Boitumelo Mafoko

Go tswa ko Wikipedia

 Boitumelo Mafoko (o tshotswe ka 11 Tlhakole 1982) ke motshameki wa pele wa kgwele ya dinao wa Botswana.[1]

Tiro ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Mafoko o tshamekile kgwele ya dinao le ditlhopha tse di farloganeng. O simolotse tiro ya gagwe ya kgwele ya dinao ka ngwaga wa 2005 kwa setlhopheng sa Township Rollers. E rile ka ngwaga wa 2009 ka kgwedi ya Phukwi a ya tshamekela setlhopha sa Santos F.C se se gaisanang mo South African Premier Soccer League. Ka ngwaga wa 2012 Boitumelo Mafoko o ne a boela Botswana go thsamekela setlhopha sa BDF XI kwa a duleng teng ka ngwaga wa 2014 a ya Jwaneng go tshamekela Jwaneng Galaxy FC. Mafoko o tlogetse kgwele ya dinao ka mabaka a bogodi ka ngwaga wa 2018. [1]

Ditshupiso[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 https://www.transfermarkt.com/boitumelo-mafoko/profil/spieler/71342 Boitumelo Mafoko. Retrieved 17 October 2022

Dikarolo tse di kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

  • Boitumelo Mafoko at National-Football-Teams.com