Kgaolo ya Chobe

Go tswa ko Wikipedia

Kgaolo ya Chobe ke kgaolo ya Botswana, dikago dikgolo tsa yone di ko Kasane. Esale ka ngwaga wa 2006, e kopanetse botsamaisi le Ngamiland Kgaolo ya Bokone-Bophirima. Chobe National park e mo kgaolong ya Chobe District.

Letsatsi la bojanala le ketekwa kwa Chobe[fetola | Fetola Motswedi]

Modulasetilo wa khansele ya Chobe Rre Bobby Setlhare a re o tshwenngwa ke melelo e e peperetlang ngwaga le ngwaga mo kgaolong ya Chobe.Rre Setlhare o buile jaana fa a ne a bula semmuso letsatsi la mafatshefatshe la bojanala kwa Parakarungu ka mafelo a beke.A re melelo e e senya matlotlo a tlholego a e leng one a dirang gore go nne le letsatsi le tshwana le le, a tlatsa ka gore go a tshwenya e le ruri ka setshaba le sone se itsemeletsa go tima melelo e.Rre Setlhare a re tlhogo kgang ya monongwaga e supa gore ngwao e amana le bojanala le tlhabololo ya bone, ka jaana diketekete tsa batho ba etela mafelo a a farologanyeng mme ba ithute sengwe.O ne a tlhalosa gore baeti ba, ba kopana le dingwao kana ditso tse di farologanyeng mme di felele di tlisa kagiso.A re letsatsi le gape le lemosa gore fa batho ba ntse ba eta ba ka ithuta ngwao e e farologanyeng le ya bone gore dilo dingwe di dirwa jang kgotsa go itshwarwa jang go nna tshaba e e boitshwaro e bile e le boineelo.

Rre Setlhare a re mono Botswana bajanala kwa ntle ga go bona diphologolo makgabisa naga, ba eletsa go ithuta ka fa Batswana ba tshelang ka teng, ka jalo ba fiwe lerato le tlotla.O ne a tlhalosa gore Bojanala bo mo maemong a bobedi fa morago ga diteemane mo lefatsheng leno ka go tokafatsa itsholelo, mme e bile kgaolo ya Chobe ke yone boremelelo ja bojanala.A re e re le fa go ntse jaana, banni bone ga ba dire mo go lekaneng go tlhama dikgwebo tsa bojanala, bontsi bo kgatlhegela fela go bereka mo dihoteleng.Rre Setlhare o ne a kopa morafe go ema ka dinao go thusana le puso go tlhamela bangwe ka bone ditiro, a re ke sone se puso e tsileng ka mananeo a tshwana le a bo SMME, CEDA, le CBNRM go rotloetsa Batswana go nna le seabe.

Banni mo kgaolong ya Chobe ba lela ka dituelo tsa metsi[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba motse wa Pandamatenga mo kgaolong ya Chobe ba lela ka dituelo tse di kwa godimo tsa metsi.Banni ba ntshitse selelo se mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Gibson Nshimwe kwa motseng oo bosheng. Ba kaile fa e sale koporasi ya metsi ya Water Utilities e tsaya mo go ba khansele le Water Affairs ba duela madi a mantsi.Ba re e re le ntswa puso e re ba intshe mo lehumeng ka go nna le ditshingwana tsa merogo mo malwapeng, ga ba bone gore ba tlaa kgona ka gore ditshingwana tseo di tsile go batla metsi a mantsi.Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kaya fa mananeo a puso e a dirang go thusa Batswana, a sa ba solegele mosola ka go nne ba nna fela mo lefelong la diphologolo le bojanala mme e bile le lone leruo la bone ga ba kgone go le rekisa ka kwa ntle ga kgaolo.Ba file sekai se sengwe, sa molawana wa thekiso ya matlalo a diphologolo, ba re ga ba na go boelwa ke sepe ka ntlha ya bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya bone.Mo go tse dingwe banni ba ne ba lela ka ofisi ya motlakase gore motse wa bone o motona e bile o na le motlakase mme ga ba na kwa ba o rekang teng fa e se kwa Kasane fela, dikhilomethara di le lekgolo go tswa mo motseng wa bone.

Mongwe wa batsenelela diphuthego e Mme Sarah Tlou o ne a bua ka pelo e e botlhoko gore e re le mopalamente a bua ka molao gore jaanong dikgwebo tse dipotlana di tsile go sireletswa, beng ba marekisetso a mogolwane ga ba ba tshedise sentle.Mme Tlou o kaile fa beng ba marekisetso ba ba koba fa pele ga marekisetso a bone ba re ba ba tseela kgwebo ntswa ba sa rekise sepe se se tshwanang le sa bone.Monana wa motse Johnson Moyo, ene o ne a kopa mopalamente gore banana ba kgaolo ya Chobe le ba motse wa Panadamatenga ba saletse kwa morago le gone go ineela mo nnotaging ka ntlha ya gore ga go na kwa ba ka itlosang bodutu teng.E rile a tswa la gagwe, mopalamente a ba bolelela ka mananeo a puso a LIMID le ISPAADD a ba ithusang ka one e le balemi barui.Rre Nshimwe o ne a ba tlhalosetsa gape le ka ditlhabololo tse di tlaa diragalang mo kgaolong ya bone jaaka go katolosiwa ga lebala la difofane, go simolodiwa ga Zambezi Agro farming le kago ya borogo jwa Kazungula.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Kasane North west District

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]


Tempolete:Coord missing