Jump to content

Tsheko Tsheko

Go tswa ko Wikipedia

Tsheko Tsheko MBE (1923-1969) ene ele modiri wa tsa polotiki wa Motswana.E ne e le leloko la khuduthamaga ya Botswana go tloga ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano(1965) go fitlha ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe 9 1969), koo a neng a direla mo Kabineteng ya Botswana.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O tsholetswe kwa Ngamiland, Bechuanaland Protectorate ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mabedi le boraro( 1923). O ne a tsamaisa kgwebo e e atlegileng ka dingwaga tsa bo sekete,makgolo a robabongwe le masome a mane (1940) ya go romela dithoto tsa muti kwa Afrika Borwa. Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mane le botlhano (1945), o ne a simolola tiro ya gagwe mo botsamaising jwa morafe wa Batwana. O ne a tsenela Bechuanaland Democratic Party ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le bone (1964) go dira jaaka moeteledipele wa Ngamiland wa lekoko. [1]Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le masome a matlhano (1965), Tsheko o ne a tlhophiwa go nna leloko la Palamente ya ntlha ya Botswana go emela kgaolo ya Okavango. Go tlhophiwa ga gagwe e ne e le nngwe ya dikgaisano tse pedi fela tse di neng di le teng mo ditlhophong tsa kakaretso tsa Bechuanaland ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano (1965), a fenya Motsamai Mpho wa Botswana Independence Party ka 53.7% ya diboutu. [2]Fa a ne a le mo Kokoanong ya Bosetšhaba, o ne a tlhophiwa go nna Tona ya Puso ya Selegae[3]mme morago a nna Tona ya Temothuo. Tsheko o ne a tlhokafala kwa bokhutlong jwa paka ya gagwe ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le borobabongwe ( 1969).[1]

  1. 1 2 Morton, Barry; Ramsay, Jeff (2018). "Tsheko Tsheko (1923–1969)". Historical Dictionary of Botswana (5th ed.). Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1133-8.
  2. Gossett, Charles W.; Lotshwao, Kebapetse (2009). "Report on the 1965 General Election and the 1966 Local Government Election". Botswana Notes and Records. 41: 47–63. ISSN 0525-5090. JSTOR 23237924.
  3. First Parliament of Botswana". Parliament of Botswana. Retrieved 2023-07-14.