Diteemane tse di epiwang kwa moepong wa Orapa

Go tswa ko Wikipedia
Orapa diamond mine
Location
Orapa diamond mine is located in Botswana
Orapa diamond mine
Orapa diamond mine
Botswana
LocationOrapa
CountryBotswana
Production
ProductsDiamonds (16.3 million carats in 2003)
History
Opened1971
Owner
CompanyDebswana

Moepo wa diteemane wa Orapa ke one moepo o motona lefatshe ka bophara wa diteemane. Moepo o o kwa Orapa, kwa toropong e e kwa kgaolwaneng ya Boteti ya Botswana e ka nna dikhilomethara tse di masome a mabedi, masome a mabedi le bone mo bophirima jwa toropo ya Francistown. Orapa ("boikhutso jwa ditau") bng ba yone ke kompone ya Debswana, e e kopanetsweng gareng ga kompone ya De Beers gape le puso ya Botswana. Ke one moepo o mogologolo ya mengwe e e mene e e dirisiwang ke kompone e, e e simolotseng go dira ka Phukwi ngwaga wa 1971.

Orapa ke moepo o o bulegileng gape ke one o o motona lefatshe ka bophara. Moepe o, o bonwa ka kakana ya kimberlite e e phuthaganelang fa godimo, e nale setswalo sa dikhilomethara di le 1.18 mo lefatsheng. Orapa o dira malatsi a le bosupa mo bekeng, gape a bo o ntsha selekanyo sa didikadike di le masome a mabedi ka ngwaga tsa borale, gape le koketsego ya kgakgabalo ya mantswe a a sa dirisiweng a selekanyo sa makgokgolo a masome a mane ka ngwaga. Ka ngwaga wa 2003, moepo wa Orapa o ne wa ntsha 16.3 million carats (3260 kg) tsa diteemane. Selekanyo se ka bosiwang sa boleng jwa borale kwa moepong ke 0.87 carats (174 mg) per ton. Moepo o ne wa atlolosiwa ka gwaga wa 1999, o oketsega nonofo ya one. Kwa go tlhatswiwang teng deteemane mo Orapa go lepeaniwa borale jobo ntshiwang kwa Orapa gape le kwa meepong e mengwe e e mebedi ya Debswana, wa Letlhakane gape le wa diteemane wa Damtshaa.

Orapa gape le kgaitsadie Letlhakane ba tlhapile batho ba le makgolokgolo a mararo le lekgolo, Debswana o nale gape sepatela sa malao a le lekgolo, sekolo sa banana gape le sekolo se se potana go direla bana ba babereki, gape le lefelo la diphologolo la Orapa. Moepo o nale ditlankana tsa ISO di le makgolokgolo a le lesome le bone le motso tse di dumalanang le go tlhokomela tikologo, gape di bo di baya botlhokwa jwa go somarela metsi gape le le go latlha sentle ga kgakgabalo.

Katlego ya Moepo[fetola | Fetola Motswedi]

Mookamela lekalana la tshireletsego kwa moepong wa Orapa, o jaanong o godileng go nna wa Orapa, Letlhakane le Damtshaa, Sonny Mogojwa, o tlhalosa fa kgang kgolo e se go tswalela sechaba kwa ntle ga moepo wa Orapa, mme e le go babalela mokoti. E re ka khamphane ya Debswana e na le moepo o mongwe gape kwa Jwaneng, motho o ka ba a ipotsa gore Jwaneng ene ke eng a sa rulaganngwa ka tsela e.

“Fa o ka ela tlhoko, o tlaa lemoga gore kwa Jwaneng, matlo a bonno a ntlha engwe, fa mokoti o le ntlha e sele. Ka jalo, go etela ba losika le ditsala, ga go tlhokafale teseletso ka jaana motho o sa fete fa mokoting. Mme go ya kwa mokoting tota gone kwa Jwaneng, ga go ope yo o ka fetang a sena teseletso eo. Orapa ene o pharologanyo. Gore motho a ye kwa matlong a bonno. o feta ka mokoti, mme se ke sone se re tlamileng go tsaya tshwetso ya di teseletso re lebile tshireletsego ya diteemane” a tlhalosa Mogojwa.

Kitso ka kakaretso[fetola | Fetola Motswedi]

Meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa e ntsha diteemane tse dintsi go feta meepo epe fela mo lefatsheng ka bophara. Se se jesang monate ke gore moepo wa Debswana kwa Jwaneng, one o ntsha diteemane tse di tlhwatlhwa kgolo go na le ya diteemane dipe fela mo lefatsheng. Ka bokhutshwane, lefatshe la Botswana le ipelafatsa ka gore ke lone le nang le diteemane tse dintsi ebile e le tsa tlhwatlhwa-kgolo lefatshe ka bophara. Segolo bogolo, diteemane tse di dirisiwa go tokafatsa matshelo a batho ba lefatshe leno, ga mmogo le go tlhabolola seemo sa itsholelo.

Mogojwa o gateletse gore ke lone lebaka le, le le pateletsang gore go tlhongwe kwa pele methale ya motia ya go babalela ditswa-mmung tse, e sere gongwe dirukutlhi tsa tloga tsa ntsha Orapa kwa ga mmapereko.

Diteseletso tsa go etela moepo[fetola | Fetola Motswedi]

Fa o na le wa lesika kgotsa tsala e direla kwa moepong o, o tshwanetse wa mo fa maina a gago ka botlalo le nomoro ya Omang. Ene o tlaa go kopela teseletso. Malatsi a ka nna mararo pele ga o goroga kwa Orapa. Nnyaya tlhe, maina a gago a tlaa bo a setse a lebilwe go tlhomamisa gore ga o na botlhabetsi bope mo sechabeng. Ke ka moo e tlaa reng motsing o goroga mo motsaneng o, o fitlhele teseletso e go emetse kwa magorogelong a baeng. Thulaganyo e ke e e tsepameng ya go tlhomamisa gore fa o na le maikaelelo a sele, o a retelelwa. Motswana wetsho, o seka wa bo wa leka, ga go lekege go utswa kwa Orapa. O tswa fela o iphotlhere.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]