Jump to content

Bontle Modiselle

Go tswa ko Wikipedia

Bontle Modiselle Moloi tshotswe ka 7 October 1990 ke motshameki mo thelebisheneng wa Aforika Borwa, mogasi wa thelebishene, motho wa radio, mmini, mokwadi, moopedi le mmotlelara. Ka 2015, o ne a tshameka mo baesekopong ya go bina ya Hear Me Move, e e neng ya dira gore a amogele mpho ya Africa Movie Academy le go tlhopiwa jaaka Best Actress in a Supporting Role.[1]

Tsa Botshelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Bontle Jade-Lee Modiselle o tshotswe ke batsadi Percy le Grace Modiselle, ka 7 October 1990, kwa Soweto, Johannesburg, mme o goletse thata kwa kgaolong ya bokonebotlhaba jwa Johannesburg.[2] O tswa mo setlhopheng sa morafe o o buang Se-Bantu sa Tswana. Modiselle o na le bokgaitsadie ba le babedi: mmotlelara Refilwe Modiselle le motho wa thelebishene Candice Modiselle, ba bobedi jwa bone ba tlhagelelang mo thelebisheneng.[3][4] Rraagwe Modiselle yo e neng e le mmotlelara, o ne a ipolaya.[5] Modiselle o ne a ipona molato ka ntlha ya loso lwa gagwe fa a ne a lora ka tiro pele ga e diragala.[6] O ne a bolelela batsadi ba gagwe ka bobedi morago ga go diragalelwa ke toro e e tshosang, mme go ne ga fitlhelwa e le boammaaruri e e neng ya mo ama thata.[7] Modiselle o ne a tsena Yunibesithi ya Johannesburg koo a neng a bona dikerii ya Bachelor of Arts Degree in Corporate Communications.[8]

Tsa Tiro le Mmino

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2007, Modiselle o simolotse tiro ya gagwe ya go bina ka go iponagatsa kwa a binelang teng, go akaretsa le ditlelase tsa go bina tse di neng di eteletswe pele ke badiragatsi.[9] O ne a tlhagelela la ntlha mo go gasiwang badiri ka thelebishene jaaka mmotlelara wa mmino go gatiso ya ditshwantsho le gonna mmini ka dinako tse dingwe. Bontle o ne a tlhagelela mo dikhatisong tsa ditshwantsho di le dintsi tsa diopedi tse di itsegeng go akaretsa DJ Tira, Rouge le Major League DJz. Tiragalo ya go bina e ne ya mo itsise mo go badiri ba mmino le thelebishene ya go nna motshameki, fa a ne a dira filimi ya gagwe ya ntlha mo filiming ya go bina-drama ya Hear Me Move (2014), a tshameka "Khanyi".[10][11] Modiselle o ne a tshameka le go tlhagelela ga ntlha go drama series SABC3 Thula's Vine, koo a neng a tshameka "Lindi".[12] Gape o ne a tshameka mo Mzansi Magic Lokshin Bioskop shot-film Lokshin FM, a tshameka "Meme".[13][14]

Ka nyalo le Lerato

[fetola | Fetola Motswedi]

Modiselle o nyetswe ke seopedi Ricardo Moloi yo o itsegeng jaaka Priddy Ugly, yo a kopaneng le ene ka 2009.[15] Ka 19 Phatwe 2019, ba ne ba dira kitsiso ya gore ba tlile go bona ngwana wa bone wa ntlha ka go dirisa metswedi ya loago e e bontshang go tlhaga ga ngwana wa ga Modiselle.[16][17] Ba ne ba nyalana ka 28 Lwetse 2019, mo lenyalong la setso la Afrika.[18]

  1. "SA films leads the way at AMAA nominations". TimesLIVE.
  2. "People of Jozi – Meet Bontle Modiselle". Sandton Magazine.
  3. "Why the Modiselle sisters still live with their mom". SowetanLIVE.
  4. "Bontle Modiselle sends a sweet shoutout to her sisters". TimesLIVE.
  5. "Bontle Modiselle opens up about having a successful career in entertainment". Briefly.
  6. ""I Blamed Myself For My Dad's Death," Bontle Opens Up". OkMzansi.
  7. "Bontle Modiselle: I always blamed myself for my dad's death". IOL.
  8. "#WCW: Bontle Modiselle shines bright like a diamond". IOL.
  9. "Bontle Modiselle – Dancing her way to the top". Bona Magazine. Archived from the original on 6 July 2019. Retrieved 6 July 2019.
  10. "South Africa's first dance film making waves". 702.
  11. "Bontle Modiselle- Hear Me Move!". ZAlebs. Archived from the original on 6 July 2019. Retrieved 6 July 2019.
  12. "Thula's Vine (TV Series 2017) – Full Cast & Crew". IMDb.
  13. Bontle Modiselle-Moloi lands lead role in upcoming Netflix film | Bona Magazine
  14. "Tune into Mzansi Bioskop channel 164 NOW... – Bontle Modiselle". Facebook.
  15. "Couple Crush: Bontle Modiselle and Priddy Ugly". People Magazine. Archived from the original on 23 September 2020. Retrieved 3 September 2019.
  16. "Bontle Modiselle announces pregnancy: Ten years of our love has given life to our first love". TimesLIVE.
  17. "Bontle and Priddy Ugly Announce They're Expecting With Music Video". COSMOPOLITAN South Africa.
  18. "Priddy Ugly and Bontle tie knot in surprise traditional wedding". Briefly SA.