 3 °C [5 °F] o palogareng letsatai ya ngwaga le ngwaga go tsamaisana le go fetoga ga isotherms ya dikilometara di ka 300 o o ka nnang 300–400 kilometres (190–250 mi) o o kwa latitude (mo lefelong le le nang le themperetlele) kgotsa 500 metres (1,600 ft) m [1,600 mo bogodimong. Ka jalo, mefuta ya ditshedi e solofetswe go ya kwa godimo mo bogodimong kgotsa go ya kwa latitude ka ntlha ya go fetofetoga ga mafelo a tepo loapi".

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Matthews, J.B. Robin (2021). "Annex VII. Glossary: IPCC – Intergovernmental Panel on Climate Change" (PDF). IPCC Sixth Assessment Report. Retrieved 2022-05-18.
  2. Shepherd, Dr. J. Marshall (1 February 2005). "What's the Difference Between Weather and Climate?". NASA. Retrieved 13 November 2015.
  3. "paleoclimatology | science | Britannica". www.britannica.com. Retrieved 2022-09-01.