University of Adrar

Go tswa ko Wikipedia

The African University Ahmed Draia Of Adrar ke sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro se se mo kgaolong ya Adrar, ee mo borwa bophirima jwa lefatshe la Algeria.[1] Leina le ,The African University, ele neetswe fela ko tshimologolong ka bakanoki le batlhodi ba sone bane ba kgethegileng mo dithutong tsa Aforika (African studies), gape bontsi jwa baithuti ba sone bane batswa mo mafatsheng aa farologaneng a Aforika. Mme mo bogompienong go tsentswe leina la mogaka wa ntwa Ahmed Draia yoo eleng sekao go bo a lwelwe ntwa ya kgololesego ya lefatshe la Algeria( Algerian War of Independence).[2]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Algeria", International Handbook of Universities 2019, Cham: Springer International Publishing, pp. 23–57, 2019, doi:10.1057/978-3-319-76971-4_3, ISBN 978-3-319-76971-4, retrieved 2020-11-15
  2. "جامعة أحمد دراية | أدرار" (in Arabic). Retrieved 2020-05-27.

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Official website