Jump to content

Tshekedi Khama II

Go tswa ko Wikipedia
Tshekedi Khama II
Minister of Environment, Conservation, Natural Resources and Tourism
In office
2012–2018
PresidentIan Khama
Mokgweetsi Masisi
Pele Ga GagweKitso Mokaila
Minister of Youth Empowerment, Sports and Culture Development
PresidentMokgweetsi Masisi
Pele Ga GagweThapelo Olopeng
Ka Ga Ena
O tsetsweTshekedi Stanford Khama
(1958-06-09) 9 June 1958 (age 67)
Serowe, Bechuanaland
Mosetshaba waBotswana
MokgatlhoBotswana Democratic Party (until 2019)
Botswana Patriotic Front (2019–)
Mo/BakapeloThea Khama
BanaTahlia Khama Kaedi Khama
BatsadiSeretse Khama
Ruth Williams Khama
Alma materInstitute of Development Management (Diploma)

Tshekedi Khama II (o tshotswe ka 9 Seetebosigo 1958) ke lepolotiki la Motswana. Ke leloko la pele la palamente ya Botswana gotswa kwa Serowe Bokone botlhaba.[1] Gape ke leloko la setlhopha sa polotiki sa Botswana Patriotic Party.[2] O ne a kgaolwa ka mo Kokoanong ya Bosetšhaba morago ga go seke go tsenelele dikopano tse pedi ka go latelanang ka ntlha ya go ikisa lejwa ga gagwe kwa Aforika Borwa.[3]

Ka ga gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ke monnawe Tautona wa Botswana wa pele, Seretse Khama Ian Khama, ebile ele ngwana wa boraro wa ga Tautona ya ntlha ya Botswana, Seretse Khama le Ruth Williams Khama.[4][1]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Khama o ne a tlhophiwa go nna mopalamente wa bosetshaba kwa Serowe Bokone Bophirima mo ditlhophong tsa tlaleletso tsa Serowe Bokone Bophirima ka ngwaga wa 2008 morago ga gore setilo seo se sale se sena ope fa mogolowe a ne a nna tautona e le leloko la phathi ya Botswana Democratic Party (BDP).[5] Morago ga moo o ne a tlhophiwa gape ka 2009 le 2014.[5] Go tloga ka 2012 go fitlha ka 2018 e ne e le Tona ya Tikologo, Tshomarelo, Ditsompelo tsa Tlholego le Bojanala.[6] Ka ngwaga wa 2018, Tautona Mokgweetsi Masisi o ne a mo dira Tona ya Banana, Metshameko le Ngwao.[7]

Pele ga ditlhopho tsa kakaretso tsa 2019, o ne a tlogela BDP go tsenelela lekoko le lesha la Botswana Patriotic Front (BPF),[2] mme e ne e le mongwe wa bontlhopheng ba le bararo ba BPF ba ba neng ba tlhophilwe.

Go tshwarwa le go ya lejwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Mopitlo 2022 morwarraagwe, Ian Khama, o ne a bolela gore Mokgweetsi Masisi o ne a laela gore Tshekedi a tshwarwe le gore Bokaedi jwa Matlhale le Tshireletso bo ne jwa tshwara Tshekedi.[8] Moragonyana go ne ga netefadiwa gore o ne a tshwarwa mmogo le morwarraagwe e bong Anthony le mosadi wa ga Tshekedi e bong Thea ka ntlha ya ditumalano tsa tshenyetso setshaba tse di neng di dirilwe ke kompone ya bone ya Seleka Springs.[5] Go ne ga bolelwa gore kompone eo e dira kgwebo le Sesole sa Botswana, mme ofisi ya Seleka Springs e ne ya nna lefelo la bokwaledi jwa BPF, kwa go neng go gatisiwa dikarata tsa maloko gone.[9] Fa ba sena go gololwa, ba ne ba tsaya loeto go ya kwa Aforika Borwa go ya kwa go Ian kwa Tshekedi a ntseng a le mo botshabelong fa e sale ka nako eo.[5] O ne a kgabaganya ka kgoro ya molelwane wa pioneer gaufi le Lobatse.[9] Moatholdi, morago ga gore Tshekedi a seka a tsenelela dikopano di le pedi tsa palamente, o boletse fa a lekile go ikgolaganya le ene kwa Aforika Borwa ka Mopalamente Leepetswe Lesedi mme a se ka a bona karabo.[5] O ne a araba ka go bolela gore ka Mopitlo a le malatsi a masome mabedi le boraro 2023 o ne a itsise sebui ka matshosetsi a go tshwarwa ke DIS.[5]

  1. 1 2 "Of the Khamas, by the Khamas, for the Khamas". Mmegi. Retrieved 17 Phalane 2025.
  2. 1 2 Tshekedi Khama resigns from Botswana Democratic Party SABC News, 27 September 2019.
  3. Bothoko, Pini (24 April 2023). "Tshekedi disqualified as MP". Mmegi. Retrieved 17 Phalane 2025.
  4. "Member of Parliament CV". Parliament of Botswana. Retrieved 17 Phalane 2025.
  5. 1 2 3 4 5 6 Phakedi, Pearl (21 April 2023). "Tshekedi no longer an MP - Molatlhodi". Weekend Post. Retrieved 17 Phalane 2025.
  6. Lotshwao, Kebapetse (3 April 2025). "Intelligence as an instrument of coercion: the case of the Directorate of Intelligence and Security (DIS) in Botswana". Journal of Policing, Intelligence and Counter Terrorism. 20 (2): 227–242. doi:10.1080/18335330.2025.2471540. ISSN 1833-5330. Retrieved 17 Phalane 2025.
  7. Tshekedi unhappy with Masisi decision Weekend Post, 17 December 2018
  8. "Ian Khama claims his twin brothers have been detained by Botswana's state security". News24. 18 March 2022. Retrieved 17 Phalane 2025.
  9. 1 2 "Khama's absence, internal wrangling weakening BPF | Sunday Standard". Sunday Standard. 5 April 2022. Retrieved 17 Phalane 2025.