Yunivesithi ya Leboya Bophirima

Yunibesithi ya Bokonebophirima (NWU) ke yunibesithi ya patlisiso ya setšhaba e e nang le dikhamphaseng tse tharo tse di kwa Potchefstroom, Mahikeng le Vanderbijlpark mo Aforika Borwa.
Hisetori
[fetola | Fetola Motswedi]Yunibesiti e ya Bokone-Bophirima, e ne ya simolola go nna mo kopanong ya ditheo ka ngwaga ya 2004 kwa Potchefstroom University for Christian Higher Education, yunibesithi e kgolo, ya hisetori go simolola ka ngwaga wa 1869, e leng gore gape e neng e na le lekala kwa Vanderbijlpark, le Yunibesithi ya Bokone-Bophirima (e pele e neng e le Yunibesithi ya Bophuthatswana).[1][2] [3]Ka maemo a yone a a kopantsweng, Yunibesithi ya Bokone-Bophirima e ne ya nna nngwe ya diyunibesiti tse dikgolo mo Aforika Borwa e e nang le palo ya boraro ya baithuti ka bontsi (ya nako e e tletseng le ya Thuto ya sekgala) mo nageng.[4] [5]NWU e mo maemong a a kwa godimo mo lefelong leo, mo Afrika le mo lefatsheng ka bophara.[6]Ka ngwaga wa 2025, go ne ga simololwa go agiwa Sekolo sa Kalafi sa Desmond Tutu kwa Khamphaseng ya yunibesiti ya Potchefstroom. Fa e sena go wediwa, e tlabo e le sekolo sa bo lesome le motso sa bongaka sa Aforikaborwa mme go solofetswe gore se tla kwadisa baithuti ba sone ba ntlha ka ngwaga wa 2028.[7][8]
Dikhampase
[fetola | Fetola Motswedi]
Setshwantsho sa Yunibesithi ya Bokone Bophirima - Sekolo sa Mahikeng
- Potchefstroom Campus (Kampase e Kgolo)
- Vanderbijlpark Campus[9]
Baithuti ba nako e e fetileng ba ba tlhomologileng
[fetola | Fetola Motswedi]Gareng ga baithuti ba nako e e fetileng ba ba tlhomologileng ba yunibesiti morago ga go kopanngwa ga yunibesiti ke:
- Dirk Hermann, leloko la mekgatlho ya badiri le tlhogo ya Mokgatlho wa Kutlwano
- Katlego Maboe, mogasi wa thelebišene[10]
- Gerhard Mostert, motshameki wa rakabi.[11]
- Demi-Leigh Nel-Peters, Mohumagatsana wa Lefatshe Lotlhe wa 2017[12]
- Mamokgethi Phakeng, motlatsamokanseliri wa pele wa Yunibesithi ya Motsekapa[13]
- Arrie Rautenbach, Mokhuduthamaga wa setlhopha sa Absa fa e sale ka Mopitlwe 2022[14]
- Warren Whiteley, motshameki wa rakabi[15]
Setshwantso sa Baithuti
[fetola | Fetola Motswedi]| Go ikwadisa ga merafe, 2021 | Peresente | palogotlhe ya palo |
|---|---|---|
| Aforika | 64,17% | 28 005 |
| Bosweu | 30,85% | 13,466 |
| Mmala | 3,67% | 1602 |
| Asia | 1,18% | 516 |
| Tse dingwe | 0,12% | 53 |
| Palogotlhe | 100% | 43,642 |
| Morafe | Palogotlhe ya Dipalo | Peresente | E namagadi | Monna |
|---|---|---|---|---|
| Aforika | 2,694 | 40.54% | 1,375 | 1,319 |
| Mmala | 380 | 5.72% | 221 | 159 |
| Asia | 114 | 1.72% | 59 | 55 |
| Bosweu | 3,456 | 52.02% | 2,033 | 1,423 |
| Palogotlhe | 6,644 | 100% | 3,684 | 2,960 |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ https://en.wikipedia.org/w/index.php?title=North-West_University&action=edit
- ↑ "NWU @ a glance | NWU | North-West University". www.nwu.ac.za. Retrieved 2024-06-23.
- ↑ https://www.gov.za/documents/notices/higher-education-act-merger-potchefstroom-university-christian-higher-education
- ↑ "Student statistics of the North-West University" (PDF). Retrieved 22 February 2022.
- ↑ https://stadio.ac.za/distance-learning
- ↑ "NWU excels again in QS World University Rankings – now 10th in Africa". ITWeb. 2023-06-29. Retrieved 2024-06-23.
- ↑ "NWU starts construction of new Desmond Tutu medical school". SABC. 26 July 2025. Retrieved 16 September 2025.
- ↑ "North-West University medical school named NWU Desmond Tutu School of Medicine". Mail & Guardian. 25 April 2025. Retrieved 16 September 2025.
- ↑ "Our Campuses | Studies | NWU | North-West University". studies.nwu.ac.za. Retrieved 2022-05-20.
- ↑ "Katlego Maboe". 7 August 2013. Archived from the original on 16 August 2018. Retrieved 4 August 2018
- ↑ Scheppel, K. (3 August 2011). "Mostert rugby institute's third Bok". NWU. Archived from the original on 4 August 2018. Retrieved 4 August 2018
- ↑ Santana, M. (27 March 2017). "NWU alumna crowned as Miss SA 2017". Archived from the original on 4 August 2018. Retrieved 4 August 2018.
- ↑ "Professor Mamokgethi Phakeng | University of Cape Town". University of Cape Town.
- ↑ Tech Central South Africa (29 March 2022). "Arrie Rautenbach is new Absa CEO". NewsCentral Media. Johannesburg, South Africa. Retrieved 16 October 2022.
- ↑ Pienaar, W. (25 June 2016). "(Afrikaans)Warren Whiteley: Van Pukke 0.20 C-span na Springbok Agtsteman (translated : from university under twenty C team to Springbok Eightman)". Potchefstroom Herald Newspaper. Archived from the original on 4 August 2018. Retrieved 4 August 2018.
