Basetsana Kumalo

Go tswa ko Wikipedia

Basetsana Julia "Bassie" Kumalo o sefane se a tshotsweng ka sone ka ngwaga wa 1974, kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a le masome a mabedi le boferabongwe[1], e leng Makgalemele, ke mme o o tlhagelelang thata mo ditshwantshong tsa motshikinyego, mabontle o o kileng a fenya dietsele, mogwebi ebile a rata go direla batho.[2] O simolotse go bereka ka ngwaga wa 1990 fa a ne a tlhomiwa mmabontle wa Soweto (Miss Soweto) le Miss Black South Africa a le dingwaga tse di lesome le borataro. O ne a tlhomiwa mmabontle wa Africa Borwa ka ngwaga wa 1994, mme a tsaya maemo a bobedi mo dikgaisanong tsa Miss World ngwaga one oo.

Botshelo jwa a sale mmotlana le thuto ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Kumalo o tsholetswe kwa Soweto, Kwa Aforika Borwa. Ene le bomogolowe ba basetsana ba le babedi le kgaitsadiabone, ba ne ba thusa mo lwapeng ka go dira borotho ba bo ba bo rekisa kwa metshamekong ya kgwele ya dinao mafelo a beke mangwe le mangwe. O tsene sekolo se sebotlana kwa Thabisang Primary School kwa Orlando West. Ka ngwaga wa 1986 fa Soweto a ne a ferekane ka go tlhoka go itumela ga bana ba sekolo, o ne a isiwa sekolong kwa Trinity Seconday School kwa a feleditseng dithuto tsa matric teng. O ne a a aya go dira tsa thuto kwa sekolong se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of Venda.[3]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga a nna Miss South Africa le ka nako ya teng, Kumalo o ne a ratana le ramabole Dingaan Thobela.[4]

O kopane le monna wa gagwe Romeo Kumalo, o e leng moeteledipele wa Vodacom ebile a kile a nna mogasi, ka nako e a nenga tlhomiwa mabontle wa Soweto. Ba ne ba simolola go ratana ka ngwaga wa 1997, ba nyalana ka ngwaga wa 2000.[5] Ka ngwaga wa 2005, Kumalo o ne a nna le ngwana wa ntlha, mosimane a bidiwa Nkosinathi Gabriel. Morwa wa bone wa bobedi, uShaka Kgositsile Emmanuel o tshotswe ka 2012.[6][7]


Kumalo le monna wa gagwe Romeo ba simolodisitse mokgatlho wa Romeo & Basetsana Kumalo Family Foundation, o o tlhokomelang bana, bogolo jang ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi ka ntlha ya bolwetse jwa AIDS le a mangwe. Ka ngwaga wa 2009, mokgatlo o o ne wa amogela seetsele sa Inyathelo Philanthropy. Kumalo ga mmogo le Salma Hayek ba ne ba kopanela letsholo la nappy brand Pamper's ele babueledi ba United Nations Children's Fund, ka maitlamo a go fedisa bolwetsi jwa go kitlana ditlhaa mo maseeng le mo bommeng ba ba itsholofetseng, go boloka masea a ka tshwara di milione di le makgolo a mabedi le masome a matlhano ka ngwaga wa 2012.[8]

Tsa tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Mmabontle[fetola | Fetola Motswedi]

Ka dingwaga tsa 1990 le 1991, Kumalo o ne a tlhomiwa mmabontle wa Soweto a le dingwaga di le lesome le borataro. Kumalo o ne a tlogela sekolo ka maikaelelo a go gata mo dikgatong tsa ga mmagwe tsa go nna morutabana, mme morago a tsena sekolo sa thuto kwa University of Venda. Mmagwe o ne a mo kwadisa mo mmabontleng wa Miss South Africa,o Khumalo a neng a o fenya.

Telebishine[fetola | Fetola Motswedi]

Ka nako e a neng a le Miss South Africa, o ne a simolola go tsamaisa lenaneo la telebishine la Top Billing. Kumalo o ne a ikamanya le motlhagisi wa lenaneo leo Patience Stevens. Tswelelelo Productions e simolotswe Kumalo a na tshwere sephatlo sa diabe. Kompone e o e filwe tetlelelo ke Impumelelo.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Basetsana Julia, aka "Bassie" Kumalo". SAHO. Retrieved 1 April 2014.
  2. Bröll, Claudia (25 May 2009). "Basetsana Kumalo: Mit Minen und Mandela" [Basetsana Kumalo: With Mines and Mandela]. Frankfurter Allgemeine (in German). Retrieved 31 March 2014.
  3. "Street Vendor to Millionaire: The inspiring story of Basetsana Kumalo". savannanews.com. Retrieved 15 February 2023.
  4. Madikwa, Zenoyise (20 November 2009). "My heart is still with Basetsana". The Sowetan. Retrieved 31 March 2014.
  5. Skosana, Welcome; Pokwana, Vukile (10 December 2000). "Romeo weds Juliet". City Press South Africa. South Africa. Archived from the original on 3 March 2016. Retrieved 1 April 2014.
  6. "Basetsana Kumalo welcomes second son". City Press South Africa. South Africa. 21 May 2012. Archived from the original on 24 October 2013. Retrieved 31 March 2014.
  7. Sanelisiwe (28 August 2012). "A baby boy for the Khumalo's". Drum. Retrieved 31 March 2014.
  8. "Queen of Soweto: Basetsana Kumalo". funtimesmagazine.com. Retrieved 16 February 2023.