Botlogile tshireletso
Botlogile Tshireletso ke mongwe wa mapolotiki mo Botswana, motsadi le mongwe wa badiri ba melao yo o kileng a bereka e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, go tswa ngwaga wa 2004.[1] [2]E ne e mopalamente wa kgaolo ya botlhaba ya Mahalapye, mo palamenteng ya Botswana.[3] Pele ga e nna
| Botlogile Tshireletso | |
|---|---|
| Minister of Local Government and Rural Development | |
| In office 2018 | |
| Constituency | Mahalapye East |
mopaamente, Mmantshire jaaka a itsege ka lone ko motseng wa Mahalapye, o kile a nna mokhanselara mo kgotleng a Xhosa 1. O dirile e le mokhanselara lebaka la ngwaga tse masome a mabedi le botlhano le masome le botlhano e le mopalamente.
Botshelo le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Mme Tshirletso o na le setlanakana sa dithuto tsa polotiki sa ko Tashkent University ko Russia, e gompieno e leng Uzbekistan.[4]
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Botlogile Tshireletso o dirile tshimologo ya gagwe ya sepolotiki ka 1978, morago ga go thapiwa ke Resaapele Senai. Ka nako eo, tsotlhe tse a neng a di tshotse e ne e le "setifikeiti sa lenyalo se se pateleditsweng" sa dingwaga di le thataro se a neng a re ga se a ka sa oketsa boleng jwa botshelo jwa gagwe.[5]
O godiseditswe mo lelapeng le le neng le tshegetsa Botswana Democratic Party (BDP) thata. Tshireletso o ne a bolelela BOPA (Botswana Printing Agency) mo potsolotsong gore fa a le dingwaga di le 23, o ne a sa tlhole a kgatlhegela dipolotiki ka a ne a lora ka go nna le setifikeiti sa seporofešenale. Moragonyana Tshireletso o ne a gogelwa ke boradipolotiki ba ba nang le maitemogelo kwa ofising ya Mahalapye BDP koo a neng a thapiwa go dira tiro ya maemo a a kwa tlase. O ne a laelwa go thapa maloko a maša mme a dira ka natla go ba boloka ba le matlhagatlhaga, a sa itse, se se simolotse botshelo jwa gagwe mo tirong ya sepolotiki.
Pele a nna Mopalamente, mmagwe bana ba le bararo e ne e le Mokhanselara wa Mahalapye East ward (pele ga thulaganyo ya go kgaoganya melelwane). O ne gape a le modulasetilo wa Central District Council (CDC). Tshireletso o ne a le kwa CDC dingwaga di le 25. O ntse a le mo Palamenteng go tloga ka 2004.
Bona gape
[fetola | Fetola Motswedi]- Kabinete ya Botswana
- Palamente ya Botswana
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Botswana Daily News (5 April 2018). "Botswana: New Botswana Cabinet Appointments". Botswana Daily News via AllAfrica.com. Gaborone. Retrieved 6 April 2018.
- ↑ DUBE, CHAKALISA. "Mmegi Online :: Tshireletso hangs political stilettos". Mmegi Online. Retrieved 24 May 2021
- ↑ https://dailynews.gov.bw/news-detail/13934
- ↑ Gaoswediwe, Ndingililo (11 June 2019). "Botlogile Tshireletso: Impact and legacy". Botswana Daily News. Retrieved 27 May 2021.
- ↑ Gaoswediwe, Ndingililo (11 June 2019). "Botlogile Tshireletso: Impact and legacy".