Amos Dambe
Amos Manyangwa Dambe (1911–1991) e ne e le Matswana a dira tsa polotiki gape e le morongwa wa lefatshe kwa mafatsheng a sele. O dirile mo National Assembly of Botswana le Cabinet of Botswana go simologa ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano(1965) go fitlhela ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bobedi ( 1972), gape e ne e le moemedie was Botswana kwa lefatsheng la Amerika go simolola ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bobedi ()1972 go fitlhela ngwaga wa1976. E ne le mongwe was batlame ba Botswana Democratic Party.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Amos Manyangwa Dambe o tshotswe kwa Nswazwi, Botswana ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le lesome le bongwe . O tsene sekolo kwa Zimbabwe, South Africa, le kwa Tati Training Institution pele a ka ya kwa Adams College, ko a neng a tlhomamiwa e le morutabana. O diretse sesole ko a berekileng go tswa ka ngwaga sekete,makgolo a robabongwe le masome a mane le borataro (1946) go fitlhela ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mane le borobabongwe(1949 )le ba Khomisene e e kwa Godimo ya Dithimo tsa Masole kwa Botlhabagare e le moeteledipele was masole a maemo a kwa tlase. Morago a nna Tautona was mokgatlho wa baiyhuti ba BaKalanga gape e le motshwaramadi was mokgatlho wa Barutabana ba Puso ya Tshireletso ya Bechuanaland fa a bereka e le morutabana morago le fa e le mothusa mogokgo. Ka Nako e,o ne a kwala dikholomo tse di sa itsiweng no Naledi ya Botswana ka leina la push and pull.[1]
Dambe o tlogetse thuto ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a matlhano le botlhano (1955) a go a fudugela kwa Francistown go berekela playwright Leetile Disang Raditladi. Dambe o ne a latela Raditladi mme a tsenelela mo dipolotiking, a na mongwe wamaloko a a simolotseng mokgatlho wa Bechuanaland Democratic Party (e nnileng Botswana Democratic Party) ka ngwaga sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le bongwe(1961). O ne a tlhapiwa go tsena mo Palamenteng ya Botswana ya ntlha ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano (1965) go emela Mmadinare. O ne gape a tlhapiwa go nna Tona wa Meepo, Kgwebisano le Madirelo ka kgwedi ya Mopitlo e tlhola ga tlhano ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le botlhano (1965), a dira mo maemong a ngwaga pele a tlhapiwa go nna Tona ya Merero ya Selegae ka kgwedi ya Moranang sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le borataro (1966). Dambe o ne a tlhaphiwa gape go nna leloko la National Assembly of Botswana ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le masome a robabongwe, mme ka nako so o ne a tlhapiwa go nna Tona ya Ditiro le Ditlhaeletsano. O ne a tlhapiwa go nna Tona ya Temothuo ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa (1970). O ne a tlogela Tito ya gagwe kwa National Assembly of Botswana ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bobedi(1972 )go nna moemedi wa lefatshe kwa America. Dambe o ne a tlhokafala ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le bongwe( 1991).[2]