Jump to content

Theudebert II

Go tswa ko Wikipedia
tremissis

Theudebert II (French: Thibert or Théodebert) (c.585 - 612),[1] Kgosi ya Austrasia (595 - 612 AD), e ne e le morwa le moruaboswa wa Childebert II. O ne a amogela bogosi jwa Austrasia mmogo le metse (civitates) ya Poitiers, Tours, Le Puy-en-Velay, Bordeaux, le Châteaudun, mmogo le Champagne, Auvergne, le Transjurane Alemannia.

Fa a ne a sa ntse a le monnye, mmèmogoloagwe e bong Brunhilda o ne a busa Theudebert le morwarraagwe e bong Theuderic II, yo o neng a neilwe bogosi jwa Burgundy. Fa bomorwarraagwe ba babedi ba sena go gola, gantsi ba ne ba lwa, Brunhilda a le mo letlhakoreng la ga Theuderic. Ka 599, Theuderic o ne a fenya Theudebert kwa Sens, mme morago ga moo bakaulengwe ba babedi ba ne ba ikgolaganya kgatlhanong le ntsalaabone Chlothar II mme ba mo fenya kwa Dormelles (gaufi le Montereau), ka go dira jalo ba gapa karolo e kgolo ya Neustria (600-604). Le fa go ntse jalo, ka nako eno, bakaulengwe bano ba babedi ba ne ba lwa; Theuderic o ne a fenya Theudebert kwa Étampes. Mo go 605

Theudebert o ne a fenngwa ke Theuderic kwa Toul le kwa Zülpich ka 612.[2][3][4]Theudebert o ne a tswalelwa mo ntlong ya baitlami ka taelo ya mmemogoloagwe, mme a bolawa le morwawe Merovech.[5]

O ne a nyetswe ke Bilichildis. Ka dinako tse dingwe go akanngwa gore morwadie e bong Emma o ne a nyalwa ke Eadbald wa kwa Kent.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Murray 2018, p. 1494.[1]
  2. McCollum, Adam Carter. "Theudebert II", The Oxford Dictionary of Late Antiquity, (Oliver Nicholson, ed.), Oxford University Press, 2018, ISBN 9780192562463[2]
  3. Laury Sarti, Perceiving War and the Military in Early Christian Gaul (ca. 400–700 A.D.), Brill Publishers, Leiden, 2013, ISBN 9789004258051, p. 89
  4. Jeffrey Burton Russell, Medieval Civilization Wipf and Stock Publishers, 2005, p.145
  5. Jeffrey Burton Russell, Medieval Civilization Wipf and Stock Publishers, 2005, p.145