Mogogi Gabonamong

Go tswa ko Wikipedia

Mogogi Gabonamong yo o tshotsweng ka kgwedi ya Lwetsi e tlhola malatsi ale lesome, ngwaga wa 1982 ke rre wa motswana. Ke  motshameki wa pele wa kgwele ya dinao, yo o tshamekileng legare la itshereletso kana jaaka mosireletsi mo ditlhopheng di le  mmalwa, goakaretsa Bloemfontein Celtic e e mo legatong le le ko godimo la kgwele ya dinao mo Aforika Borwa eleng South African Premier League le mo Botswana. Ka ngwaga wa 2011, Mogogi ene ele ene motshameki yo o amogelang go gaisa mo Botswana ;$354,000(USD).[1]

Ditlhopha Tse A Di Tshameketseng[fetola | Fetola Motswedi]

Gabonamong o tshameketse ditlhopha  di akaretsa  Supersport United, Engen Santos, Township Rollers, FC Satmos, Caledonia AIA le Mogoditshane Fighters. Mo dingwageng tsa gagwe tsa bonana, Mogogi one a  ya ditekong kwa setlhopheng se setona kwa Europe ebong Manchester United.

Tiro Kwa Mafatsheng[fetola | Fetola Motswedi]

Fa e sale go tswa ka motshameko wa gagwe wa ntlha mo setlhopheng sa sechaba(Botswana) ale dingwaga di le lesome le borataro, ngwaga wa 1999, Mogogi  gaaise e tlhoke go nna karolo ya setlhopha se se emetseng lefatshe.

International Goals[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "The Mag: Best-paid players from 200 countries". ESPN.com. Retrieved 26 March 2018

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Mogogi Gabonamong at National-Football- teams.com