Jump to content

Bongiwe Msomi

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Bongiwe msomi)

Bongiwe Msomi (o tshotswe ka 19 Ferikgong 1988) ke motshameki wa bolotloa wa Aforika Borwa. O tshamekile mo boemong jwa Centre le Wing attack. Msomi ke mo tlhami wa Bongi Msomi Netball Project, setlamo se se lebelelang go godisa itshopo ya bolotloa ka go godisaga kitso ya yone, tlamelo ya kitso ya bokatisi/motshameki.[1] Msomi o na le dipoloma ya bosetshaba mo Sport Management go tswa go Durban University of Technology.[2]

Botshelo jwa pele, lelapa, kgolo ya bolotloa ya pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Msomi o tshotswe mme a godisetswa kwa Durban, Aforika Borwa, a golela kwa Hammarsdale. Msomi ke ngwana wa botlhano mo baneng ba le robedi. Mme wa gagwe o ne a dira diaparong kwa femeng. Rraagwe o tlhokafetse fa a ne a simolola tiro ya gagwe ya bolotloa. Nnake wa gagwe o ne a tshameka bolotloa mo tlase ga porofense ya Bokonebophirima.[3] Msomi o ne a sena motho yo a ne a ka lebelela mo go ena ka ga bolotloa gonne mo thelebishining go ne go sena moitseanape wa yona, kgotsa go itse motshameki wa bolotloa yo motsho.[4] Msomi o simoletse go tshameka ka ngwaga wa 2004 a na le dingwaga dile 16 fa a ne a le kwa sekolong se segolo sa Chief Luthayi kwa Durban.[5]

Tiro ya bosetshaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Msomi o tshamekile kwa KwaZulu Natal Kingdom Stars mo Aforika Borwa, a katisa setlhopha kwa Brutal Fruit Premier League.[6] Ka 18 Phatwe 2016 Msomi a itsisiwe jaaka mokatisi wa SPAR Protea ka leeto la bone la go ya New Land le Australia. O nnile mokatisi wa Spar Protea ka ngwaga wa 2017 le ngwaga wa 2018.[7]

  1. https://www.news24.com/sport/othersport/south-africa/proteas-captain-bongi-msomi-calls-time-on-illustrious-netball-career-20231215
  2. https://www.dut.ac.za/Bongiwe_Msomi_s_light_shines_again/
  3. https://www.birmingham2022.com/queens-baton-relay/batonbearer-stories/bongiwe-msomi
  4. https://www.birmingham2022.com/queens-baton-relay/batonbearer-stories/bongiwe-msomi
  5. https://supersportschools.com/bongiwe-msomi-luthayi-high-school/
  6. https://www.englandnetball.co.uk/bongiwe-msomi-joins-wasps-netball/
  7. https://tfgmedia.co.za/life-style/real-life-stories/sas-netball-captain-bongiwe-msomi-is-aiming-high/