Amarula

Go tswa ko Wikipedia

Amarula ke bojalwa jwa lobebe go tswa Aforika Borwa. Bo dirilwe ka sukiri, le maungo a setlhare sa seAforika sa morula (Sclerocarya birrea) se se talwaelesegileng ka go bitswa setlhare sa tlou kana sa lenyalo. Se na le selekanyo sa bojalwa sa 17%. E nnile le phitlelelo mo dikgaisanyong tsa mafatshe-fatsthe tsa go fa majalwa a a bidisitsweng dikgele, ko bo gapileng seetsele sa gouta ka 2009 San Fransisco World Spirits Competition.[1] Bo na le tatso ya leungo le lekere ya karamela.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Amarula e tsentswe mo mmarakeng wa Majalwa lantlha ke Southern Liqueur of South Africa (beng ba gompieno ba lotshwao ebile e le beng ka botlalo ba karolo ya Distell Group Limited) jaaka bojalwa jo bo bedisitsweng ka sukiri ka Lwetse mo ngwageng wa 1989, mme bojalwa jwa Amarula jo bo bidisitsweng ka yeast jone bo simolodisitswe ka 1983.

Bojalwa jo bo nowa thata mo Aforika e bile bo fitlhelwa mo mafatseng a a mmalwa

Mefuta ya majalwa a Amarula[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Amarula Cream Liqueur 17% ABV
  2. Amarula Ethiopian Coffee Cream Liqueur 15.5% ABV
  3. Raspberry, Chocolate & African Baobab Cream Liqueur 15.5% ABV (launched in 2019)
  4. Amarula Vanilla Spice Cream Liqueur 15.5% ABV
  5. Amarula Vegan Liqueur 15.5% ABV
  6. Khanyisa Limited Edition 15.5% ABV - Dipoelo di ya ko go fodiseng Khanyisa, tlowana ya leswafe e e senang batsadi e e neng ya gobatswa setlhogo ke serai sa magodu a diphologolo.

__LEAD_SECTION__[fetola | Fetola Motswedi]

Amarula ke bojalwa jo bo borokwa jo bo tswang mo Aforika Borwa.

  1. "Amarula Cream Liqueur: Ratings and Review Summary for Amarula". Proof66.com. Archived from the original on 2013-01-19. Retrieved 2012-10-21.