Jump to content

Alinah Kelo Segobye

Go tswa ko Wikipedia

Alinah Kelo Segobye ke morotloetsi le motlhatlhela dipuisano, motlhatlhobi wa masaladi o o itebagantseng le go rotloetsa le go tlhatlhela dipuisano ka mogare wa HIV/AIDS mo isagong o nale keletso ya go ithutela go tlhatlhoba dilo tsa segologolo le go tlhatlhoba masaladi mo kontinenteng ya Aferika.[1] Ke moeteledipele wa maranyane a batho kwa mmadikolo wa Namibia University of Science and Technology gape o ile a tlhopiwa ele mongwe wa leloko la African Academy of Sciences.

Mme Segobye o feditse dithuto tsa tse di kgolo kwa mmadikolo wa Botswana o ne a aloga gape kwa mmadikolo wa University of Cambridge kwa ile a neelwa setlankana sa PHD mo tlhatlhobong ya masaledi ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a robabongwe le bone.[2]

Mme Segobye o berekile ele mothusa moeteledipele wa maranyane a batho le dipatlisiso mo khanseleng kwa Aferika Borwa. O ne a tswelela ka go ya go direla kwa mmadikolo wa Botswana pele a tsaya maemo a gagwe a mo bo gompeinong a go nna mookamedi wa maranyane a batho kwa mmadikolo wa University of Science and Technology.[3] O ne a nna tautona wa lekalana la PanAfrican Archaeological Association go tloga ka ngwaga wa dikete pedi le botlhano go fitlheleleng ka ngwaga wa dikete pedi le lesome.[4]

Segobye ke motho o o tlhophilweng wa African Academy of Sciences (ka ngwaga wa dikete pedi lesome le borobabobedi)[5] gape e le moporofesa wa tlotla wa Thabo Mbeki African Leadership Institute (TMALI), kwa University of South Africa.[6] O bereka mo lekgotleng la African Comprehensive HIV/AIDS partnerships (ACHAP).[7]

O ne a lalediwa go buisa phuthego ya bobedi ya UNESCO Future Forum Africa ka ngwaga wa dikete pedi lesome le boraro.[1] E ne e le moithuti o o etileng kwa Bradford Rotary Peace Centre (ngwaga wa dikete pedi lesome le borataro)[5]

  1. 1 2 "UNESCO Future Forum Africa #2: Decolonizing African Futures: Exploring and Realigning Alternative Systems" (PDF). UNESCO. 6 December 2013.
  2. Townsend, Leonie. "Prof Alinah Kelo Segobye". Welcome to Foresight For Development. Retrieved 27 February 2020.
  3. "Alinah Segobye | Faculty of Human Sciences". fhs.nust.na. Retrieved 27 February 2020.
  4. Congresses and Presidents – PanAfrican Archaeological Association". www.panafprehistory.org. Retrieved 22 October 2021.
  5. 1 2 "Segobye Alinah Kelo | The AAS". www.aasciences.africa. Archived from the original on 27 February 2020. Retrieved 29 July 2026
  6. "Alinah Kelo Segobye". The Conversation. 25 May 2015. Retrieved 29 July 2026
  7. "Welcome to ACHAP". www.achap.org. Archived from the original on 10 February 2020. Retrieved 29 July 2029