Jump to content

Badimo

Go tswa ko Wikipedia
Sangoma a buisana le Badimo ka ditaola

Badimo ( lefoko la Sesotho le Setswana ) ke leina la Tumelo ya setso ya Aforika la batho ba Botswana, Lesotho le Aforika Borwa. Le ntswa bontsi jwa Basotho le Batswana e le BaKeresete,[1] bontsi jwa bone ba setse morago dingwao tsa Badimo le fa ba setse morago tumelo e nngwe gape.[2]

Le fa lefoko "Badimo", go twaelesegile le ranolelwa ko sekgoweng e le "ancestors" ga le reye batho ba ba tlhokafetseng, mme le raya "baswi ba ba tshelang". Mo setsong sa maAforika, baswi ba tswelelela ba thusa batho ntse ba tlhokafetse. Go dumelwa gore motho fa a tlhokafala, o ya go lebelela ba ba tshelang a le ko lefelong le lengwe, ba kgona go otlhaa ba ba sa ba itumediseng. Kotlhao mo mothong e ka nna botshelo jo bo senang tswelelo pele, bolwetse, dikotsi kgotsa go tlhoka go atlega. Go itumedisa Badimo, motho o tshwanetse go ba abela bojalwa, dinku kgotsa dipudi.

Ga ba bonwe mme ba utluwa ke bana le bagodi fela. ba bua puo ya bone ba bo ba dira modumo wa phefo e e bogale fa ba suta. Ba thusa batho mo go tsa botsogo ebile ba kgona go laola gore a motho o tswelela a tsoga sentle kgotsa nnyaa ka bo leng teng jwa bone. Go ne go na le dikgang tse dintsi tsa basimanyana ba ba neng ba gapiwa ba bo ba busiwa, ba itse puo ya Badimo ka botlalo. Bana ba ba tlhophiwa go bereka le Badimo fa ba tswelela le ditiro. Go na le meletlo ya ngwao e e dirwang ngwaga le ngwaga pele ga pula ya ntlha go leboga Badimi ka thobo ya ngwaga o o fetileng. Mo meletlong e, bojalwa jwa Setswana bo a apewa, mme go bolawe phologolo, e apewe e bo e isiwe kwa dithabeng kwa Badimo ba fitlhilweng teng, lefelo le le bidiwa kwa Badimong kgotsa Difokeng ka Sesotho. Ba ba isang dilo tse ba tlaa tlogela dijo mme ba boe moragonyana go buisana le Badimo le go tsaya didirisiwa. Ba tlaa bolelela Badimo gore setšhaba se ikutlwa jang ka matshelo a bone. Fa Badimo ba kgotsofeste, ba tlaa bolelela batho ba ba foo gore ba solofela eng mo go bone. Badimo gape ba bereka go itsise ba losika ka loso lwa kgotsa ka mongwe o o gaufi le go tlhokafala.[3]

Pharologanyo ya tumelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Badimo ba amangwa le tumelo e kgolo mo Botswana, Lesotho le Aforika Borwa kwa palo potlana fela e leng batho ba ba dirang SeKeresete se se tlhapileng. [4][5][6]

  1. "The World FactBook, Africa: Botswana". Retrieved 25 September 2025.
  2. Consuming a Colonial Cultural Bomb :Translating Badimo Into 'Demons' in the Setswana Bible (Matthew 8.28-34; 15.22; 10.8) Journal for the Study of the New Testament
  3. "Badimo in the Tswapong Hills: A traditional institution in action - Botswana Notes and Records, Volume 15. PDF
  4. Botswana Society & Culture Complete Report: An All-Inclusive Profile Combining All of Our Society and Culture Reports" Botswana Society & Culture Complete Report: An All-Inclusive Profile Combining All of Our Society and Culture Reports
  5. "Botswana - Religion" Botswana - Religion
  6. Written On Our Hearts: Tswana Christians and the 'Word of God' in the Mid-Nineteenth Century Written On Our Hearts: Tswana Christians and the 'Word of God' in the Mid-Nineteenth Century[permanent dead link]