Merogo

Go tswa ko Wikipedia
Marekisetso a a rekisang merogo kwa United States.

Lefoko merogo le raya sengwe se se jegang e ka nna bontlha bongwe jwa setlhare kgotsa matlhare, mme go sa akarediwe dipeo gape le maungo. Se se raya matlhare, ditlhito, kgotsa medi ya ditlhare mme gape go akarediwe le dimela tse dingwe (jaaka squash).

Lefoko merogo/morogo ga le na leina la nnete le le tsepameng mo dithutong tsa biology; ka go rialo lefoko le le raya dilo tse di mmal culinary and cultural tradition. Sekai ke gore batho ba tsaya gore mabowa le one ke merogo le fa e ntse e se ditlhatsana,[1][2],fa bangwe bone ba a kgaoganya le dijo ka kakaretso.[3]

Merogo e mengwe e kgona go jewa e sa apewa fa e mengwe yone e jewa e apeilwe, gape le e mengwe ke tshwanelo ya gore e jewe e apeilwe. Merogo gantsi e jewa e apewa e le seshabo kgotsa mo dijong tse di letswai. Le fa go ntse jalo, merogo mengwe e dirisiwa mo dijong tse di nang le sukirinyana, jaaka rhubarb pie le carrot cake.

Tlhaloso ya lefoko "merogo" jaaka "setlhare se se golang se jewa" e ne e ise e simololwe go fitlha ka 18th century.[4]

Lefelo la thekisetso merogo
Tshimo ya magapu ka Heligan Cornwall England

Mafoko[fetola | Fetola Motswedi]

Go nale mafoko a le mane a a rayang merogo le maungo:

  • Maungo(dimela): peo ya leungo (nako dingwe e akaretsa tse di farologanyeng popego),
  • Leungo(a a kgethiwang): bontlha bongwe jo bo jewang jo bo nang le sukiri,
  • Merogo: bontlha bongwe jo bo jewang jo bo letswainyana.

Nngwe ya dimela di tshwana mmidi kgotsa dinawa, di ka tsewa fela jaaka merogo.

Nngwe ya dipotso tsa gore a mme tamati ke morogo e santse e kile ya sekwa kwa kgotla tshekelong ya United States ka ngwaga wa 1893. Mme kgotla e tlhalositse ka molao motheo wa Nix v. Hedden gore tamati ke morogo ka gore e wela mo dituelong tsa ngwaga wa 1883 tsa dithoto tse di tswang kwa mafatsheng a sele. Kgotla kgolo e bile ya papamatsa gore tamati ke leungo gape fa go buiwa ka dithuto tsa dimela.[5]

Gantsi molefatsheng la Botswana merogo e jewa ka tamati, ditapole, anyansi le di carrots. Se di dira gore morogo o tiye dikotla tse di tlhokegang mo mmeleng wa motho gape maungo aa natetsha morogo thata. Merogo e tlhokana le thokomelo ee namatsang fa motho a e jadile, gonne merogo ke ngwe ya dimela tse di tshabelelwang ke go bola ka bonako, fa godimo ga moo e thokana le thokomelo e ntsi kgathanong le ditshidinyana tse di jang merogo gore di seka tsa senya morogo.

Gantsi thata gore morogo o gole sentle o tlhokana le go nosediwa, motshetelo, molemo wa pesticides. Se golo bogolo jang ka gore mo mafatsheng a tshwana le a Botswana jaana batho ka bontsi ba itshetsa ka yone temo thuo. Kajolo dimela le maungo a thokanale thokomelo e tshwanang le ya teemane.

Temo ya merogo le maungo e ka tshetsa batho[fetola | Fetola Motswedi]

Mothusa tona wa temothuo, Rre Oreeditse Molebatsi o rotloeditse balemi ba merogo le maungo go dira ka natla go jesa lefatshe leno.E rile mothusa tona a bua kwa phuthegong ya balemi ba merogo ba kgaolo ya legare kwa Mahalapye ka Mosupologo, a ba bolelela fa a tshwentswe ke go sa direng sentle ga bone.Rre Molebatsi a re lephata la gagwe le na le lenaneo la temo ya merogo la ISPAAD, le mo go lone puso e thusang balemi go simolola le go tsweledisa temo ya nosetso. A re temo ya merogo ke kgwebo e molemi a ka dirang madi go itshetsa le go jesa lefatshe, a tlatsa ka gore balemi ba itse fa temo ya merogo e raya molemi a dira ka diatla go ntsha maduo a a kwa godimo.Rre Molebatsi a re o tshwenyegile thata ka gore go na le balemi ba le bantsi mo kgaolong ya legare mme sebe sa phiri ke gore bontsi jwa bone ga ba dire sentle, a ipotsa gore matsapa di a tsaya kae.O ne a rotloetsa balemi ba nosetso go tsaya temo ya bone ka tlhoafalo ka jaana go na le mmaraka wa merogo mo Botswana le mo mafatsheng a sele. Mothusa tona o ne a rotloetsa balemi ba ba direlang mo dikgaolong tse di se nang metsi gore ba kgone go tswelela mo kgwebong ya bone.A re go na le balemi ba ba sa direng sentle mo dikgaolong tse dingwe lebaka le letona e le metsi, mme seo se ba kgoreletse go gola le go kgona ditoro tsa bone.Rre Molebatsi a re o lemogile fa go na le mathata mo baleming ka jaana thobo ya bone e le kwa tlase ntswa go na le badirelapuso ba ba firetsweng go ba thusa go tokafatsa thobo.O ne a kgothatsa balemi go dirisana thata le badiri bao mo dikgaolong tsa bone gore maduo a nametse le gone gore molemi a obe letsogo.A re thobo ya merogo mo lefatsheng leno fa e kopantswe ga e goroge kwa seelong se se batlwang go jesa Batswana, mme seo se pateletse puso go reka merogo kwa ntle.

Rre Molebatsi a re ke ka moo a emeng ka dinao gore balemi ba dire ka natla go ntsha thobo e e lekaneng go rekisiwa mo mmarakeng wa Botswana.A re o kgatlhanong le balemi ba e reng go nna thata mo kgwebong ya bone ba bo ba sia ba tlogela, a tlatsa ka gore seo ga se na go isa lefatshe la Botswana gope. Mothusa tona a re kgwebo e raya gore molemi o tsile go dira ka gotlhe go sa kgathalesege gore o a latlhegelwa kgotsa o dira dipoelo ka a tlhaloganya gore tse di kgona go diragala mo kgwebong.O ne a rotloetsa balemi ba merogo go simolodisa mokgatlho o o ba tshwaraganyang gore ba bue ka lentswe le le lengwefela.Rre Molebatsi a re go nna mokgatlho go a busetsa ka puso e ka reetsa dilelo tsa bone fa ba bua ka lentswe le lengwe fela.O ne a kopa balemi gore ba tswe ka megopolo e e ka thusang puso go tsaya ditshwetso tse di maleba le gone go fetola ditsetlana tsa go tlhabolola temo ya nosetso. E rile balemi ba tswa la bone ba supa fa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la metsi le motlakase o o turang mo go ngomolang pelo fa ba re ba o tsenya kwa masimong.Nngwe ya dikgang tse ba neng ba di ntsha e bile ba kopa puso go e sekegela tsebe ke go fokodiwa ga ditlhwatlhwa tsa go hira batswakwa ka ba le turu mme e bile gape Batswana e se batho ba ba ratang go bereka kwa masimo.Ba re e sale diteseletso tsa nakwana di emisiwa jaanong ba sokola ka batho ba ba dirang kwa masimong mme ba kopa puso go di busetsa.Fa a latlhela la motlapitsong, Rre Koonyatse Tamasiga o ne a re go na le batho ba ba saleng ba fiwa masimo mo kgaolong ya Dikabeya gore ba simolole go lema mme nako kgolo ke eno, ka jalo a kopa puso go a neela balemi ba ba tlhoafaletseng temo.A re masimo ga a ka ke a fiwa batho fela ba bo ba sa a dirise.

Dikai tsa dimela tse di dirisiwang jaaka merogo.[fetola | Fetola Motswedi]

Palo ya dilo tse di bitswang "merogo" e telele ebile ga e akaretse bontlha bongwe jwa dimela:

  • Lehupela la sethunya
  • Dipeo
Mmidi , dinawa,
  • Matlhare
  • Mahupela
  • Dithitwa
  • Dithitwa tsa matlhare
  • Modi
  • Dinawa

Dikota[fetola | Fetola Motswedi]

Dingwe tsa dikota tse e leng gore morogo o nale tsone ke tse di latelateng tse di kwadilweng ka puo ya seeng:

vitamins A and E, protein, fiber, zinc, thiamin, calcium le iron le tse dingwe fela jalo. [1]

Merogo (le maungo manngwe) a a rekisiwang mo mebileng ya Guntur, India
Dipeo tsa dinawa.

Tlhokomelo[fetola | Fetola Motswedi]

Merogo

Thobo e e faphegileng e tsweledisa botsheolo jwa merogo .

Merogo e nang le mathare e tshwanetse ya dirisiwa mo nakong e e khutswane , kgotsa ya bewa mo pampiring e phutlhetswe.

Maemo[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Expand section Go nale maemo a ISO a a buang ka merogo le maungo.[6]

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Boleng jwa dijo
  • Tshireletso ya dijo
  • Leungo
  • Palo ya merogo
  • Merogo e e nnang e le teng ngwaga otlhe
  • Baji ba merogo
  • Veganism
  • Malwetse a merogo
  • Diphologolo tse di jang merogo
  • Thekiso ya merogo

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Mushrooms" classified under "Other vegetables". In What foods are in the vegetable group? United States Department of Agriculture. Last modified on 2011-05-31 02:35 PM. Retrieved 2011-06-02.
  2. "Mushrooms" classified under "VEGETABLES". In Suggestions - Vegetables at Cooks.com. Accessed on 2009-06-24].
  3. Alternative Crops and Plants: Vegetables and Mushrooms. United States Department of Agriculture. Last modified on 2009-06-08. Retrieved 2009-06-24.
  4. Ayto, John (1993). Dictionary of Word Origins. New York: Arcade Publishing. ISBN 1-55970-214-1. OCLC 33022699.
  5. Full text of this opinion in Nix v. Hedden courtesy of Findlaw.com.
  6. "67.080: Fruits. Vegetables". International Organization for Standardization. Archived from the original on 2012-09-22. Retrieved 2009-04-23.

Palo pele[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

</noinclude>