Kgololesego ya ditumelo mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Molaomotheo wa lefatshe o letla kgololesego ya ditumelo, mme go na le di le kae fela tse di sa akarediwang.[1]

Dipalopalo tsa ditumelo[fetola | Fetola Motswedi]

Go ya ka palobatho ya ngwaga wa 2011 ya lefatshe la Botswana, 79% ya batho ba lefatshe leo ke maloko a diphuthego tsa sekeresete, 15% ga ba sale morago tumelo epe, 4% ba setse morago tumelo e e tlholegileng mo lefatsheng leo ya Badimo fa 2% e setse morago ditumelo tse dingwe.[1]

Seemo sa kgololesego ya ditumelo[fetola | Fetola Motswedi]

Molao[fetola | Fetola Motswedi]

Molaomotheo wa lefatshe la Botswana o letlelela kgololesego ya ditumelo. Ga go na tumelo ya lefatshe. Le ntswa go tlwaelesegile gore dikopano tsa puso di simologe ka thapelo ya sekeresete, maloko a ditumelo tse dingwe ga a kgaphelwe ntle mo go eteleleng pele dithapelo tse e seng tsa sekeresete kwa ditiragalong tseo. Molaomotheo o letlelela gape tshireletso ya ditshwanelo le kgololesego ya batho ba bangwe, o akaretsa le tshwanelo ya go keteka le go diragatsa tumelo nngwe le nngwe ntle le kgoreletso ya maloko a tumelo epe e sele.[1]


Makgotla otlhe go akarediwa le a tumelo, a tshwanetse go ikwadisa. Makgotla a a ikwadisitseng ga a na dipoelo dipe tsa semolao, mme makgotla a tlamega go ikwadisa pele ga a ka gweba, a baya monwana ditumelano, kana a bula diakhaonto tsa banka. Motho ope fela o o tshwereng maemo, kgotsa a eteletse pele kgotsa a thusa mo boeteledipeleng jwa lekgotla le le sa kwadisiwang o ka atlholelwa madi a a kana ka $79 kgotsa sekete sa dipula e dingwaga di le supa mo kgolegelong. Leloko lengwe le lengwe la lekgotla le le sa kwadisiwang le ka duedisiwa kotlhao e e akaretsang madi a a ka tshwarang dipula di le makgolo a matlhano kgotsa dingwaga di le tharo mo kgolegelong.[1]


Mo dikolong tsa puso, baithuti ba ka itlhopela go dira dithuto tsa sedumedi; di gatelela Sekeresete mme di ama ditumelo tse dingwe mo lefatsheng.[1]


Ka ngwaga wa 2007, malatsi a boitapoloso a sekeresete ke one fela a a neng a lemogiwa. A akaretsa papolo ya Morena, paseka, tlhatlogo ya Morena le matsalo a Morena. Le fa go ntse jalo, maloko a ditumelo tse dingwe a ne a letlelelwa go keteka malatsia boitapoloso a ditumelo tsa bone ntle le kgoreletso ya puso.[2]

Thibelo ya kgololesego ya ditumelo[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2023, lefatshe la Botswana le ne la fiwa letshwao la bone go tswa mo boneng mo kgololesegong ya ditumelo;[3] makgotla a tumelo otlhe a tshwanelwa ke go ikwadisa.

Ga go a nna le dipego dipe tsa batho ba ba tshwerweng ka ntlha ya tumeo ka ngwaga wa 2022.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 https://www.state.gov/reports/2022-report-on-international-religious-freedom/botswana
  2. United States Bureau of Democracy, Human Rights and Labor. Botswana: International Religious Freedom Report 2007. This article incorporates text from this source, which is in the public domain
  3. https://freedomhouse.org/country/botswana/freedom-world/2022