Tshenyo ya boimana

Go tswa ko Wikipedia

Tshenyo ya boimana mo Botswana e letlelesega ka fa molaong fela fa go senya moo go babalela botshelo ja mosadi, fa boimana joo bo baya itekanelo ya mosadi mo boraing kgotsa fa boimana ele maduo a go betelelwa kana go robalwa ke wa lesika. Mo Botswana, go senya boimana mo go bakiwang ke mabaka ano, tshwantse ga diragadiwa mo dibekeng tsa ntlha tsa boimana tse di lesome le borataro kwa sepateleng sa ga goromente ebile go amogetswe ke dingaka di le pedi.

Manokonoko a melawana e gagametseng ya kiletso tshenyo ya boimana[fetola | Fetola Motswedi]

Ere le fa basadi ba Botswana ba lemogwa fa ba na le tshono e kwa godimo ya go bona dithuso tsa tshenyo boimana mo kgaolong ya Sub-Saharan Africa ka ntlha ya dikgethego tseno, basadi ba le bantsi ba sa ntse ba ikgethela go dira tshenyo boimana e e sa babalesegang ebile ba e itira ka bo bone, gantsi go felela go baka leso la moimana.

Tshusumetso Ya Ngwao Mabapi le go senya boimana[fetola | Fetola Motswedi]

Mo Botswana, malwapa a le mantsi a santse a latedisa moetlo wa lobola foo, banna ba duelang boora mosadi gore ba mo tsee jaaka ngwetsi. Seno se tlhagogisitse ditsholofelo tsa gore monna o dueletse mmele ebile ke monga mosadi yoo go akaretsa le ditshwanelo tsa bone tsa pelegi. Maikutlo a no le fa a ka felela a baka boimana ka tsela ya petelelo, dipatela le dikokelwana ga se gantsi di ka amogela dikgetsi tsa petelelo mo lenyalong go rurifatsa tshenyo boimana, jaaka meila ya setso e anaanela gore banna ke balaodi ba mebele ya basadi ba bone.