Moutlakgola P.K. Nwako

Go tswa ko Wikipedia

Moutlakgola Palgrave Kediretswe Nwako (6 Phatwe 1922-1 Phatwe 2002)[1][2]e ne e le modiri wa tsa polotiki le moedimedi wa lefatshe la Botswana. Nwako o dirile e le ene Tona wa Lephata la Merero ya Mafatshe a Sele ka ngwaga wa 1966-1969[3]. O ne a nna Mmueledi wa Khuduthamaga ya Palamente ya Botswana go tloga ka ngwaga wa 1989 go ya ko go wa 1999[4].

Moutlakgola ke mongwe wa ba ba simolodisitseng moalo wa polotiki e e dirileng Botswana yo wa gompieno ka sebaka se a berekileng e le modirela puso, Nwako o dirile mo maemong a farologanyeng a khuduthamaga ya ga Tautona pele ha a latlhela mo tirong ya gagwe ya Mmueledi wa Khuduthamaga ya Palamente ka ngwaga wa 1999. E ne e le mongwe wa ba simolodi ba mokgatlho wa Botswana Democratic Party (BDP)

Nwako o tsere nako e ntse ya bonana jwa gagwe a thusa go tlhokomela leruo la kwa ga bone. O ne a isiwa go simolola dithuto tse di potlana a le dingwaga tse lesome le bone ko Khama Memorial School. Morago ga moo, ka ngwaga wa 1943, o ne a ya ko Tiger Kloof Institute(Old Moeding) gaufi le Vryburg, ko a ileng a fetsa dithuto tsa gagwe tse di kgolwane. Nwako le baithuti ka ene ko Tiger Kloof jaaka ba ba re tlogetseng; Motsamai Mpho, Edison Masisi, Washington Meswele le Quett Masire. O ne a dira botsalano ja go phadisana le Rre Masire jaaka ba ne ba phadisanela maemo a kwa godimo a thuto. Nwako o ne a rata dipalo thata, talente e e ileng ya dira gore a fiwe leina la matshamekwana le go tweng "Pythagoras".[2]Morago ga go wetsa dithuto tsa gagwe, o ne e berekela mo mabolokelong a morafe ko Molepolole le Serowe, pele a nna motshwara madi ko Moeng College.

Mo dingwageng tsotlhe wa 1950, Nwako o ne a le mo setlhopheng sa barutegi ba banana ba Gammangwato ba ba tsweletseng mme ba dira gore go nne le phetogo ya tsa polotiki le go bowa ga ga Seretse Khama go tswa botshabing jwa kwa moseja.

Jaaka Nwako, bontsi jwa setlhopha; Monametsi Chiepe, Lenyeletse Seretse le Gaolese le Kenneth Koma ba ne ba le mo mophatong wa Malekantwa.

Ka ngwaga wa 1952-53, mophato wa Malekantwa ga mmogo le bagolo ba tshwana le Kgalemang Motsete le Leetile Raditladi, ba ne ba tla ga mmogo ba bopa mokgatlho wa sepolotiki o o neng o bidiwa Gammangwato National Congress.

Mokgatlho wa Congress o ne wa nna wa boraro o o maatla mo go tsa polotiki tsa Gammangwato o phadisana le di kampa tsa bagologolo pele ba ba neng ba eteletswe pele ke Tshekedi Khama le Keaboka Kgamane(pro-Seretse).

Ka nako eo, Nwako o ne a simolola go kwala dipampiri tsa dikgang, thata thata, Naledi ya Batswana le African Echo a dirisa leina la dinyao "Monna wa Lekgotla". Mo mekwalong yotlhe ya gagwe ya setshaba le e e sephiri, Nwako o ne a tswelela a tswaragane le ba lwela kgololesego ka ene ba ba nemg ba le mo dintheng tse dingwe tsa protectorate.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. https://www.rulers.org/indexn2.html
  2. 2.0 2.1 Ramsay, Jeff (1 January 2002). "Moutlakgola Ngwako: a public servant of distinction". Botswana Notes and Records. 34: 140–143. JASTOR 40980330.
  3. "Foreign Ministers A-D". rulers.org. Retrieved 4 November 2010.
  4. Former Speakers of Parliament, Official website of the Parliament of Botswana