Zaha Hassan

Go tswa ko Wikipedia
Zaha Hassan
Visiting Fellow at the Carnegie Endowment for International Peace, New America Foundation, and Middle East Program
In office
? – ?
Ka Ga Ena
Moagi WaAmerican
Mosetshaba waPalestinian
Alma materWillamette University
University of Washington
Willamette University School of Law
TiroHuman rights lawyer, political analyst, activist, researcher, writer

Zaha Hassan ke mme wa Moarabia mo lehatsheng la Palesetina, ke mmueledi wa ditshwanelo tsa setho, motlhatlhodi wa tsa polotiki, mmatlisisi le mokwadi. Ke mmueledi wa ditshwanelo tsa setho mo Palesetina , ke mmueledi wa kagiso magareng ga Iseraele le Palesetina.[1][2] Ke moithuti yo o etetseng kwa Carnegie Endowment for International Peace, New America Foundation le thulaganyo Middle East.[3][4] Mme Hassan gone jaanong o nna kwa Washington D.C, ko Amerika.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Zaha o bone BA ya gagwe ya Saense ya Dipolotiki le Dipuo le Ditso tsa Near East go tswa kwa Yunibesithing ya Washington. O ne a amogela J.D. go tswa kwa Yunibesithing ya California le go bona LLM mo molaong wa Boditšhabatšhaba le wa Boditšhabatšhaba go tswa kwa sekolong sa Molao sa Yunibesithi ya Willamette.[5]

O itsege ka tiro ya gagwe ya patlisiso e e tseneletseng ka ga Dipolotiki tsa Palesetina, dikamano tsa Iseraele le Palesetina le kagiso gareng ga bone.[1][6]O ne gape a tsepamisitse tiro ya gagwe ya patlisiso mo tirisong ya ditsamaiso tsa semolao tsa boditšhabatšhaba ke mekgatlho ya sepolotiki le pholisi ya kwa ntle ya United States mo kgaolong ya Iseraele le Palesetina.[7]O ne gape a dira jaaka mogokaganyi le mogakolodi wa semolao wa setlhopha sa ditherisano sa Palesetina magareng ga 2010 le 2012 segolo thata fa Puso ya Palesetina e ne e batla go nna leloko la Ditšhaba tse di Kopaneng.[8] O ne gape a dira jaaka leloko la kemedi ya Palesetina mo dipuisanong tsa patlisiso magareng ga 2011 le 2012 tse di neng di tshegeditswe ke Quarter. [2]Gantsi o nna le seabe mo dipuisanong tsa kagiso tsa Track II le maiteko.

Mme Zaha ke leloko la Palestinian Policy Network, Al Shabaka mme gape o direla jaaka leloko la boto ya BuildPalestine e leng setšhaba sa lefatshe ka bophara sa batshegetsi ba ba ratang go nna le seabe mo setšhabeng sa Palesetina. O ne gape a tlhagelela jaaka motlhatlhobi wa sepolotiki le motlhalosi mo dipuisanong tse di kgethegileng tse di neng di gasiwa le go gatisiwa ke Al Jazeera, CNN, New York Times, Detroit News, Salon le The Oregonian. [9]Mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe o nna le seabe mo makwalodikgannyeng a Iseraele a Hill le Ha'aretz.[5]

E ne e le mongwe wa balweladiphetogo ba ba neng ba akantsha megopolo e mesha le go tlhama maano le mekgwa e mesha go fokotsa le go rarabolola dikgotlhang magareng ga Iseraele le Palesetina tse di neng tsa runya gape kwa tshimologong ya Motsheganong ka ngwaga wa 2021.[10]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 PeaceCast: #169: Palestinian Politics Update with Zaha Hassan". peacenow.libsyn.com. Retrieved 18 May 2021.
  2. 2.0 2.1 https://www.middleeasteye.net/users/zaha-hassan. Middle East Eye. Retrieved 18 May 2021.
  3. https://www.haaretz.com/ty-WRITER/0000017f-da28-dea8-a77f-de6a07270000. haaretz.com. Retrieved 18 May 2021.
  4. Zaha Hassan | Al Jazeera News | Today's latest from Al Jazeera". www.aljazeera.com. Retrieved 18 May 2021.
  5. 5.0 5.1 Zaha Hassan". Carnegie Endowment for International Peace. Retrieved 18 May 2021.
  6. Trump's Middle East Plan: Zaha Hassan, Visiting Fellow at Carnegie Endowment, retrieved 18 May 2021
  7. Muasher, Zaha Hassan, Daniel Levy, Hallaamal Keir, Marwan; Muasher, Zaha Hassan, Daniel Levy, Hallaamal Keir, Marwan. "Breaking the Israel-Palestine Status Quo". Carnegie Endowment for International Peace. Retrieved 18 May 2021.
  8. Zaha Hassan". Al-Shabaka. Retrieved 18 May 2021.
  9. Zaha Hassan". New America. Retrieved 18 May 2021.
  10. Tharoor, Salih Booker, Khaled Elgindy, Lara Friedman, Marwan Muasher, Zaha Hassan, Daniel Levy, Ishaan; Tharoor, Salih Booker, Khaled Elgindy, Lara Friedman, Marwan Muasher, Zaha Hassan, Daniel Levy, Ishaan. "A New U.S. Approach to Israel-Palestine". Carnegie Endowment for International Peace. Retrieved 18 May 2021.