Jump to content

Bogolo Kenewendo

Go tswa ko Wikipedia

Bogolo Joy Kenewendo (o tshotswe ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bosupa1) ke moitseanape wa tsa itsholelo le wa dipolotiki wa Motswana. O direla jaaka Leloko la Palamente le le tlhophilweng ka tsela e e kgethegileng mo Palamenteng ya Botswana go tloga ka kgwedi ya Ngwanatsele, ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone , ke Tona ya Diminerale le Maatla mo pusong ya ga jaana morago ga go direla jaaka Tona ya Kabinete ya Matsete, Kgwebisano le Madirelo a Botswana ka fa tlase ga Tautona Mokgweetsi Masisi. [1][2] [3]Morago ga go tlosiwa mo kabineteng ka kgwedi ya Ngwanatsele,ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe o ne a dira jaaka motsamaisi wa Kenewendo Advisory, e e leng kwa Gaborone, Botswana. [4] O eteletse pele Molaya Kgosi Women Leadership and Mentorship Program mme gape ke Modulasetulo wa Lekgotla la Molaya Kgosi Trust. [5][3]

Ene yare ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi ale lesome le bosupa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi Kenewendo a tlhomiwa go nna mogakolodi yo o kgethegileng wa Climate Champions. [6]

Bogolo Kenewendo



Bomorago le Thutego

[fetola | Fetola Motswedi]

Kenewendo o tsholetswe ko motseng wa Motopi mo kgaolong ya Boteti mo Botswana ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bosupa. Morago ga go Bachelor of Arts in Economicsdira dithuto tse di potlana o ne a tsweledisa ko Pitzer College. o ne a tswaledisa ko Unibesithi ya Botswana mme aloga ka Bachelor of Arts in Economics.Moragonyana, o ne a bona dikirii ya Master of Science mo go tsa Ikonomi ya Boditšhabatšhaba kwa Yunibesithing ya Sussex kwa United Kingdom. Gape ke motsamaisi wa porojeke yo o netefaditsweng. [7]O ne a amogela katiso ya Economic Freedom Philosophy go tswa go Foundation for Economic Education.[8]

Tiro pele ga dipolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga dithuto tsa gagwe tsa morago ga dikirii kwa Yunibesithing ya Sussex kwa United Kingdom jaaka Chevening Scholar, a bona MSc International Economics, Kenewendo o ne a dira jaaka moruo wa kgwebo ODI Fellow kwa Lefapheng la Kgwebo le Madirelo la Ghana. O ne gape a dira jaaka mogakolodi wa ikonomi kwa Econsult Botswana, e leng think tank ya kwa Gaborone.[8][9]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le le lesome le borataro, Tautona wa Botswana ka nako eo, Ian Khama, o ne a thapa Kenewendo go nna leloko la Palamente ya Botswana, kwa a neng a tlhophiwa jaaka moemedi wa moporesidente go nna leloko la palamente. Ka kgwedi ya Moranang e le nne,ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi , Tautona yo mošwa, Mokgweetsi Masisi, o ne a thapa Kenewendo jaaka Tona e ntšhwa ya Dipeeletso, Kgwebisano le Madirelo. O ne a ikana ka lone letsatsi leo.[8][9]

Mo maemong a gagwe jaaka tona, Kenewendo o ne a tlhophiwa ke Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba tse di Kopaneng António Guterres ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi go ya High-level Panel on Digital Cooperation, e e neng e eteletswe pele ke Melinda Gates le Jack Ma. [10]Jaaka Tona ya Dipeeletso, Kgwebisano le Madirelo kwa Botswana, o ne a tsenya tirisong diphetogo go tokafatsa bonolo jwa go dira kgwebo, go bula mebaraka ya selegae le ya boditšhabatšhaba, le go baya lefatshe mo maemong a go atlega mo diketaneng tsa boleng jwa lefatshe mmogo le itsholelo ya dijithale. Ka nako ya fa a ne a le mo maemong ao, e ne e le Tona ya Kabinete e e neng e le mmotlana mo Afrika le mo hisetoring ya Botswana. [11]

Kenewendo o ne a kaiwa jaaka mongwe wa batho ba le lekgolo ba ba nang le tlhotlheletso go gaisa mo Afrika ke makasine wa New African ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi .[12]

Fa United Kingdom e ne e tsaya botsamaisi jwa G7 ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome amabedi le bongwe, Kenewendo o ne a tlhophiwa ke Tona ya Basadi le Tekatekano ya lefatshe, Liz Truss, go nna leloko la Gender Equality Advisory Council (GEAC) e e neng e sa tswa go tlhomiwa e eteletswe pele ke Sarah Sands. [13]

Ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone o ne wa fetola botshelo jwa ga Kenewendo le jwa Botswana ka gore o ne a tlhophiwa go nna Leloko la Palamente ka fa tlase ga puso e ntšhwa, mme a ikana jaaka Tona ya Ditsa mmung.[14]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo nakong ya gagwe ya go ikhutsa, Kenewendo o a tlhatlhanya, a tsaya maeto le go bala.[9]

  1. ↑ Botswana Daily News (5 April 2018). "Botswana: New Botswana Cabinet Appointments". Botswana Daily News via AllAfrica.com. Gaborone. Retrieved 6 April 2018.
  2. ↑ Daniel Mumbere (5 April 2018). "Botswana's 30 year old minister becomes internet sensation across Africa". Africanews.com. Retrieved 6 April 2018.
  3. 1 2 "Bogolo Kenewendo | Chevening". Retrieved 21 September 2022.
  4. ↑ Centre for Global Development (11 April 2021). "Biography of Bogolo J. Kenewendo: Non-Resident Fellow". Washington, DC: Center for Global Development. Retrieved 11 April 2021.
  5. ↑ "Team". Molaya Kgosi Leadership & Mentorship Program. Retrieved 26 May 2022.
  6. ↑ Owen-Burge, Charlotte (17 June 2022). "Bogolo Kenewendo named as Climate Champions' Special Advisor, Africa Director". Climate Champions. Retrieved 21 September 2022.
  7. ↑ Celeb News (6 April 2018). "WCW: 10 Things You Didn't Know About Bogolo Kenewendo". Gaborone: Botswanayouth.com. Retrieved 2 November 2016.
  8. 1 2 3 Bloomberg L.P. (5 April 2018). "Executive Profile: Bogolo Kenewendo". Bloomberg Research. Archived from the original on 3 August 2018. Retrieved 6 April 2018.
  9. 1 2 3 Mlambo, Nontobeko (6 April 2018). "Botswana: Meet Botswana's Youngest Minister, Bogolo Kenewendo". AllAfrica.com. Retrieved 6 April 2018.
  10. ↑ Secretary-General's High-level Panel on Digital Cooperation United Nations, press release of 12 July 2018.
  11. ↑ "Youthful minister opening doors for women and girls". Africa Renewal. 33 (1): 8. 3 June 2019. doi:10.18356/3cb1bf5d-en. ISSN 2517-9829. S2CID 199861164
  12. ↑ "New African releases its list of 100 Most influential Africans". Ladybrille Magazine. 30 November 2018. Retrieved 5 January 2021.
  13. ↑ G7 Gender Equality Advisory Council membership announced Government of the United Kingdom, press release of April 9, 2021.
  14. ↑ BellaNaija.com (16 July 2025). "Meet Bogolo Joy Kenewendo: Botswana's Trailblazing Minister Shaping Trade, Energy & Africa's Future". BellaNaija.com. Lagos, Nigeria. Retrieved 10 September 2025.