Mosetse

Go tswa ko Wikipedia
Mosetse is located in Botswana
Mosetse
Location of Mosetse

Mosetse ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o iphaphathile fa thoko ga tsela e e tswang Francistown e fetela Nata. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa batho di ne di le lekgolokgolo,makgolo a borataro,masome a borataro le motso. Mosetse o ikaegile fa lotshitshing la noka ya Mosetse,e e kgwelang kwa Sua Pan,e eleng bontlha bongwe jwa Makgadigadi Pan.[1]-

Kgosi ya ntlha e ne e le Rre mongwe a bidiwa Nfila, yo tlileng mo motsaneng e le molemisi. mme kgosi ya gompieno ke Kebailele Polokakgolo. palo ya batho e solofelwa go bo e oketsegile ka ntateng ya ponagalo gape le go bulwa ga moepo wa Kopore mo motsaneng. ka seo, motse yo o ntseng o sa tlhabololwa, o tla simolola go tlelwa ke ditlhabololo jaaka sekolo sa bobedi se se potana le kokelwana.

Banni ba Mosetse motsana o o nale batho ba letso la Sekalaka gape le Basarwa. Mmusi ike mongwe wa banni ba mosetse yo o tsenang kwa Mmadikolo wa Botswana.Batho ka bontsi ba ikaegile ka temo thuo go itshetsa ka dijoba bangwe ba akaretsa ba lelwapa la bo Kehitile ba ba tlileng ba tswa kwa motseng wa Tutume ba eteletswe pele ke Kehitile Madubeko. Lesley Tibabo kehitile ke mongwe wa baalogani ba kwa motsaneng wa Mosetse.

Khansele potlana e rutuntsha komiti[fetola | Fetola Motswedi]

Khansele potlana ya Tutume e ne e tshwere thuto-puisano ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse kwa Marapong bosheng. Thuto-puisano e e ne e tsaya malatsi a le mabedi, maikaelelo e le go tlhatlhelela maloko a dikomoti tsa ditlhabololo tsa metse, a a tlhophilweng bosheng ka kitso yotlhe e e tlhokegang go bereka ka ditlhabololo tsa metse ya bone. Metsana e e neng e tseneletse thuto-puisano e ke Lepashe, Kutlamogoreng, Marobela, Semitwe, Matsitama le Mosetse. Motse mongwe le mongwe o ne o na le maloko a komiti ya ditlhabololo a le matlhano mme ba tladitswe ke kgosi ya motse le mokhanselara wa bone.Barutuntshi e ne e le bo mmaboipelego, bagolwane ba tsa ditlhabololo tsa metse, bakwaledi bagolo ba khansele ya Tutume gammogo le badupi ba dibuka tsa madi. Fa bokopano jo bo dirwa mo Marapong jaana, bo ne bo sa tswa go tshwarwa ga kwa dikgaolong tsa boGweta le Maitengwe mo dibekeng tse di fetileng.

Maikaelelo le maikemisetso a bokopano jo ya bo e le go rutuntsha maloko a masha a, le go ba fa dithuto tse di tlaa ba thusang go tsamaisa ditlhabololo le go tokafatsa matshelo mo metseng ya bone. E rile a buisa bontsi jo bo tsileng, mothusa mokwaledi mogolo wa khansele ya Tutume Mme Kene Mololwane a tlhalosa fa thuto-puisano e e tshwaretswe go tlhabolola matshelo mo metseng ka go rutuntsha bagolwane ba motse ka ditsela tse di maleba tsa go tlhabolola metse ya bone. Mme Mololwane o tlhalositse gore mmuso wa Botswana o ikaeletse thata e bile o ikemiseditse go tlhatlhelela ba e leng baeteledipele gore ditlhabololo tsa metse di nne bofefo. Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, ke tsone tse di ka tlhabololang metse. Maloko ao ka e le beng ba metse ba itse botoka metse ya bone le tseo ba di tlhokang, ga bua Mme Mololwane yo a tsweletseng ka go tlhalosa fa maloko ao a tlhokana le go rutwa go etelela le go fefosa ditlhabololo. Mme Mololwane o buile fa maloko a dikomiti tseo a tsile go rutwa ka go tsamaisa dikomiti, go ba ruta ka ditsela tsa go tlhokomela madi, go a dirisa sentle le gone go a godisa. O tlhalositse fa maikaelelo e le go lemotsha badulasetilo, bakwaledi le batshwaramadi ba dikomiti tseo tsamaiso yotlhe e e ba lebaneng.

Mongwe wa dibui tsa tlotla Rre Imi Phili, yo e leng modulasetilo wa lephata la ditlhabololo tsa metse le tsa boipelego (Community Development and Social Services), gape e le mokhanselara wa Tutume, o buile fa bontsi jwa dikomiti tsa ditlhabololo di tlhaelelwa ke kitso e e maleba. Dikomiti tse dingwe di retelelwa ke go tlhabolola metse ka gobo maloko a se na boitseanape jwa go tlhabolola, go tshwara madi le gone go dirisana sentle le banni ka maikaelelo a mangwe a go tokafatsa matshelo a setho, ga bua Rre Phili.Rre Phili o kopile jalo maloko a dikomiti tseo go nna ba tsaya dithuto tsa go nna jalo ka tlhoafalo ka e le maiteko a mmuso go tokafatsa bodiredi, le go tsisa maduo mo setshabeng.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Mosetse Tutume Francistown


O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Nwetwe Pan


Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. C. Michael Hogan (2008) , The Megalithic Portal, ed. A. Burnham [1]

Coordinates: 20°38′22″S 26°38′23″E / 20.63944°S 26.63972°E / -20.63944; 26.63972