Francistown
Francistown | |
|---|---|
Kgaolo | North-East |
Setshaba | 103,422 (2022)[1] |
Theo | 1897 |
Elevation | 1,001 m (3,284 ft) |
Francistown ke toropo ya bobedi ka bogolo mo lefatshe la Botswana, e e nang le baagi ba ka nna dikete di le lekgolo le boraro, makgolo a mane le lesome le bosupa le baagi ba le dikete di le lekgolo le masome a mane le bosupa le lekgolo le masome a mabedi le bobedi mo kgobokanong ya yone ka palobatho ya ngwaga wa 2022.[2] O kwa botlhaba jwa Botswana, seelo sa dikilometara di ka nna makgolo a mane (seele sa maele se le makgolo a mabedi le botlhano) kwa bokone go ya kwa bokone-botlhaba go tswa kwa motsemogolo wa, Gaborone. Toropo ya Francistown e mo kgolaganong ya dinoka tsa Tati le Ntshe, gape e le gaufi le noka ya Shashe (e e elelang e tswa kwa Limpopo) le seelo sa dikilometara di le masome a borobabongwe (maele a le masome a matlhano le borataro) go tswa kwa molelwaneng wa boditšhabatšhaba le lefatshe la Zimbabwe.
Toropo ya Francistown e ne e le boremelelo jwa tlhatlogo ya ntlha ya gauta mo Borwa jwa Aforika mme e santse e dikologilwe ke meepo ya bogologolo le e e tlogetsweng. Toropokgolo ya Francistown ke kgaolo ya tsamaiso, e kgaogantswe le Kgaolo ya Bokone-Botlhaba. E tsamaisiwa ke Lekgotla la Toropo ya Francistown. [3]Puo ya konokono e e buiwang e bile e dirisiwa mo motse mogolong wa Francistown le mo tikologong ya yone ke Sekalaka. Dipuo tse dingwe tse di dirisiwang mo kgaolong e ke Setebele, Seshona ga mmogo le SeTswana. Toropo ya Francistown ke yone fela toropo mo Botswana e e nang le leina la sekgowa. Ga go na ditoropo tse di bidiwang ka puo ya Seesemane mme go nale metse e le mmalwa fela e e nang le maina a Seesemane.
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Le fa bosupi jwa gore batho ba ne ba nna koo bo boela kwa morago dingwaga di ka nna dikete di le lesome, bosupi jo bo kwadilweng ke jwa bosheng. Bosupi jwa ditiragalo tsa ditso bo supa fa toropo ya Francistown e simolotse e le mongwe wa metse ya morafe wa Bakalaka. Nyangabgwe e ne e le motse o o gaufi le Francistown o o kileng wa etelwa ke batho ba karolo e kgolo ya lefatshe e e naleng dikarolo tsa mafatshe a mangwe mo teng ba Europe, fa o ne o etelwa ke morongwa, Robert Moffat. Moffat o ne a latelwa ka ngwaga wa 1867 ke mmatli wa gauta, Karl Mauch yo o neng a bona gauta ya meepo ya Bakalaka go bapa le Noka ya Tati, mme a phatlalatsa Masimo a Gauta a Tati a simolola go batla gauta ga ntlha ga Borwa jwa Aforika.[4]
Motse wa gone jaana o ne wa tlhongwa ka ngwaga wa 1897 jaaka bonno jo bo gaufi le moepo wa Monarch mme wa tewa ka Daniel Francis, mmatlisisi wa Moesemane go tswa kwa Liverpool yo o neng a bona ditetla tsa go batlisisa mo kgaolong ka ngwaga wa 1869.[5]Francis e ne e le mokaedi wa Lefatshe la Dithebolelo la Tati(Tati Concessions Land) (Kompone ya Dithebolelo tsa Tati), e e neng ya tsaya lefatshe leo mo go Kgosi Lobengula. Bogare jwa toropo e ntšha bo ne jwa tlhamiwa fa kompone eo e ne e rekisa ditsha di le makgolo a mararo ka kgwedi ya August wa ngwaga oo. Moepo wa Monarch e ne e se one fela moepo o o neng o dira ka nako eo, mme go ne go dumelwa thata gore toropo ya Francistown e tlaa gola ka bonako. Kwa tshimologong, toropo e ne e na le mmila o le mongwe kwa botlhaba jwa, le go bapa le mola wa seporo. Mmila o o ne o na le di kompone di le mmalwa, go akaretsa le maroko a baeng a le mabedi (Grand le Tati), mabentlele a a mabotlana a a rekisang le a a magolo a a rekisang dilo tse dintsi le dibanka di le tharo.


Pele ga boipuso , toropo ya Francistown e ne e le boremelelo jo bogolo jwa kgwebo mo Botswana. Ka ngwaga wa 1897, kompone eo e ne ya rekisa bontlhanngwe jwa lefatshe leo gore e dirisiwe mo go lone le go dira kgwebo mo go lone. Motse o simolotse e le toropo ya meepo ya gauta, mme gauta e ne ya tshegetsa itsholelo ya lefelo leo go tloga kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo 1800 go fitlha ka dingwaga tsa bo 1930. Fa gauta e ne e ribololwa lantlha gaufi le fano ka ngwaga wa 1869 e ne ya tsosa kgatelelo ya gauta ya ntlha mo Aforika dingwaga di le lesome le botlhano pele ga kgolo ya gauta kwa lefelong la Witwatersrand kwa lefatsheng la Aforika Borwa. Madirelo a ne a amiwa thata ke kwelotlase ya lefatshe lotlhe ya dingwaga tsa bo 1930. Magareng ga ngwaga ya 1936 le ya 1980, itsholelo ya motse mogolo wa Francistown e ne e tshegeditswe thata kgotsa e ikaegile thata ka Mokgatlho wa Badiri ba Baagi ba Witwatersrand, kompone e e neng e thapa badiri mo meepong ya lefatshe la Aforika Borwa. Badiri ba meepo ba ne ba thapiwa go tswa kwa mafatsheng a a mantsi a karolo kgolo ya Aforika, mme ba isiwa kwa lefatsheng la Aforika Borwa ba heta ka toropo ya Francistown ka sefofane kgotsa ka terena.
Mmila wa Haskins (o o bidiwang ka lelapa le le tlhageletseng mo toropong pele ga boipuso) e ne e le tsela ya ntlha ya go tsenngwa sekontiri mo lefatsheng la Botswana. Fa e sale ka ngwaga wa 1966, toropo e godile thata ka ntlha ya kgwebisano e e matlhagatlhaga ya go kgabaganya melelwane le Rhodesia kgotsa Zimbabwe. Ka ngwaga wa 1997, Francistown e ne ya nna toropo, ya bo bobedi ya Botswana morago ga Gaborone. Ka toropo eo e le mo thoko ga ditsela tse dikgolo tsa lefatshe la Botswana le ditsela tse dipalangwa tsa terena, meepo, kgwebo le temothuo e nnile dikarolo tse di botlhokwa tsa itsholelo ya yone. Tati Nickel, Setlhopa sa dikgao sa Madirelo sa Dumela le Komishene ya Nama ya Botswana ke tsone tse di tlhotlheletsang itsholelo mo toropong eo. Maphata a puso le a e seng a puso ka bobedi a solegela itsholelo ya selegae molemo.
Itsholelo
[fetola | Fetola Motswedi]Meepo
[fetola | Fetola Motswedi]Toropo ya Francistown e mo ditseleng tsa konokono tsa lefatshe la Botswana tsa dipalamo le tsa difofane le tsa ditsela; meepo le temothuo di botlhokwa. Dikompone tse dikgolo tsa meepo di akaretsa Tati Nickel, e e leng ya ga Norilsk Nickel, e e nang le ditiro kwa meepong ya Selkirk le Phoenix, e e tlhagisang thata khobalte, kopore le nikele.[6]Setlhopa sa dikago tsa Madirelo sa Dumela, e leng lefelo la madirelo, ke mothapi yo o botlhokwa; madirelo a Botswana Metal Refinery a ne a agiwa ka ngwaga wa 2008 gaufi le toropo eo. Le fa go ntse jalo, lenaneo le le ne la emisiwa ka ntlha ya ditshenyegelo tse di kwa godimo.[7]
Bobegadikgang
[fetola | Fetola Motswedi]Mokgatlho wa bobegakgang wa toropo e o sa ntse o le mo tshimologong. Bobegadikgang bo akaretsa lokwalo la dikgang lwa Botswana lwa The Voice, lo lo simolotsweng ka ngwaga wa 1993. Lo ke lokwalo la dikgang lwa mofuta wa tabloid lo lo tumileng thata lo le lone lo neng lo phatlaladitse diphuka tsa lone kwa toropokgolo ya, Gaborone.
Seemo sa bosa
[fetola | Fetola Motswedi]Toropo ya Francistown e na le seemo sa bosa se se mogote se se omileng go sekae, ka selemo se se bothitho go ya kwa mogoteng le mariga a a bonolo. Motse o ka palogare o bona pula ya selekanyo sa dimilimitara di le makgolo a mane le masome a marataro (kgotsa boleele jwa di inch tse lesome le borobabobedi ) ka ngwaga. Motse o o na le paka e khutshwane ya dipula e e simololang ka kgwedi ya Sedimonthole go fitlhela ka kgwedi ya Mopitlo e le paka e telele ya komelelo e e akaretsang dikgwedi tse di robangbobedi tse di setseng. Toropo ya Francistown e amogela ka palogare fela selekanyo sa dimilimitara di le tharo ( kgotsa boleele jwa di inch ya lefela ntlha nngwe pedi ) tsa pula ka nako ya setlhoa sa paka ya yona ya komelelo (go tloga ka kgwedi ya Seetebosigo go fitlha ka kgwedi ya Phatwe), e leng nako e gape e itemogelang mogote wa yone o le tsididi thata. Ka palogare, mogote o o kwa tlase gantsi o wela kwa tlase ga degree Celsius di le robedi (8 °C), kgotsa Fahrenheit di le masome a mane le borataro (46 °F) mo dikgweding tse di umakilweng fa godimo. Mogote o o kwa godimo o o kwadisitsweng kwa toropong ya Francistown e ne e le degree Celsius di le masome a mane le nngwe ntlha nngwe (41.1 °C), kgotsa degree Fahrenheit di le lekgolo le borataro ntlha lefela (106.0 °F) mme mogote o o kwa tlase o o kwadisitsweng e ne e le degree Celsius tse di kwa tlase ga lefela di le thataro ntlha botlhano (−6.5 °C), kgotsa degree Fahrenheit di le masome a mabedi ntlha tharo (20.3 °F).[8]





Dipalopalo
[fetola | Fetola Motswedi]Fa e sa le go tlhongwa ga toropo ya Francistown jaaka lefelo la meepo ya gouta le bogare sa seporo mo lekgolong la dingwaga (lekgolo la bolesome le boferabongwe), palo ya baagi ba motse o e ntse e oketsega ka iketlo le ka nako tsotlhe.Toropo ya Francistown ke motse wa bobedi o mogolo mo lefatsheng mo Botswana, mme ka ngwaga wa 1991 o ne o na le karolo ya masome a mabedi le bobedi ntlha supa mo lekgolong ya baagi botlhe ba ba neng ba nna mo ditoropong tsotlhe tsa lefatshe. Kgolo ya Selebi-Phikwe, Orapa le Jwaneng fa e sa le ka ngwaga wa 1971, mmogo le kgolo e e potlakileng thata ya toropo ya Gaborone, e dirile gore kabelo ya toropo ya Francistown mo palong yotlhe ya baagi ba ditoropo e fokotsege go tswa mo karolong ya masome a mararo le nne ntlha supa mo lekgolong ka ngwaga wa 1971. Mo pakeng e e tshwanang (ya ngwaga wa 1971 go fitlha ka ngwaga wa 1991), palo ya baagi ba ba nnang mo ditoropong mo lefatsheng la Botswana e ne ya gola ka karolo ya makgolo a mane le masome a mabedi le supa ntlha pedi mo lekgolong, e tswa mo bathong ba le dikete di le masome a matlhano le dikete di le nne le makgolo a mane le lesome le bongwe go fitlha mo bathong ba le dikete di le makgolo a mabedi le masome a borobabobedi le bosupa le masome a marataro le boraro.
Bakalaka , morafe wa ngwao wa bobedi ka bogolo mo Botswana ba ikaegile ka toropo le tikologo. Bosheng jaana, toropo e e bone go tla ga bafaladi ba ba seng ka fa molaong ba le bantsi go tswa kwa mafatsheng e e mabapi ya Zimbabwe.[9][10]
| Ngwaga | Palo yotlhe ya batho | % ya pethogo | |
|---|---|---|---|
| 1964 | 9 521 | 0 | |
| 1971 | 18 612 | +95 | |
| 1981 | 31 065 | +65 | |
| 1991 | 38 524 | +29 | |
| 2001 | 84 406 | +110 | |
| 2011 | 100 079 | +19 | |
| 2022 | 103 417 | +3 |
Ngwao
[fetola | Fetola Motswedi]Toropo ya Francistown ke legae la Musiamo wa Supa Ngwao, ka ditshupo tse di amanang le ditso le boswa jwa kgaolo eo. Musiamo, o o amogelang bontsi jwa madi a one go tswa kwa pusong, ga jaana o ntse o tlhabololwa go tloga ka kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa 2011. Go tlhomilwe lefelo le lešwa la tshireletso ya tlhago, Tachila, seele sa dikilometara di le tlhano (boleele jwa maele wa boraro ntlha nngwe) go tswa kwa bogareng jwa toropo ya Francistown mo Polaseng ya bogologolo ya Kompone ya Tati , Lady Mary. Lefelo le la tshireletso ya tlholego le solofetswe go nna lefelo le le tla fetolang bojanala mo toropong e e setseng e atlega ka diphologolo tsa yone tse di farologaneng tsa naga.
Mafelo a kobamelo
[fetola | Fetola Motswedi]Bona gape: Bodumedi mo Botswana
Gareng ga mafelo a kobamelo, ke dikereke le ditempele tsa Bokeresete tse dintsi : Kereke ya Efangele ya Lutere mo Botswana ( Evangelical Lutheran Church in Botswana) (Lutheran World Federation), Dikopano tsa Modimo (Assemblies of God), Kereke ya ga Jesu Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ( the Church of Jesus Christ of Latter-day Saints), Kereke ya Boitshepo ya Boditšhabatšhaba ya Pentekosete (International Pentecostal Holiness Church), Embasi ya ga Keresete ( Christ Embassy), Kereke ya Roma Katoliki ya Francistown (Roman Catholic Diocese of Francistown) (Catholic Church).[11]
Culture
[fetola | Fetola Motswedi]Francistown ke legae la Musiamo wa Supa Ngwao, ka ditshupo tse di amanang le hisetori le boswa jwa kgaolo eo. Musiamo, o o amogelang bontsi jwa madi a one go tswa kwa pusong, ga jaanong jaana e ntse e tlhabololwa go tloga ka Diphalane 2011. Lefelo le leswa la tshireletso ya tlhago, Tachila, le tlhomilwe dikilometara di le 5 (3.1 mi) go tswa kwa bogareng jwa Francistown mo polaseng ya bogologolo ya Tati Khamphani, Lady Mary. Lefelo la tshireletso ya tlhago le solofetswe go nna lefelo la bojanala la toropo e e setseng e gola ka mefuta e e farologaneng ya diphologolo tsa naga.
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Setlhogo sa konokono: Thuto mo Botswana
Toropo e e na le dikolo tse dipotlana tse di ka mo metsesetoropong yotlhe ya yone, mme bontsi jwa tsone fa e se tsotlhe di tsamaisiwa ke lekgotla la toropo. Tse di tlhomologileng mo gare ga tse ke sekolo se sebotlana sa Ikhutseng, sekolo se sebotlana sa Tati Town le sekolo se sebotlana sa Nyangabgwe, tse e leng dingwe tsa dikolo tsa bogologolo mo toropong. Gape go na le Sekolo se se Potlana sa Aerodrome. Puso gape e na le dikolo tse di mo bogareng jwa bo botlana le bogolwane, tse di rekisiwang jaaka "dikolo tse dikgolwane". Bontsi jwa tse di simolotswe e le tirisanommogo magareng ga puso le setšhaba. E ne e le bosheng fela jaana fa puso e ne e tsaya bontsi jwa dilo tse. Dikai tsa tsone di akaretsa dikole tse dikgolwane tsa Setlalekgosi, Montsamaisa le Selepa Junior Secondary. Tsena di fa thuto e ntle ka go fetisisa mo boemong ba JC mme di na le thuto ya lobaka lwa dingwaga tse tharo.
Go na le dikolo tse e seng tsa puso mo toropong ga mmogo, gareng ga tse dingwe ke Sekolo sa John Mackenzie se se nang le ditso se se tumileng, se se neelanang ka thuto ye e potlana ,thuto e kgolwane ya ntlha mmogo le ya thuto e kgolwane se segolo. Sekolo se gape se fa baithuti ba ba dirileng Tlhatlhobo ya IGCS di-O-Level. Gape go na le Sekolo sa Seesemane sa Mophato, TKM, Sekolo sa Paakanyetso sa Clifton le dikolo tse dingwe tse dintsi tse dinnye tse e seng tsa puso.
Gompieno go na le dikolo tse pedi tse digolwane tsa maemo a a kwa godimo kwa toropong ya Francistown, e leng Sekolo sa Mater Spei, e e tsamaisiwang ka bontlhanngwe ke Kereke ya Roma Katoliki, le Sekolo sa Segolwane sa Maemo a a Kwa Godimo sa toropo ya Francistown, se se neng sa bulwa ka ngwaga wa 1978 mme gone jaanong se na le baithuti ba ka nna sekete se le sengwe le makgolo a mabedi. Sekolo se se mo lefelong la Aerodrome, le le nang le ditso se se humileng, mme ke sengwe sa ditheo tse dikgolo tsa thuto mo motseng. Sekolo sa thuto e kwa godimo sa Katiso ya Barutabana ya Francistown e ne ya nna nngwe ya dikolo tsa Mmadikolo wa Botswana ka ngwaga wa 1973.[12]
Sekolo sa thuto e kwa godimo sa Francistown ya Thuto ya tsa Maranyane le Tiro ya diatla se ne sa bulwa semmuso ke tautona wa pele wa lefatshe la Botswana Ian Khama ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome ka ngwaga wa 2008. Sekolo se sa thuto he ha godimo se, se agilwe ka maikaelelo a go amogela baithuti ba le sekete le makgolo a le matlhano mo dithutong tsa maranyane le tsa tiro ya diatla le mananeo a go ruta barutabana. Dikago tsa sekolo se di mo gare ga lefelo la bogolo jwa lefatshe jwa hectare di le nne (diheketara di le 9.9) kwa metse ya se toropo ya Gerald Estates. Toropo e gape e na le Setheo sa Disaense tsa Boitekanelo (Institute of Health Sciences), se se leng gaufi le kokelo ya Nyangabwe Referral. Setheo se, gareng ga tse dingwe, se ruta dithuto tsa booki le tlhokomelo ya boitekanelo.
Dipalamo le mafaratlhatlha
[fetola | Fetola Motswedi]

Toropo e ke lefelo le legolo la dipalamo. Seporo se golaganya toropo e le toropo ya Harare kwa lefatsheng la Zimbabwe ka go ralala Bulawayo. One mola o ke one o o golaganya toropo ya Francistown le toropokgolo Gaborone le Lobatse kwa borwa. Ditsela tse di dirilweng fa fatshe di golaganya toropo le Ramokgwebana kwa bokone, le kwa Kazungula gammogo le Kasane o ralalaNata.

Toropo e, e direlwa ke lebala la difofane la toropo ya Francistown , le le neng la bulwa ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le borobabongwe ka ngwaga wa 2011 morago ga go agiwa ka madi a a kana ka didikadike tsa di Pula di le makgolo a matlhano le masome a robangbongwe le borataro, le bulwa semmuso ke Tona wa Dipalamo, Frank Ramsden. Ka kago ya baeti ba difofane e e diretsweng ponelopele ya pharakano go fitlha ka ngwaga wa 2025, e na le bokgoni jo bogolo mme e tsere sebaka sa boemelo jwa difofane jwa bogologolo, jo jaanong bo dirisiwang ke Air Arm ya Sesole sa lefatshe la Botswana.
Metshameko
[fetola | Fetola Motswedi]
Sekolo sa motshameko o go itewang kgwele ka dirakete wa Tennis sa toropo ya Francistown se theilwe kwa Setlhopeng sa Francistown , ke sekolo sa Tennis sa maemo a a hapegileng a akwa godimo se se ineetseng go tlhabolola bana ba bannye (ba ba simololang ka dingwaga di le nne) go nna batshameki ba kgwele ya Tennis ba boditšhabatšhaba.
Motse wa Francistown gape o na le ditlhopa di le mmalwa tsa kgwele ya dinao. Tse di akaretsa Setlhopa sa Metshameko sa TAFIC, TASC FC (Setlhopa sa Metshameko ya Tati),[13][nopolo e a tlhokega ] ECCO City Green, Great North Tigers FC (GNT) le tse dingwe.
Ditlhopha tse tsotlhe di kile tsa tshameka mo kgaisanong ya maemo a a kwa godimo ya lefatshe le e leng ya Botswana Premier League. GNT e sa tswa go tlhatlhosediwa kwa Premier League, fa TAFIC yone e tshameka mo karolong e e kwa tlase. Lebala la metshameko la toropo ya Francistown le lesha le santse le agiwa, mme le tla wela mo nakong e e sa fediseng pelo.[citation needed] Lebala le la metshameko le tla nna le legolo go gaisa mo karolong e e kwa bokone jwa lefatshe la Botswana, le le kgonang go amogela babogedi ba le dikete di le masome a mabedi le bosupa, mme e tla nna lebala la ditlhopha dingwe tse di umakilweng fa godimo. Mabala a mangwe mo toropong a akaretsa lebala la metshameko la Area S la Khansele ya Toropo ya Francistown.
Ditoropo tsa mafatlha – ditoropo tsa kgaitsadi
[fetola | Fetola Motswedi]Francistown ke lewelana le:
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Population and Housing Census 2022:Population of Cities, Town and Villages". Statistics Botswana. 2022-06-03. Retrieved 2022-06-07.
- ↑ Central Statistics Office (January 2009). "BOTSWANA DEMOGRAPHIC SURVEY 2006" (PDF). Gaborone, Botswana. Archived from the original (PDF) on 23 September 2016. Retrieved 25 July 2010.
- ↑ Laws of Botswana Tempolete:Webarchive, Ministry of Local Government Tempolete:Webarchive
- ↑ Eriksson, Patrick G.; Altermann, W.; Förtsch, E. B. (1995). "Transvaal Sequence and Bushveld Complex". Mineralium Deposita. 30 (2): 85–88. Bibcode:1995MinDe..30...85E. doi:10.1007/BF00189337. S2CID 140649997.
- ↑ Fred Morton, Jeff Ramsay, Part Themba Mgadla, Historical Dictionary of Botswana, Scarecrow Press, USA, 2008, pg. 120
- ↑ "Norilsk Nickel". Retrieved 25 July 2010.
- ↑ Gabathuse, Ryder (6 June 2008). "P3bn Tati project crashes". Francistown, Botswana: Mmegi. Retrieved 25 July 2010.
- ↑ "Botswana's Climate". Meteorological Services Botswana. Archived from the original on 3 December 2008. Retrieved 15 July 2021.
- ↑ Gabathuse, Ryder (28 March 2006). "Security operation starts in Francistown". Francistown, Botswana: Mmegi. Retrieved 26 July 2010.
- ↑ Pacione, Michael (1999). Applied Geography: Principles and Practice : an Introduction to Useful Research in Physical, Environmental and Human Geography. Routledge. ISBN 978-0-415-21419-3.
- ↑ J. Gordon Melton, Martin Baumann, Religions of the World: A Comprehensive Encyclopedia of Beliefs and Practices, ABC-CLIO, USA, 2010, p. 380
- ↑ University of Botswana. "Historical Background". Retrieved 26 July 2010.
- ↑ "TASC FC - Soccer". globalsportsarchive.com. Global Sports Archive. Retrieved 8 March 2024.
- ↑ "Stedenband Francistown". genk.be. Genk. Retrieved 12 October 2020.
- ↑ "Brothers in Arms". thepatriot.co.bw. The Patriot. 15 May 2020. Archived from the original on 27 May 2020. Retrieved 12 October 2020.