Vanessa Nakate

Go tswa ko Wikipedia

Vanessa Nakate o o tshotsweng kwa ngwaga ya 1996, kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a le lesome le botlhano , ke molwela tse di amang phetogo ya loapi wa kwa Uganda.[1]

Vanessa Nakate
Tsalo (1996-11-15) 15 November 1996 (age 27)
Uganda
ThutoMakerere University Business School
Dingwaga tsa a le mo tirong2018–present
O itsegi kaClimate activism

Botshelo jwa a le mmotlana[fetola | Fetola Motswedi]

Nakate o goletse kwa toropokgolo ya Uganda, mo tikologong ya Kampala.[2] O goletse kwa Kampala mme a simolola go itsege ka ngwaga wa 2018 ka kgwedi ya Morule morago ga gore a supe matshwenyego ka mogote o o sa tlwaelesegang kwa lefatsheng la gagwe.[3] Nakate o alogile ka degree tsa business administration in marketing kwa sekolong sa Makerere University Business School.[4]

Ditiro tsa phetogo ya loapi[fetola | Fetola Motswedi]

Ka tlhotlheletso ya ga Greta Thunberg go simolodisa mokgatlho wa phetogo loapi kwa Uganda, Nakate o ne a simolola go ema a le nosi kgatlhanong le go tlhoka go tsibogela seemo sa matlhotlhapelo sa seemo sa loapi ka Firikgong ngwaga wa 2019.[5] Dikgwedi di le dintsi o ne a bopelela a le nosi kwa ntle ga dikgoro tsa palamente ya Uganda.[4] Moragonyana basha ba bangwe ba ne ba simolola go mo ema nokeng mo maranyaneng go ngoka ba bangwe go tsenya leitlho dikgwa tsa Congo.[6] Nakate o simolodisitse Youth for Future Africa le Africa-based Rise Up Movement.[7]

Ka ngwaga wa 2019, kgwedi ya Morule, Nakate one a a nna mongwe wa dibui kwa bokopanong jwa COP25 kwa Spain, ene le basha ba bangwe ba balwela tse di amang seemo sa loapi Greta Thunberg le Alejandro Martinez.[8]

Ka kgwedi ya Firikgong e simolola, ka ngwaga wa 2020, o ne a kopana le basha ba bangwe ba balwela tse di amang seemo sa loapi lefatshe ka bophara ba ka nna masome a mabedi, go gatisa lokwalo lo lo neng lo kwaletswe ba a neng ba tseneletse World Economic Forum kwa Davos, ba bolelela dikompone, dibanka le dipuso to emisa ka potlako go emisa go etleetsa go tukisiwa ga magala a tlholego.[9]E ne e le mongwe wa baemedi ba mafatshe ba le batlhano ba ba neng ba laleditswe ke Arctic Basecamp go kampa le bone kwa Davos ka bokopano jwa World Economic Forum; baemedi ba ne ba dira dipopelo ka letsatsi la bofelo la bokopano.[10]


Ka Phalane ngwaga wa 2020, Nakate o ne a buisa batho kwa thutong ya Desmond Tutu International Peace Lecture, a rotloetsa baetelediele go "tsoga" ba lemoge seemo sa tshoganetso sa phetogo ya loapi, a se amanya le tshotlego, tlala, bolwetsi, kgotlakgotlano le dikgoka mo go bomme le bana ba basetsana. "Phetogo ya seemo sa loapi ke bothata bo bo amang lekalana lengwe le lengwe la matshelo a rona" o ne a bua. "Re ka emisa tshotlego jang re sa lebelele seemo se? re ka goroga kwa go emiseng tlala jang fa phetogo ya loapi e tlogela di milione tsa batho ba sena se ba se jang? Re a go bona mathata fa godimo ga mathata, dikgwetlho morago ga tse dingwe, tshotlego morago ga tshotlego (...) fa go sa diriwe sepe ka se." O ne a kopa baeteledipele go tlogela se ba se tlwaetseng mme ba bone borai jo re leng mo go bone ba dire sengwe ka bone. Se ke kgang ya loso le botshelo." [11]

Nakate o simolotse Green Schools Project, lenaneo la go dira motlakase o o ntshafadiwang, le le ikaelelang go fetola dikolo kwa Uganda go dirisa motlakase wa letsatsi le go tsenya ditofo tse di siametseng tikologo.[12] Mo nakong ya gompieno, lenaneo le tsentse dilo tse kwa dikolong di le masome a mararo.[13] Ka kgwedi ya Phukwi e le malatsi a ferabongwe ngwaga wa 2020, Vanessa Nakate o ne a tsena mo dipotsopuisanong le ba Time Magazine a botsisiwa ke Angelina Jolie ka seabe le botlhokwa jwa mantswe a ma Aforika mo mekgatlhong ya tshiamelo ya seemo sa loapi.[14] Ka kgwedi ya Phatwe, Jeune Afrique Magazine e na ya mmalelela e le mongwe wa batho ba le lekgolo ba ba nang le tlhotlheletso ba ma Aforika.[15] Ka Lwetse 2020, Vanessa Nakate le mokwaledi wa pele wa UN General Ban Ki-moon kwa bokopanong jwa Forum Alpbach ba ne ba kopana go bua ka go lwela seemo sa loapi. [16]


Ka kgwedi ya Lwetse, Vanessa o ne a bua ka go simolodisa nako ya baeteledipele ba ba fetolang seemo sa loapi mo setlhopheng sa World Resources Institute; o ne a bua ka maemo a gagwe mo dipuisanong le ba ba fetolang seemo sa loapi kwa Oxfam. [17]Vanessa Nakate o ne a bolelwa ke ba United Nations fa ele moeteledipele o monnye wa SDG 13 ka ngwaga wa 2020.[18][19] OkayAfrica e ne ya kwala ka Nakate fa ele mongwe wa bomme ba le lekgolo ba ba botlhale ka kgwedi ya ditso tsa bomme.[20] Nakate o umakilwe mo bananeng ba Aforika ba ba nang le tlhotlheletso ka ngwaga wa 2020 ke ba YouthLead.[21] Nakate e ne e le sebui sa tlotla kwa Berlin Energy Transition Dialogue 2021 ka kgwedi ya Mopitlo a le lesome le borataro ka ngwaga wa 2021, a na le baeteledipele ba bangwe ba maemo mo lefatsheng ka bophara.[22] [23]Mo lefokong la gagwe o ne a akaretsa le go kgala German Federal Foreign Office jaaka ba ba baakantseng tsela ya go tlhotlha se se builweng ke balwela phetogo loapi ba basha e e neng e sa dirisiwa mo dibuing tse dingwe.[24]


Mo mokwalong wa The Guardian wa Phalane 2021, Nakate o bua gore mafatshe le dikoporase tse di gasang mowa o o borai di tshwanetse go duelela mafatshe a Aforika le baagi tatlhegelo le tshenyo e e nnileng teng ka ntata ya phetogo ya seemo sa loapi e ba e itemogelang gompieno.[25]


Mo puisanong le Amy Goodman wa Democray Now!, Nakate o ne a supa kgatlhego ya ditiro tsa seemo sa loapi: "lefatshe la me le ikaegile ka temothuo, ka jalo batho ba le bantsi ba ikaegile ka temothuo. Ka jalo fa masimo a rona a senngwa ke merwalela, fa ditshimo di senngwa ke lenyora mme thobo e le kwa tlase, go raya gore tlhwatlhwa ya dijo e ya kwa godimo, k jalo ke ba ba istholetseng ba ba tla kgonang go reka dijo. Batho ba le bantsi ba ba tshelelang kwa magaeng ba tla nna le bothata le go bona dijo ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo, mme se se baka tlala le loso. Mo lefatsheng la me , tlhokafalo ya pula e raya tlala le loso mo go ba ba dikobodikhutshwane.[26]


O tsentswe mo maemong a go nna moemedi wa tse di molemo wa UNICEF.[27]

Megopolo ya sepolotiki[fetola | Fetola Motswedi]

Nakate ke leloko la khansele ya Progressive International, e e leng lekgotla la mafatshefatshe le le rotloetsang polotiki e e lwelang ditshwanelo tsa batho.[28] O kgadile go laola thekiso ya lefatshe ke ba ba ikemetseng ka nosi, a e amanya le go tseela tlase tikologo.[29]

Jaaka mokeresete, o akanya gore "go nna le taolo mo lefatsheng ke go nna le maikarabelo le tirelo mo polaneteng le batho ba yone, ka Modimo e se Modimo o o senyang a bo a tsietsa.[30]

Go tlhoka go tsenngwa mo senepeng[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Firikgong 2020, pampiri ya dikgang ya Associated Press news agency e ne ya kgaola Nakate mo senepeng se a neng a le mo go sone le Greta Thunberg le balweladitshwanelo Luisa Neubauer, Isabelle Axelsson le Loukina Tille morago ga ba sena go tsenelela World Economic Forum.[31][32] Nakate o ne a re babegadikgang ba o ba na le tlhaolele ya semorafe. Associated Press ba ne ba fetola senepe moragonyana ba supa fa go maikaelelo a bone e ne e se go utlusa ope botlhoko mme ba seka ba ikopa maitshwarelo.[33] Ka Firikgong 2020 a le malatsi a le masome a mabedi le bosupa, mokwadimogolo wa AP Sally Buzbee o ne a kwala mo maranyaneng a twitter a ikopa maitshwarelo a supa fa a ikopa maitshwarelo mo boemong jwa AP. [34]Nakate o ne a fetola a re ga a dumalane le mokwalo le kopo maitshwarelo ya ba AP, a tswelela ka go fetola gore: " Le ntswa se se nkutlusitse botlhoko ka bonosi ke itumelela gore e lemotshitse batho ka balwela dilo mo Aforika...gongwe babegadikgang ba tla simolola go re ela tlhoko, e seng fela fa re le batswasetlhabelo ba manokonoko a phetogo ya seemo sa loapi.[35]

Dietsele[fetola | Fetola Motswedi]

Vanessa Nakate le balwela phetogo ba banana ba bangwe ba le barataro ba ne ba fiwa tlotla ke 2020 Young Activists Summit ka dipuisano tsa morago ga COVID-19. E ne e phuthile batho ba feta dikete di ferabobedi, le makgolo a le marataro go tswa mo mafatsheng a le lekgolo.[36]

Nakate o ne a le mongwe wa basadi ba le lekgolo ba BBC ba ba itsisitsweng ka 23 November 2020.[37]

Dietsele tse dingwe di akaretsa:

Dikgatiso[fetola | Fetola Motswedi]

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Urra, Susana; Kitson, Melissa (6 December 2019). "'Greta Thunberg in Madrid: "I hope world leaders grasp the urgency of the climate crisis"". El País. Archived from the original on 24 December 2019. Retrieved 25 January 2020.
  2. Dahir, Abdi Latif (7 May 2021). "Erased From a Davos Photo, a Ugandan Climate Activist Is Back in the Picture". The New York Times. Archived from the original on 7 May 2021. Retrieved 7 May 2021.
  3. Hanson, James (28 October 2019). "3 young black climate activists in Africa trying to save the world". Greenpeace UK. Archived from the original on 25 January 2020. Retrieved 25 January 2020.
  4. 4.0 4.1 Kisakye, Frank (30 May 2019). "22-year-old Nakate takes on lone climate fight". The Observer. Archived from the original on 22 September 2019. Retrieved 25 January 2020.
  5. Feder, J. Lester; Hirji, Zahra; Müller, Pascale (7 February 2019). "A Huge Climate Change Movement Led By Teenage Girls Is Sweeping Europe. And It's Coming To The US Next". BuzzFeed News. Archived from the original on 19 January 2020. Retrieved 25 January 2020.
  6. Jenkins, Carla (25 November 2019). "Glasgow student follows Greta Thunberg with 30 day climate crisis strike". Glasgow Times. Archived from the original on 25 January 2020. Retrieved 25 January 2020.
  7. Bort, Ryan (23 January 2020). "A Rolling Stone Roundtable With the Youth Climate Activists Fighting for Change in Davos". Rolling Stone. Archived from the original on 24 January 2020. Retrieved 25 January 2020.
  8. "Climate change: What's Greta been saying at the COP25 conference in Madrid?". BBC. 7 December 2019. Archived from the original on 28 January 2020. Retrieved 25 January 2020.
  9. Thunberg, Greta (10 January 2020). "At Davos we will tell world leaders to abandon the fossil fuel economy". The Guardian. Archived from the original on 25 January 2020. Retrieved 25 January 2020.
  10. Sengupta, Somini (24 January 2020). "Greta Thunberg Joins Climate March on Her Last Day in Davos". The New York Times. Archived from the original on 25 January 2020. Retrieved 25 January 2020.
  11. "'Wake up': Climate activist Nakate challenges world leaders". The Independent. 7 October 2019. Archived from the original on 17 October 2020. Retrieved 15 October 2020.
  12. "The Green Schools Project: Vanessa Nakate is on a mission to power schools in Uganda with solar energy". CleanTech News. 12 August 2019. Archived from the original on 18 October 2020. Retrieved 15 October 2020.
  13. Vanessa Nakate [@vanessa_vash] (14 October 2020). "I wanted to drive a transition to renewable energy and provide energy saving cooking stoves for schools in the rural communities. As of now, we have carried out installations in six schools and we look forward to carrying out two more installations" (Tweet) – via Twitter.
  14. "A Conversation with Angelina Jolie and Ugandan Climate Activist Vanessa Nakate On the Urgency of Elevating African Voices in Climate Discussions". Time.com. 9 July 2020. Retrieved 24 October 2021.
  15. "[Classement] Les 100 Africains les plus influents en 2020 – Jeune Afrique". JeuneAfrique.com. Retrieved 24 October 2021.
  16. "European Forum Alpbach". Archived from the original on 28 March 2022. Retrieved 28 June 2021.
  17. "Climate Action 2.0: Sparking an Era of Transformational Climate Leadership". Wri.org. Retrieved 24 October 2021.
  18. "Meet the 2020 Class of Young Leaders for the SDGs – Office of the Secretary-General's Envoy on Youth". Un.org. Retrieved 24 October 2021.
  19. "Vanessa Nakate – Office of the Secretary-General's Envoy on Youth". Un.org. Retrieved 24 October 2021.
  20. "Vanessa Nakate". 100women.okayafrica.com. Retrieved 24 October 2021.
  21. "100 Most Influential Young Africans for 2020". Youthlead.org. Retrieved 24 October 2021.
  22. "Berlin Energy Transition Dialogue 2021 — Speakers". Berlin Energy Transition Dialogue 2021. Berlin, Germany: Germany Federal Foreign Office. 16 March 2021. Archived from the original on 11 March 2021. Retrieved 16 March 2021.
  23. Nakate, Vanessa (16 March 2021). Keynote presentation at Berlin Energy Transition Dialogue 2021. Berlin, Germany: German Federal Foreign Office. Event occurs at 1:26:25. Retrieved 17 March 2021.
  24. von Jutrczenka, Bernd (16 March 2021). "Ugandan activist Vanessa Nakate accuses climate conference organizers of censorship". The Globe and Mail. Toronto, Canada. ISSN 0319-0714. Retrieved 30 October 2021.
  25. Nakate, Vanessa (29 October 2021). "We know who caused the climate crisis — but they don't want to pay for it". The Guardian. London, United Kingdom. ISSN 0261-3077. Retrieved 29 October 2021.
  26. Nakate, Vanessa (12 December 2019). "Uganda's First Fridays for Future Climate Striker, Vanessa Nakate, Joins COP25 Protests in Madrid". Democracy Now! (Interview). Interviewed by Amy Goodman. Archived from the original on 30 December 2019. Retrieved 25 January 2020.
  27. "UNICEF appoints climate activist Vanessa Nakate as Goodwill Ambassador". www.unicef.org. Retrieved 15 September 2022.
  28. "Council". Archived from the original on 30 September 2020. Retrieved 17 October 2020.
  29. @vanessanakate1 (15 October 2020). "Environmental degradation is a direct consequence of capitalism". Retrieved 17 October 2020 – via Instagram.
  30. Lakhani, Nina (17 September 2022). "'Africa is on the frontlines but not the front pages': Vanessa Nakate on her climate fight". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 15 April 2023.
  31. Evelyn, Kenya (25 January 2020). "Outrage at whites-only image as Uganda climate activist cropped from photo". The Guardian. Archived from the original on 25 January 2020. Retrieved 25 January 2020.
  32. "Vanessa Nakate: Climate activist hits out at 'racist' photo crop". BBC News. 24 January 2020. Archived from the original on 24 January 2020. Retrieved 25 January 2020
  33. Easton, Lauren (24 January 2020). "AP statement on cropped photo". AP Definitive Source. Associated Press. Archived from the original on 25 January 2020. Retrieved 25 January 2020.
  34. Buzbee, Sally [@SallyBuzbee] (27 January 2020). "Vanessa, on behalf of the AP, I want to say how sorry I am that we cropped that photo and removed you from it. It was a mistake that we realize silenced your voice, and we apologize. We will all work hard to learn from this. @vanessa_vash" (Tweet). Retrieved 10 February 2020 – via Twitter.
  35. Evelyn, Kenya (29 January 2020). "'Like I wasn't there': climate activist Vanessa Nakate on being erased from a movement". The Guardian. Archived from the original on 30 January 2021. Retrieved 26 January 2021.
  36. "Vanessa Nakate and Six Other Young Activists Honoured by 2020 Young Activists Summit During a Live Discussion on Post-COVID-19 World, Bringing Together Over 8,600 People from Around 100 Countries". Agilitypr.news. Retrieved 24 October 2021.
  37. "BBC 100 Women 2020: Who is on the list this year?". BBC News. 23 November 2020. Archived from the original on 23 November 2020. Retrieved 23 November 2020.
  38. "Haub Law Announces two recipients of the 2021 Elisabeth Haub Award for Environmental Law and Diplomacy | Pace Law School". Law.pace.edu. Retrieved 24 October 2021
  39. "Elisabeth Haub Award for Environmental Law and Diplomacy | Pace Law School". Law.pace.edu. Retrieved 24 October 2021.
  40. Bundeskanzler-Helmut-Schmidt-Stiftung. "Helmut-Schmidt-Zukunftspreis 2022". www.helmut-schmidt.de.