Alexandra Park, Harare

Go tswa ko Wikipedia

Alexandra Park ke lefelo le le humileng le le nang le matlhare a mantsi le le kwa bokone jwa Harare, kwa Zimbabwe. Lefelo le le ne la agelwa Batho basweu ba ba neng e le masole le ba malapa a bone mo dingwageng tsa morago ga ntwa morago ga Ntwa ya Mefatshe ya Bobedi.

Ditheo tse di tumileng tse di leng mo Alexandra Park di akaretsa National Botanic Garden ( moZimbabwe) le National Herbarium; ditirelo tsa National Parks and Wildlife tsa Zimbabwe; mokgatlo wa Zimbabwe Rugby; sekolo se segolo sa St George's ( se eleng sekolo sa poraefete sa basimane); sekolo se se potlana sa Alexandra Park; Hartmann House (se eleng sekolo sa poraefete sa basimane); le Embassy of Bulgaria.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Motsana wa Alexandra Park o ne wa tlhamiwa go rarabolola bothata jwa go tlhaela ga matlo a Batho basweu ka bonako morago ga Ntwa ya Bobedi ya Mafatshe; Puso ya Borwa jwa Rhodesia ka nako eo e ne ya solofetsa Batho basweu ba ba neng ba le mo sesoleng gore ba tla fiwa lefatshe la sephatlo sa ekere fa ntwa e sena go fela, mme Alexandra Park e ne e le nngwe ya metse ya magae e naga eno e neng ya abelwa mo go yone. Bontsi jwa maina a mebila e ene ya bontsha mafelo a a botlhokwa kgotsa batho ba ba neng ba nna le seabe mo Ntweng ya Mafatshe ya Bobedi, jaaka Churchill Avenue, Dunkirk Drive, kgotsa tsela ya Normandy.

Alexandra Park e akaretsa ditsela le mebila e e latelang: Churchill Avenue, tsela ya Borrowdale; mobila wa Sam Nujoma(e e neng e le Second Street); tsela ya Sandringham; tsela ya Kirkwood; Maasdorp Avenue; tsela ya Earls; tsela ya Arundel; tsela ya Fleetwood; tsela ya Normandy, Dunkirk Drive; tsela ya Carlisle ; le tsela ya Clairwood.

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]