Jump to content

Boity Thulo

Go tswa ko Wikipedia

Boitumelo "Boity" Thulo o belegwe ka di 28 Moranang 1990, yo o itsegeng thata ka leina la Boity, ke motho wa thelebišene wa Aforika Borwa, seopedi, motshameki, mosadi wa kgwebo le mmotlelara.

Tsa Botshelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Boity ke morwadia Modiehi Thulo, mmaagwe.Thulo o ne a ithutela thutotlhaloganyo le bosenyi kwa Yunibesithing ya Monash, mme moragonyana a tlogela ka gonne mmaagwe a ne a sa kgone go mo duelela madi a yunibesiti. Morago ga moo o ne a saena tumalano le setheo sa go dira batho ba ba tla dirang tiro ya gagwe, mme seno sa dira gore a tlhagelele mo papatsong ya Wimpy ka 2010.Ka Ngwanatsele 2022, Boity o ne a etelela pele Rose Fest ga mmogo le Ami Faku, Simmy le Busiswa.[1]Ka 4 Sedimonthole 2020, o ne a golola EP 4436, e e neng e tlhagisa thata Boity, mme e na le dikarolo gotswa go Riky Rick, le diopedi tse dingwe tse di farologaneng.[2] Alebamo e ne ya tlhophiwa kwa 27th South African Music Awards jaaka alebamo e e siameng e le tota ya Hip Hop.

Ka 2019, Thulo o ne a bitswa e le e mong wa Forbes Africa's 30 Under 30 bakeng sa tlatsetso ya hae lefapheng la mmino le boithabiso. Ka 8 Tlhakole 2019, o ne a golola pina ya gagwe e le engwe ya bobedi e e bitswang "Bakae". Thulo o belegetswe kwa Potchefstroom, kwa Bokone Bophirima, kwa a godisitsweng ke nkokoagwe wa ga mmaagwe. Ke morwadia Modiehi Thulo, mmaagwe.

Thulo o ne a kile a ratana le rapper Cassper Nyovest mme ba bonwa ba na le kamano e e sa tlhomamang. Bobedi ba ne ba beeletsana mme morago ga moo ba ne ba kgaola kgolagano ya bone mme ba fedisa kamano ya bone ka Sedimonthole 2015. Ka Diphalane 2021, Thulo o ne a isiwa kwa bookelong morago ga go lwa le Bujy Bikwa.

Forbes Africa 30 Under 30 creatives

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Phukwi 2019, Thulo o ne a bidiwa ke makasine wa Forbes mo lenaaneng la batho ba le 30 ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le 30 ka ntlha ya seabe sa gagwe mo mminong le mo kgwebong ya boitlosobodutu, lenaane le ne le na le batho ba bangwe ba ba tlhamang ba maAforika ba ba jaaka moopedi wa kwa Nigeria Burna Boy, motshameki wa mo Aforika Borwa, motho wa thelebišene le radio Thando Thabethe, motaki wa segompieno wa kwa Ghana Joseph Awuah-Darko, yo gape a itsegeng jaaka Okuntakinte le motsamaisi wa difilimi wa kwa Kenya, motlhami le mokwadi wa difilimi Njue Kevin.

  1. https://briefly.co.za/tags/boity/?page=3
  2. https://www.timeslive.co.za/tshisa-live/tshisa-live/2020-12-04-boity-on-her-ep-4436-guidance-from-her-ancestors-and-normalising-snuff/#google_vignette