Zion Christian Church

Go tswa ko Wikipedia
Zion City Moria beside the R71 route, Limpopo

Kereke ya Zion Christian Church (ZCC) ke nngwe ya dikereke tse ditona tse di simolodisitsweng mo Aforika e direla goralala Aforika yo Borwa ebile e le karolo ya mokgatlho wa African Zionism[1]. Dikakgolo tsa kereke e di kwa Zion City Moria mo Limpopo (old Northren Transvaal), Soth Africa.

Goya ka dipalopalo tsa palobatho ya 1996 ya Aforika Borwa, kereke e gatisitse maloko ale dimilione dile 3.87 fa erile ka 2001 maloko abo a oketsegile go ya kwa go 4.97 milione[2].

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga go ithuta kwa dikolong tse pedi tsa borongwa jwa Anglican, Engenas Lekganyane a amana le Apostolic Faith Mission mo Boksburg. O ne a ikgolaganya le lekoko la Zion Apostolic Church kwa a tlogileng a nna moruti wa phuthego mo motseng wa ga bone mo dingwageng tsa World War I[3]. Morago ga go palelana le bogogi ja ZAC, Lekganyane one a ya kwa Basutoland go golagana le Edward Lion's Apostolic Faith Mission[4].

Engenas Lekganyane o simolodisitse kereke ya ZCC morago ga tshenolelo e ka yone a rileng o e amogetse go tswa go Modimo kwa godimo ga thaba ya Thabakgone ka ngwaga wa 1910[5][6]. Morago ga go kgaogana le lion, Engenas Lekganyane one a dirisa legae la gagwe la Thabakgone gaufi le Polokwane (Pietersburg) ele dikagokgolo, ka tshimologo ya maloko ale masome a mabedi fela mo Northren Transvaal, Witwatersrand le Rhodesia[7]. Ka 1930, Lekganyane one a simolola go aga kereke ka majwe. Morago ga dikgogakgogano le kgosi ya gagwe, Engenas Lekganyane one a kobiwa le kereke ya gagwe e ise e felele. Ka maikemisetso a go nna le lefatshe, one a reka dipolase di le tharo mo Polokwane. Polase ya Maclean gaufi le Thabakgone moragonyana ya bidiwa "Moria" ntlokgolo ya ZCC. ZCC ene ya kwadisiwa ka fa molaong ka 1962 morago ga gore goromente a tsee nako go ka lemoga ngwe ya dikereke tse dikgolo mo lefatsheng ebile ele nngwe ya tse di nang le tsusumetso. Dithuto tsa kereke di ne di rotloeditswe thata ke John Alexander Dowie wa Christian Catholic Church e e kwa Zion,Illinions, United States of Ameroca le tsa ga John G. Lake wa Pentecostal yo a simolotseng tiro kwa Johannesburg ka ngwaga wa 1908.

Ka lebaka la maiteko aga Engenas Lekganyane a go ikuela mo babereking ba batswaka, ZCC ene ya nna le maloko a a tswang ko ntle ga lefatshe ka pela, mme se sa dira gore go simolodisiwe diphuthego mo mafatsheng a a mabapi jaaka Zimbabwe. Go ya phelelong ya dingwaga tsa bo 1930 babereki go tswa Botswana le bone ba simolola bokopano le ntswa ba ne ba lebaganwe ke kganetso e ntsi go tswa mo bogoging[8].

Go latela loso la ga Engenas Lekganyane ka 1948, kgaogano e tona ya kereke ya direga. Sephatlo se sentsi sa babreki ba batswakwa ba ne ba dumalana le morwa wa ga Lekganyane yo motona, Edward Lekganyane gore a tsweledise tiro ya ga rraagwe ka go etella kereke pele. Ba ba neng ba tswa kwa magaeng ba ne ba batla ngwana wa gagwe wa mosimane yo mmotlana go nna ene a etellang. Le fa gontse jalo, ditiragalo tse go santse go ganetsanwa ka tsone, Engenas Lekganyane go lebega le ene a ne a eme nokeng ngwana wa gagwe, Joseph le fa Edward ene e le ene a tlhophilweng- yo a neng a bereka ele mogakolodi ebile ele mokgweetsi wa ga rraagwe ka dingwaga tsa bo 1940. Go ya ka dingwao tse dingwe, ka nako ya khutsafalo ya loso, barotloetsi ba ga Edward kwa Witwatersrand ba ne ba rulaganya ba bo ba duela dibese go ba isa Moria. Morago ga kgorogo, setlhopha se segolo se, se se neng se ipapanne se ne ba kgona go ntsha lekoko la ga Joseph mme ba kgona go tsaa taolo ya ntlokgolo le dikago tsa kereke[9]. Dipego tsa segompieno tse di amanang le tiragalo e di supa fa Edward ane a newa boeteledipele ke malomaagwe Reuben ka kagiso ka malatsi a paseka ya 1949 mo moletlong o mogolo.Dipego tse dingwe tse di kwadilweng di supa fa kganetsano e kgolo ma gareng ga "bontsi ja baruti" ka boeteledipele jwa gagwe mo kerekeng ba ba neng ba "gamaregile" ka Edward; "ba ganne morwa Lekganyane bare ga se moeteledipele wa kereke"[10]. Ko tshimologong, makoko a mabedi a, a ne a nna mmogo mme morago Edward a gatelela gore maloko otlhe a supe mo pontsheng boikanyego ja bone, se sa baka kgaogano ya sennela ruri. ZCC ene ya tswelela ko tlase ga bogogi ja ga Edward mme Joseph a simolola St Engenas Zion Christian Church ka 1949.

ZCC ene ya fetoga ka tsela ee makatsang go latedisa dikakanyo tsa taolo ya ga morwa wa ga Edward Lekganyane ka Moranang 1949. Edward o ne a rutegile thata, ka dipopego tsa mabono mme kgabagare a iponela digrata kwa sekolong sa bomodimo sa seburu[11]. Mo tlase ga bogogi ja gagwe, setlhopha sotlhe sa borre sa Mokhukhu sa simolodisiwa mo bogareng ja balatedi ba gagwe. Setlhopha se ko tshimologong e ne ele khwaere ya kereke. Mokhukhu one o apara di khakhi tse di mmala wa sesole, di hutshe tse di tshwanang tsa sepodise le betshe ya naledi, ba bina, ba opela ebile ba rapela gararo ka letsatsi fela jaaka ele thulaganyo le jaana[12]. Phetogo e nngwe e a neng ae dira ke ya kgolo ya Zion City Moria jaaka lefelo la sedumedi. Mo polase e e neng e rekilwe ke rraagwe ka 1940 ya Boyne, Edward o ne a e dirisa go simolodisa go nna kwa leoto la sedumedi le tshwarelwang teng ngwaga le ngwaga. Ngwaga mongwe le mongwe ka malatsi a paseka, maloko a kereke a feta dimilione ba ya Moria, Polokwane (Pietersburg) go kopana le Bishopo le go rapelela matlhogonolo[13].

Sebopego[fetola | Fetola Motswedi]

Kereke e kopantse dingwao le boleng ja tumelo ya bakeresete ba seAforika[14]. Fa e bapisiwa le dikereke tsa Europe, kereke e ipatletse boikemelo mabapi le thuto ya sedumedi le mokgwa wa bothogoethaata. Go ya ka kereke ya ZCC, baithuti ba tswana le EK Lukhaimane, Hanekom, Kruger, Sundkler le Daneel ba ne ba sa tlhaloganye tsela le mokgwa wa ZCC mo go tsa sekereste. Ka lebaka la dithutho tsa tlhaolele tse ka tsone maAforika le ditumelo tsa bone di neng di kgobiwa le go kgaphelwa ntle, ba ne ba bona ZCC ele lekoko. Seemo se se ne sa okediwa ke melawana ya kereke ya sephiri e e neng e kganela bokgoni ja go phatlalatsa ditiro tsa yone. Ka mabaka a gone moo, kereke e santse e supa fa mekwalo e mentsi ka yone ese boammaaruri. Kereke e dumela mo seporofitong, maatla a go fodisa le kgothatso ya semoya tse di neng di sa dumalane le dithuto tsa ponelopele ya saense. Ntleng ya go leka go tlhaloganya boleng jwa kalafi e dilo tse di neng di e dira, ba ne ba di leba jaaka ditirelo tsa ditsiabadimo. Tiriso ya mefuta e mentsi ya go ithuta tumelo di akaretsa; go bewa matsogo, tiriso ya metsi a a boitshepo, go nwa tee e e rapeletsweng le go ikgwisa ka tumelo ya gore go phepafatsa yo o nwang mo meweng e e maswe e e nnang mo dimpeng tsa bone le gone go apara mogala o o segofaditsweng.

  • Mebala ya kerekeke botala le lephutshe. Seaparo sa kereke se farologana go ya ka bong, seemo le mediro. Borre ba apara dikhakhi fa ba bina le sutu e e tala fa ba tsenelela tirelo ya kereke. Bomme ba ba botlana ba apara botala ka tirelo ya kereke le khakhi fa ba ipaakanyetsa khwaere. Basadi ba bagolo ba apara botala le lephutse ele ya tirelo ya kereke.
  • Maloko a mantsi a ZCC ba apara betshe kgotsa kgokele e e nang le sekgethe sa letsela le le tala le betshe ya tshipi ka malatsi otlhe ele sesupo sa lekalana la kereke e e leng ya bone.
  • Ka gore kereke e ruta ka molaetsa wa kagiso, ba simolola ditumediso tsa bone ka mofaoko "kgotsong" kgotsa "kgotso a e be le lena/kgotso e be le lena" se se raya gore "kagiso a e nne le lona". ZCC e ka lorato le tlhompho ga mmogo le lorato la Modimo.
  • Basadi ga ba tsee karolo mo go ruteng ka letsatsi la Tshipi. segolo jang ba ZCC ya naledi ba letlelelwa go ruta ka nako ya tirelo ya bomme e e tshwarwang ka Laboraro.

Maloko a ZCC a dumela fa:

  • Motho a bolokiwa ka go kolobetswa mo leineng la Ntate, Morwa le Moya o o Boitshepo (Baebele ya Sekeresete, Mataio 28:19), ka go mo tsenya mo metsing gararo.
  • Maloko a ZCC ba rapela Modimo ka leina la Jeso Keresete. Lekganyane ke moeteledipele.
  • Thekolo e bonwa ka go ipolela, go sokologa le go rapela.
  • Maloko a kereke ya ZCC ba na le tumelo e ntsi mo baporofiting le seporofito.

Bona Gape[fetola | Fetola Motswedi]

Lenaneo la mebele ya baganetsi ba bagolo

Dintlha[fetola | Fetola Motswedi]

  1. ^ Anderson, A., 1999. "The Lekganyanes and Prophecy in the Zion Christian Church", Journal of Religion in Africa, xxix – 3
  2. ^ Hanekom, C., 1975. Krisis en Kultus: Geloofsopvattinge en seremonies binne 'n Swart Kerk, Academica: Kaapstad en Pretoria.
  3. Motshwaraganyi Tlhako "Dikereke tse pedi tse dikgolo mo Southern Africa", 2010 'Maltipular Senior Publishers
  1. Zion Christian Church (ZCC) | South African History Online". www.sahistory.org.za. Retrieved 20 Phalane 2023
  2. Census 2001: Primary Tables: Census '96 and 2001 compared (PDF). Pretoria: Statistics South Africa. 2004. pp. 25–28. ISBN 0-621-34320-X. Archived from the original (PDF) on 5 May 2005. Retrieved 20 Phalane 2023.
  3. Lukhaimane, The Zion Christian Church of Ignatius Engenas Lekganyane, 1910 to 1948: An African Experiment with Christianity (MA Dissertation, University of the North, 1980), 15–22.
  4. Who Was Engenas Lekganyane/" http://deanministries.page.tl/Who-Was-Engenas-Lekganyane.htm
  5. Allan Anderson, An Introduction to Pentecostalism: Global Charismatic Christianity, Cambridge University Press, UK, 2013, p. 107
  6. Lukhaimane, "Zion Christian Church," 23-4.
  7. Morton, Barry. "Engenas Lekganyane and the Early ZCC: Oral Texts and Documents"
  8. 6.Jump up ^ https://www.academia.edu/14338013/Engenas_Lekganyane_and_the_Early_ZCC_Oral_Texts_and_Documents
  9. Lukhaimane, "Zion Christian Church," 98–101.
  10. Edward Lekganyane and the ZCC: Newspaper Articles in Naledi Ya Batswana," 3–5. https://www.academia.edu/35243058/Edward_Lekganyane_and_the_ZCC_Newspaper_Articles_in_Naledi_ya_Batswana_1946-60
  11. Hanekom, C., 1975. Krisis en Kultus : Geloofsopvattinge en seremonies binne 'n Swart Kerk, Academica: Kaapstad en Pretoria
  12. M. Ramogale and S. Galane, "Faith in Action: Mokhukhu of the Zion Christian Church." http://www.folklife.si.edu/resources/festival1997/faithin.htm
  13. R. Muller, African Pilgrimage: Ritual Travel in South Africa's Christianity of Zion. London: Ashgate Press, 2013. ISBN 978-1-4094-8164-
  14. Cone, S.D.; Rea, R.F. (2019). A Global Church History: The Great Tradition through Cultures, Continents and Centuries. Bloomsbury Publishing. p. 483. ISBN 978-0-567-67307-7. Retrieved 20 Phalane 2023.