Motshameko wa bolotloa mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Motshameko wa bolotloa mo Botswana o tshamekiwa thata ke basadi. Basetsana ba simolola go kopana le motshameko o kwa dikolong tse di potlana, e le bontlha bongwe jwa dithuto tsa bone.[1]

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Mokgatlho wa Netball Association mo Botswana ke one o o okametseng tsa bolotloa mo Botswana. O simolodisitswe ka dingwaga tsa 1970. Ke leloko la IFNA le COSANA (Confederation of Southern African Associations).[1]

Ka dingwaga tsa 1970, bolotloa e ne ya simolodisiwa ele motshameko wa baithuti mo dikolong tsa mafatshefatshe tse di ikemetseng ka nosi.[2]

Go tlwaelesegile gore borre ba bereka ele baeteledipele, bakatisi le bagodi ba motshameko o. Ba na le ditlhopha tsa bone. Se se ne sa simolola go fetoga ka dingwaga tsa 2000, fa go emisiwa ditlhopha tse eleng tsa borre fela mme go simololwa tse di nang le batho ba bong jo bo farologaneng (banna le basadi)[1]

Kgaisano tsa sechaba[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Botswana le na le baeteledipele ba le masome a mararo le bakatisi ba ba katisitsweng mono mme ba neetswe ditlankana kwa Aferika Borwa ba le masome a mabedi le bobedi.[1]

Kgolagano ya bolotloa ya lebentlele la Spar - Good for you ke yone kgaisano e e botlhokwa ya sechaba mo Botswana. Tshwanelo ya go raya kgolagano leina e neetswe lebentlele la Spar ka ngwaga wa 2010. Kgolagano e kgaogantswe ka makalana a le mabedi, la Borwa le la Bokone. Metshameko ya paka ya ngwaga wa 2010 e simologile ka Motsheganong a le malatsi a a masome a mabedi le bobedi. Kgolagano ya bafenyi e ne ya tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanatsele ele masome a mabedi le bosupa ka ngwaga wa 2010 kwa mabaleng a BONA mo Gaborone.[3]

Kgaisano ya mafatshefatshe[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Botswana le tsere karolo mo dikgaisanong tsa ngwaga le ngwaga tsa COSANA ka 2008.[4]

Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 2016, setlhopha sa bomme sa sechaba se ne sa bewa mo maemong a masome a mabedi mo lefatsheng ka kakaretso.[5]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 BNSC 2011
  2. International Schools Services.1981,p.36
  3. BNSC 2010
  4. Nyasa Times Reporter 2008
  5. International Netball Federation. "Current World Rankings". Last updated 20 August 2016.