Archibald Mogwe

Go tswa ko Wikipedia

Archibald Mooketsa Mogwe (29 August 1921 - 25 February 2021) e ne e le radipolotiki le motlhankedi wa boditšhabatšhaba kwa Botswana.[1]

Tiro ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Leloko la palamente go tswa kwa Kanye, Mogwe o ne a direla jaaka Tona ya Mafatshe a Sele go tloga ka 1974 go fitlha ka ngwaga wa 1984, le jaaka Tona wa Dithoto tsa Ditswammung le Merero ya Metsi go tloga ka 1985 go fitlha ka 1994, pele ga a direla jaaka Moemedi wa Botswana kwa United States.[1] O ne a tlhomiwa go nna mo maemong a bofelo ka 13 November 1995 mme a neela ditlankana tsa gagwe ka 6 February 1996.[2] Mogwe gape o nnile le seabe se se botlhokwa jaaka motsamaisi mo dipuisanong tsa Inter-Congolese. Fa a sa le monnye, o ne a dira letshwao la gagwe jaaka Mokwaledi wa Ntlha wa sennelaruri wa Ofisi ya Moporesidente Sir Seretse Khama.[1]

O ne a na le bana ba le bararo le mosadi wa gagwe wa ntlha Lena Mosele Senakhomo (d. 1992) o ne a na le bana ba le mararo, morwadie, Maleta Luna-Rosa Mogwe (d. 1954) - yo o neng a nyetswe ke morwa Rev. Albert Alfred Frank Lock, Mookamedi wa bobedi [le yo o neng a direla lobaka lo loleele] wa Kokoano ya setšhaba kwa Botswana le morongwa wa LMS); morwa, Hugh Lehlohonolo Moabi Mogwe (o tshotswe ka 1956 mme a tlhokafala ka 2012); le morwadie Alice Mogwe (yo o tshotsweng ka 1961). Go tloga ka 1997 go fitlha a tlhokafala ka 2020, Mogwe o ne a nyetse porofesa wa ntlha wa mosadi wa Botswana ebong Serara Selelo-Mogwe. Mogwe o na le ditlogolwana di le thataro, setlogolo se le sengwe le dikokomane di le pedi.

Tlotlo[fetola | Fetola Motswedi]

  • O ne a abelwa Order of the British Empire (OBE) pele ga Botswana e bona boipuso ka 1966

Ditshupiso[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 Admin. "Chewing The Fat with Rre Mogwe on His 97th birthday". Botswana Gazette. Retrieved 2022-05-23.
  2. "Diplomatic Representation for the Republic of Botswana", US State Department website.