Tina Browne

Go tswa ko Wikipedia
Tina Pupuke-Browne
Assumed office
14 June 2018
Pele Ga GagweToka Hagai
Member of Parliament
for Rakahanga
Ka Ga Ena
O tsetswe (1955-04-04) 4 April 1955 (age 69)
Aitutaki, Cook Islands
MokgatlhoDemocratic Party
Alma materUniversity of Canterbury

Tina Pupuke-Browne o tshotswe ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le mane ka ngwaga wa 1955. Ke lepolotiki ebile ke le leloko la palamente ya kwa Cook Islands. Ke moeteledipele wa phathi ya polotiki ya Democratic party.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Brown o tshotswe ka ngwaga wa 1995[1] kwa setlhaketlhakeng sa Rakahanga, Ke ngwana wa tonakgolo wa pele wa wa Cook Islands Pupuke Robati. [2]O tsene sekolo kwa Tereora College, a ya go tsweledisa kwa University ya Canterbury kwa Christchurch kwa lefatsheng la New Zealand kwa a alogileng teng ka Bachelor of Laws ka ngwaga wa 1979,[2][3] e ele mme wa ntlha go tswa kwa Rarotonga go aloga mo dithutong tseo.[4] O ne a ya go bereka kwa ofising ya melao ya Russell McVeagh. O ne a boela kwa Cook Islands ka ngwaga wa 1981 go berekela ofisi ya Crown law Office pele ga a ya go ikemela a le nosi.[3] O berekile e le tautona ya lekgotla la bolotloa la kwa Cook Island.[5]

Browne o tseneletse polotiki lantlha ka ngwaga wa 1996 fa a ne a gaisanela ditlhopo tsa tekeletso tsa kwa Nikao-Panama a emetse phathi ya Cook Islands party. O ne a gaisiwa ke Ngamau Munokoa.[5]

O ne a tlhopiwa go nna moeteledipele wa Democratic Party ka Moranang ngwaga wa 2017 a emelela William (Smiley) Heather.[6] Ka ditlhopo tsa 2018 o ne a emela ditlhopo tsa kwa Rakahanga, mme di ne tsa fenngwa ke Toka Hagai wa phathi ya Cook Islands Party. Hagai o ne a ithola marapo morago ga menahune ya tsietso,[7] mme o ne a fenya morago ga ikuelo.[8]

Ka ngwaga wa 2019, kgwedi ya Sedimonthole, o ne a tsaya karolo mo go ngongoregeleng go sa letlelelwe go rwala dirwalo tse dirilweng ka dithunya (ei katu) kwa palamenteng,ene le mapaamente a bangwe a basadi.[9]

Ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2020 o ne a goga kwa tlhogong mapalamente a le mmalwa a a neng a itlamele go fokolotswa dituelo ka nako ya segajaja sa COVID-19.[10] [11]Ka ngwaga wa 2020 o ne a ema nokeng maiteko a puso a go thibela go anama ga covid kwa Cook Islands,[12] mme morago a ema kgatlhanong go repisa melao ga puso.[13]

Ka Mopitlo ngwaga wa 2021, o ne a tsaya karolo mo pusong fa e ne e le kgatlhanong le go emisiwa ka nakwana tirelo ya go epa kwa tlase ga lewatle ke meepo.[14]

O ne a tlhopiwa gape ka ditlhopo tsa Cook Islands tsa ngwaga wa 2022.[15]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Hon. Tina PUPUKE BROWNE". Parliament of the Cook Islands. Retrieved 13 August 2022.
  2. 2.0 2.1 Katrina Tanirau (29 February 2020). "'I was shocked and I was terrified'". Cook Islands News. Retrieved 5 June 2020.
  3. 3.0 3.1 "Our Principals & Associates". Browne Harvey & Associates P.C. Retrieved 5 June 2020.
  4. "People". Pacific Islands Monthly. Vol. 51, no. 3. 1 March 1980. p. 65. Retrieved 10 July 2020 – via National Library of Australia.
  5. 5.0 5.1 Crocombe, R G; Crocombe, M T (1997). "The Cook Islands in Review: Issues and Events, 1 July 1995 to 30 June 1996". Retrieved 6 March 2011.
  6. "Browne new leader of the Demo Party". Cook Islands News. 13 April 2017. Retrieved 9 January 2019.
  7. "Cook Islands MP resigns amid legal action". RNZI. 7 November 2018. Retrieved 7 November 2018.
  8. "Browne wins Cook Islands election petition on appeal". Radio New Zealand International. 17 December 2018. Retrieved 9 January 2019.
  9. "Positively blooming in parliament". Cook Islands News. 13 December 2019. Retrieved 5 July 2020.
  10. "Cook Islands opposition calls for govt to take a pay cut". RNZ. 20 April 2020. Retrieved 18 June 2022.
  11. "Two more Cooks MPs take voluntary pay cuts". RNZ. 21 April 2020. Retrieved 18 June 2022.
  12. "Cooks opposition backs govt's 'double quarantine'". RNZ. 29 April 2020. Retrieved 18 June 2022.
  13. "Cooks opposition says people quarantine re-instated". RNZ. 19 November 2020. Retrieved 18 June 2022.
  14. "Cook Islands Democrats change view on mining moratorium". RNZ. 22 March 2021. Retrieved 18 June 2022.
  15. "WARRANT DECLARING THE SUCCESSFUL CANDIDATES AND THE NUMBER OF VOTES RECEIVED BY EACH CANDIDATE" (PDF). Cook Islands Gazette. 11 August 2022. Retrieved 13 August 2022.