Bogolo Kenewendo

Go tswa ko Wikipedia

Bogolo Joy Kenewen[1]do (o tshotswe ka 1987) ke motswana wa moitseanape wa tsa itsholelo gape ele lepolotiki le eleng mmantswitswidi wa papadi le ditlhabologo. O itebagantse thata le tsa ditlhabololo tsa bodiredi ja Pan African e le tsa maranyane le tsa botlhami mo lefatsheng ka bophara. E ne ele Tona ya Papadi le Madirelo mo Botswana[2][3] go fitlhelela ka Mopitlo 2020. Ke moeteledipele wa Molaya Kgosi Women Leadership and Mentorship Program gape ke Modulasetile wa Molaya Kgosi Trust.


Ene yare ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi ale lesome le bosupa ngwaga wa 2022 Kenewendo a tlhomiwa go nna mogakolodi yo o kgethegileng wa Climate Champions. Kenewendo gape ke motlhami wa kompone ya Kenewendo Advisory; kompone ye e itebagagantseng le tlhabololo ya tsa itsholelo mo Botswana le Aferika ka bophara. Mme Kenewendo ke leloko la bokwaledi kwa bodits'habats'haba.

Bogolo Kenewendo



Ene yare ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi ale lesome le bosupa ngwaga wa 2022 Kenewendo a tlhomiwa go nna mogakolodi yo o kgethegileng wa Climate Champions

Bomorago le Thutego[fetola | Fetola Motswedi]

Kenewendo o tsholetswe ko motseng wa Motopi mo kgaolong ya Boteti mo Botswana ka ngwaga wa 1987. Morago ga go Bachelor of Arts in Economicsdira dithuto tse di potlana o ne a tsweledisa ko Pitzer College. o ne a tswaledisa ko Unibesithi ya Botswana mme aloga ka Bachelor of Arts in Economics

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. [1]
  2. Botswana Daily News (5 April 2018). "Botswana: New Botswana Cabinet Appointments". Botswana Daily News via AllAfrica.com. Gaborone. Retrieved 6 April 2018
  3. Daniel Mumbere (5 April 2018). "Botswana's 30 year old minister becomes internet sensation across Africa". Africanews.com. Retrieved 6 April 2018