Bangwato
Bamangwato kana BagaMmangwatoke gape gokatwe BaNgwato or Ngwato ke mongwe wa ,marafe e metona ee robang bobedi mo Botswana. Bamangwato ba fitlhelwa kwa bogare jwa Serowe, Palapye le Mahalapye mme motsemogolo wa yone morago ga ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le bobedi (1902) ke Serowe. Kgosi kgolo , maemo ao a amoganwang ele botswa ka tatelano mo lesikeng, ke mongwe wa bale lesome le botlhano ba ba kotameng setilo kwa Ntlong ya Dikgosi, eleng yone ntlo ya Dikgosi ya lefatshe.[1]
Tshilomologo/ Motheo
[fetola | Fetola Motswedi]Thito ya Morafe wa Bamangwato keya dingwaga tsa sedikadike sa ngwaga tse di lekgolo tsa paka ya 18th fa one o kgaogana le morafe wa Bakwena, mme lefa gontse jalo mo ngwageng tsa sedikadike sa ngwaga wa 19th morafe wa Bamangwato fela jaaka e mengwe o dirwa ke batho baba farologaneng. Ba botsadi jwa ga rre Sir Seretse Khama kafa go rraagwe le dikgosi tsa Bamangwato ba agile metse ele mmalwa ee akarersang Shoshong le Phalatswe eo eitsegeng ka leina la Old Palapye. Pele ga go kgaogangwa ga merafe ka fa tsamaisong ee tlhamaletseng le ditlamelo tse di tsepameng , go ne go tlwaelesegile kana gosa gakgamatse gore morafe o fuduge fa seemo sa tikologong ese sese maleba kana kgatlhisang.[2] Khama le lekoko la tsamaiso la itshiriletso le dirile se fale NE le kgaoganya molelwane go dira seo eleng Kgaolo ya Legare gompieno mo Botswana.
Puo
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a robabongwe le borobabobedi (1998) baithuti bane ba kgatlhwa thata ke puo e ya Sengwato morago gago lemoga fa ena le medumo ee pharologanyo kana ee faphegileng ya (f-s).[3]
Bogosi
[fetola | Fetola Motswedi]Tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana Rre Seretse Kgama e ne e le ene kgosi ya ntlha ya morafe wa Bamangwato. Morwae ebong Rre Ian Khama ene ele tautona wa bone wa lefatshe la Botswana mme gape ele kgosikgolo ya morafe.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Botswana Ethnic Groups". Study.com. Retrieved 2026-03-24
- ↑ Parsons, Neil (25 Feb 1998) "The Abandonment of Phalatswe, 1901–1916", University of Botswana History Department, Retrieved 23 March 2026
- ↑ "African dialect uses unexpected sound", Science News (31 Oct 1998), Retrieved 3 Jan 2006