Moeedi wa Noka ya Boteti

Go tswa ko Wikipedia

The Boteti River.

Noka ya Boteti e e etsegeng gape ka Botlele [1][1] ke motswedi wa metsi wa tlholego mo Botswana. Noka ena e tsaya metsi a yone mo metsweding e e elang go tswa Letamong la Okavango[[ a feta ka [[noka ya Thamalakane[[ mo[[ Maung.] E ne e ela ngwaga otlhe o pele ga le gare la dingwaga tsa 1990s,[1] mme go ela gone ga fokotsega le dipaka. Ka paka tsa dipula noka ya Boteti e kgwela metsi a yone mo Makgadikgadi Pan,[1] e tsisa botshelo mo lefelong leo le temo ga mmogo le dipoele mo temong. Ka nako tsa komelelo noka ya Boteti e botlhokwa fela thata ka e nna lefelo la Bokopano jwa diphologolo tsa naga, ka gore matamo a mantsi a bo a sena metsi a mantsi.[2]


Noka ya Boteti e tshela metsi a yone mo nokeng ya Thamalakane ko Toteng, e bo e ela ntlheng tsa Bokone a feta ka Tlkaseoulo, e feta gape ka Ghautsa Fall, e bo a elela ntlheng ya botlhabatsatsi go feta motse wa Makalamabedi,[3] Muekekle le Matima, go tswa foo kwa Kwaraga e bo e leba Borwa e feta motse wa Phukumakaku, Sukwane, Rakops (Jacops) le Xhumo (Khomo).[4]

E bo e elela e feta Tamo ya Xau (kana ka ngwaga wa pula e tsene ebo e fete ka letamo la Xau) e bo e leba botlhabatsatsi e feta ka motse wa Mopipi (Madista) e bo e tsena ka Ntwetwe Pan.[5]


Noka ya Boteti e thapologa go tswa Nhamiland go ya kgaolo kgolo ya Boteti[[ ko e dirisiwang go tlatsa tamo ya Mopipi, e e leng botlhokwa thata mo meepong ya diteemane tsa lefelo leo, e leng [[moepo wa diteemane wa Orapa] Go fetolwa ga noka e go tlogetse batho ba ba nnang gaofi nayo ba sena metsi a a lekanyeng a a phepa, gape ba sala jaanong ba sa kitla ba tshwara ditlhapi, kana go dirisa noka jaaka ene e le tlwaelo.


Bogologo Boteti ene a itsege e le lefelo le legolo le le lemang mmedi, le na le di hekere dile makgolo a masome mabedi ka fa tlase ga temo go fitlhela ngwaga wa 1980. However, the number and extent of wet years has declined, and the river was channelized below Rakops to increase flow to the Mopipi Dam.[6]

Dipadi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 Helgren, David M. ( 1984) "Historical Geomorphology and Geoarchaeology in the Southwestern Makgadikgadi Basin, Botswana" Annals of the Association of American Geographers 74(2): pp. 298–307, page 298
  2. Murphy, Alan; Armstrong, Kate; Firestone, Matthew D.; and Fitzpatrick, Mary (2007) Southern Africa: Join the Safari (4th edition) Lonely Planet, Footscray, Victoria, Australia, page 100, ISBN 978-1-74059-745-6
  3. Windhoek Sheet 33, Edition 4, TPC, 1969, Series 2201, U.S. Army Map Service
  4. Windhoek Sheet 33, Edition 4, TPC, 1969, Series 2201, U.S. Army Map Service
  5. Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named Johannesburg-Sheet
  6. Scudder, T. (1993) The IUCN review of the Southern Okavango Integrated Water Development Project International Union for Conservation of Nature and Natural Resources (IUCN), Gland, Switzerland, page 90, ISBN 2-8317-0114-7

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Nxai Pan
  • Nata River
  • Sua Pan
  • Nwetwe Pan


Tempolete:Coord missing

[[Category:Noka ya Botswana ]]