Madirelo a Motlakase a Orapa

Go tswa ko Wikipedia

Madirelo a motlakase a Orapa ke one a ntshang motlakase oo ko godimo mo toropong ya moepo ya Orapa mo bokone botlhano jwa lefatshe la Botswana, kgaolo ele ya legare.[1] A agilwe mo teng ga lefatshe leo goromente wa Botswana ale adimileng kompone ya moepo ya Debswaana (Debswaana Diamond Company Ltd Orapa diamond mine fenced lease area) mme a lwaolwa le go tlhokomelwa ke setlamo sa Botswana Power Cooperation seo se filweng marapo a ke goromente.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Kago ya madirelo a e tlile morago ga lefatshe la Botswana le simolola goitemogela makgoreletsi mo go ntsheng motlakase oo lekaneng ka ngwaga wa 2007, fa nne tiriso ya motlakase mo lefatsheng e simolola go fekeetsa selekanyo seo lefatshe le neng lese kgona, se jaanong se pateletsa kgaolo ya motlakase ee Botswana Power Cooperation. Madirelo a a ne a direlwa go tsibogela seemo sa motlakase ka nakwana[2] fela ke ba kompone ya meepo pele ga kago tsa madirelo a fetlhang motlakase ya Mmamabula le Morupule B. Madirelo a a beilwe gaufi le mafaratlhatlha a a gokaganyang go kgonagatsa phatlalatso ya motlakase go tswa ko pitseng lefatshe ka bophara mme a dirilwe goka dirisa gase(gas) kana mahura a diesel jaaka leokwane. Fa a simolola gone go dirisiwa mahura a diesel,mme kakanyetso ele gore go tla dirisiwa  gase morago ga kago ya pompo ya gase mo madirelong a gase aa gaufi e sena go fetswa le go bulwa semmuso.[3]

Tse di Kgethegileng[fetola | Fetola Motswedi]

Madirelo a a akaretsa di dirisiwa tsedi fetlhang motlakase dile pedi tsa modiro wa 45MW GE LM6000 Sprint simple cycle gas turbines aa dirisang  leokwane la diesel.[4] Selekanyo sa motlakase se se ntshitsweng se isiwa ko pitseng ee gasagasang motlakase le lefatshe lotlhe ka kgonagala ya kgokaganyo le Orapa Substation go dirisiwa megala e e mekhutshwane e mebedi ya (132kV overhead powerlines).

Bona Gape[fetola | Fetola Motswedi]

Madirelo a motlakase mo Botswana

Madirelo a a fetlhang gase

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Mmegi Online :: Orapa power plant to be finally launched". Mmegi Online. Retrieved 29 September 2018
  2. Developers of Orapa's 90MW push for 60 % cost reduction
  3. https://www.mmegi.bw/business/developers-of-orapas-90mw-push-for-60-cost-reduction/news
  4. BPC gets Orapa 90MW Power Station | Sunday Standard". www.sundaystandard.info. Retrieved 29 September 2018