Jump to content

Tsodilo

Go tswa ko Wikipedia

Dithaba tsa Tsodilo (Tswana; Lefelo la Tsodilo) ke mafelo a ditso a mafatshefatshe UNESCO (WHS), ye e akaretsang ditshwaqntso mo matlapeng, bonno mo matlapeng, matlapa a a phutlhameng le magaga mo borwa jwa Aferika. UNESCO e abelela fa go gona le ditshwantso mo matlapeng do feta dikete di le nne le makgolo a matlhano mo lefelong le[1].

Dipopego tsa lefatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

Go na le dithaba di le nnè tse ditona. E e kwa godimo go gaisa ke ya dimetara di le sekete le makgolo a mane , e leng nngwe ya dintlha tse di kwa godimo go gaisa mo Botswana. Dithaba tse nne gantsi di tlhalosiwa e le "Male" (e e kwa godimo), "Female", "Child", mmogo le thota e e senang leina. Di dikilometara tse di ka nnang masome a mane go tswa kwa Shakawe mme di ka fitlhelelwa ka tsela ya mmu.

Go na le lefelo le le laolwang la go kampa le le fa gare ga dithaba tse pedi tse dikgolo, le le nang le dibata le matlwana a boithomelo. E gaufi le ditshwantsho tse di tumileng go gaisa tsa BaSan mo lefelong leno, Laurens van der Post panel, morago ga mokwadi wa mo Afrika Borwa yo a tlhalositseng ditshwantsho tsa ntlha mo bukeng ya gagwe ya ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le borobabobedi The Lost World of the Kalahari. Go na le musiamo o monnye le lefelo la go palama sefofane gaufi le kampa.

Batho ba ile ba dirisa Dithaba tsa Tsodilo go taka le go dira meetlo ka diketekete tsa dingwaga. UNESCO e fopholetsa gore dithaba tseno di na le mafelo a le makgolo a matlhano a batho ba nnileng mo go one ka diketekete tsa dingwaga. Botaki jwa maje jwa dithaba tseno bo amanngwa le batho ba lefelo leo ba ba neng ba tsoma le go kgobokanya diphologolo. Go dumelwa gore bagologolwane ba Ba-San ba tlhodile dingwe tsa ditshwantsho tse di takilweng kwa Tsodilo, mme gape e ne e le bone ba ba neng ba nna mo magageng le mo matlong a go iphitlha a a mo mafikeng. Go na le bopaki jwa gore batho ba Banthu ba ne ba ikarabelela ka dingwe tsa ditiro tsa botaki kwa dithabeng.[2]Dingwe tsa ditshwantsho tse di takilweng di ne tsa kwalwa dingwaga di le dikete tse masome a mabedi le bone pele ga motlha wa rona.[3]

  1. Thebe, Phenyo. 'Intagible Heritage at Tsodilo Hills"
  2. Robbins, Lawrence; Murphy, Michael; Campbell, Alec; Brook, George (1996). "Excavations at the Tsodilo Hills Rhino Cave". Botswana Notes and Records. 28: 23–45. JSTOR 40980131.
  3. C.Michael Hogan. 2008