Jump to content

Yvonne Ekwere

Go tswa ko Wikipedia
Yvonne Ekwere
Tsalo
Yvonne Imoh-Abasi Glory Ekwere

(1987-03-03) March 3, 1987 (age 37)
Lagos State, Nigeria
LetsoNigerian
Alma materLagos State University
Tiro
Dingwaga tsa a le mo tirong2008 go tsena gompieno

Yvonne Imoh-Abasi Glory Ekwere (Igbo pronunciation; o tshotswe ka Mopitlo a thola gararo ka ngwaga wa 1987), o itsewe thata ka leina la gagwe la Yvonne Vixen Ekwere, ke yo itsegeng mo motsweding ya tshedimosetso, ke mothami wa diteng gape ke modiragatsi wa mme, yo a thapilweng e le motsamaisa lananeo ko E-Weekly mo setshwantshong sa motshikinyego sa Silverbird.[1] Sale tshimologo ya gagwe e le motshwara mmogo mo thulaganyong ya bosigo mo Rhythm 93.7 FM, mokgwa wa gagwe wa go tsamaisa lenaneo o bakile gore a fenye dietsele di le mmalwa.[2] [3]

Bonnyane le dithuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Vixen o tholega mo kgaolong ya Akwa Ibom ko Nigeria, mme ene o tsholetswe ko kgaolong ya Lagos e leng ko borwa-bophirima ja Nigeria, ga mmogo le batsalwa le ene ba le supa, ke teng ko a feditseng dithuto tsa gagwe tsa ko moding go ya ko go tse digolwane ko dikolong tsa Airforce Primary School, Victoria Island, Lagos and Holy Child College, Lagos ka go tlhomagana ga tsone.[1] O nale bachelor's degree mo History and International Studies e a e tsereng go tswa ko Lagos State University.[4]

Tiro ya mo seromamowa/setswantsho sa motshikinyego

[fetola | Fetola Motswedi]

Tiro ya gagwe e simolotse ka ngwaga wa 2008, morago ga gore a lalediwe ke rre Ikponmwosa Osakioduwa go nna motshwara-mmogo mo thulaganyong ya seromamowa e bidiwang Dance Party, e neng e gasiwa mo Rhythm 93.7FM.[5] Vixen ko pele, o ne a tsenelela kgaisano mme a fenya tiro ya go nna motsamaisa thulaganyo ya ituso-bodutu mo setshwantshong sa motshikinyego sa Silverbird e bidiwang E-weekly.[6] Go tswa fo, o bonwe a botsolosa badiragatsi ba ba tumileng gape a tshwara ditiragalo tsa maemo a ntha e bong Most Beautiful Girl in Nigeria 2012 le dijo tsa maitseboa tsa ga tautona wa pele, rre Goodluck Jonathan e bidiwang "Dinner With Showbiz Stakeholders" magareng ga tse dingwe.[1] Ka kgwedi ya Phalane, ngwaga wa 2015, o simolotse lenaneo la gagwe e bidiwang Drive Time With Vixen. O supile ga a tsere matsipa mo go Oprah Winfrey.[6] O botsolositse Genevieve Nnaji, Funke Akindele, Denrele Edun ko Amstel Malta AMVCA ya ngwaga wa 2014, ka ga ditsela tsa bone tsa go atlega.[7]

Dithulaganyo tsa bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]

O nnile moanelwa mogolo gape a tlhagelela mo dithulaganyong tsa bodiragatsi e bong 7 inch curve, Render to Caeser, Put a Ring on it, ga mmogo le kgaolo ya bobedi ya Gidi Up ko a diragaditseng mo ditsebeng tse tharo.[8]

Dietsele le temogo

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Moletlo wa dietsele Sekgele Maduo
2009 Future Awards TV Personality of the year O tlhophilwe
2010 O tlhophilwe
FAB Awards O tlhophilwe
2011 O fentse
Future Awards O tlhophilwe
ELOY Awards 2011 O fentse
The Nigerian Events Awards Best Event Coverage O fentse
2012 City people Fashion awards

2012

Most Stylish TV Presenter of the

Year

O fentse
2013 2013 Nigeria Entertainments

Awards

TV Personality of the Year O tlhophilwe
  1. 1.0 1.1 1.2 Kayode Badmus (3 March 2016). "Popular broadcaster, Yvonne Vixen Ekwere clocks 29 years". Nigerian Entertainment Today. Retrieved 25 September 2016.
  2. Esho Wemimo (17 October 2014). "Yvonne Vixen Ekwere: My Ex Used Me To Get Famous". Pulse Nigeria. Retrieved 25 September 2016.
  3. Maryjane Ezeh (3 March 2016). "Yvonne Vixen Ekwere Overdosed On Self-Love As She Celebrates Birthday (Photos)". nigeriafilms.com. The Nigerian Voice. Retrieved 25 September 2016.
  4. "Yvonne Vixen Ekwere Biography". www.mybiohub.com. 3 March 2016. Retrieved 25 September 2016.
  5. Christian Agadibe (14 August 2016). "Fans stalk me for love –Yvonne Ekwere, radio presenter". The Sun Newspaper. Retrieved 25 September 2016.
  6. 6.0 6.1 Adeola Adeyemo (24 March 2012). "BN Saturday Celebrity Interview: She's Called "Vixen" For a Reason. Meet TV Presenter Yvonne Ekwere". BellaNaija. Retrieved 25 September 2016.
  7. BellaNaija.com (2014-03-19). "Yvonne Ekwere Interviews Genevieve Nnaji, Funke Akindele, Denrele Edun & More on their Journey to Success at the 2014 Amstel Malta AMVCAs!". BellaNaija. Retrieved 2022-07-23.
  8. "Toolz, OC Ukeje, Zainab Balogun, Ikechukwu, Adesua Etomi at "Gidi Up" Season 2 Premiere". BellaNaija. 22 June 2014. Retrieved 25 September 2016.