Brandon Wilson (soccer)

Go tswa ko Wikipedia

Brandon James Wilson (a tshotswe 28 Firikgong 1997) ke motshameki wa kgwele ya dinao yo o tshamekang jaaka molegare mo setlhopheng sa Hanoi FC se se mo V. League 1. Wilson o tsholetswe mo Botswana mme a ya go nna kwa Australia a sale dingwaga tse di kwa tlase. Go tsweng koo one aya ga Mmamosadinyana (England) go tshameka kgwele ya dinao ya makawana a dingwaga tse di kwa tlase mo setlhopheng sa Burnley pele ga motshameko wa gagwe wa ntlha mo  setlhopha se segolwane sa Stockport County. One a boela Australia go ya go tshameka mo setlhopheng sa Perth Glory ka ngwaga wa 2016.

Botshelo Pele[fetola | Fetola Motswedi]

Wilson o tsholetswe mo Gaborone mo Botswana. Batsadi ba gagwe ke ba letso la sekgoa kwa ga Mmamosadinyana (England). Onnile kwa England kwa Doncaster gotswa ale dingwaga di le pedi mme yare ale dingwaga dile lesome aya go nna kwa bophirima jwa Australia.[1]

Ditlhopha Tsea Di Tshameketseng[fetola | Fetola Motswedi]

Wilson o tshameketse setlhopha sa Burnley ka ngwaga wa 2013[2] mme aya ko setlhopheng sa Stockport County ka kadimo ka ngwaga wa  2016.[3] Mme ene ya re ka kgwedi ya Phukwi mo go yone ngwaga wa 2016, Wilson a boela kwa bophirima jwa Australia koo aneng a tsena mo tumalanong le setlhopha sa Perth Glory se se mo A.League.[4] o tshamekile motshameko wa gagwe wa ntlha mo setlhopheng sa Perth Glory ka kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi ale lesome ngwaga wa 2016, fa ba ne ba fenya ka nno tse pedi go lefela kgatlhanong le setlhopha sa Brisbane Roar mo sejaneng sa FFA sa 2016( 2016 FAA Cup).[5] Wilson o bontsi jwa nako a tshamekang mo gare, oile a supa bokgoni kana kitso ya gagwe mo kgweleng ya dinao fa  ane a tshwareletse jaaka motshameka morago, mme ba fenya  setlhopha sa Melbourne ka kgwedi ya Sedimonthole. Ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2022, setlhopha sa Newcastle Jets seile sa supa fa se tsene mo tumalanong e khutshwane le Wilson go fitlhela setlha sa  borre sa 2021- 22 A. League se wela( 2021-22 A. League Men).[6]

Tiro kwa Mafatsheng[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Lwetsi ngwaga wa 2015, Wilson one a bitswa mo setlhopheng sa Australia sa makawana aa kafa tlase ga dingwaga tse di masome mabedi( Australian under 20) go ya go tshameka mo 2016 AFC U-19 Champion qualification kwa Laos.[7] Mo motshamekong wa gagwe wa ntlha bane ba fenya kgatlhanong le Laos.[8] Wilson ona gape le tetla ya go tshamekela setlhopha se setona sa Botswana.[9] Ka ngwaga wa 2019, kgwedi ya Ngwanatsele, Wilson ene ele mongwe wa makawana a mane aa neng a seegetswe fa thoko ka nakwana  ke ba setlhopha sa makawana aa kafa tlase ga dingwaga tsedi masome a mabedi le boraro ( Australian under 23) ka ntlha ya maitshwaro aa makgwakgwa.[10]

Tlotla[fetola | Fetola Motswedi]

Perth Glory

A. League: Premiers 2018-19

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Burnley's boys from Down Under". FourFourTwo. 9 February 2014. Archived from the original on 11 September 2016. Retrieved 18 August 2016
  2. Burnley's Brandon Wilson keeping options open". FourFourTwo. 9 February 2014. Archived from the original on 11 September 2016. Retrieved 18 August 2016
  3. Aussie Wilson links up with Stockport". Clitheroe Advertiser and Times. 28 March 2016. Retrieved 18 August 2016
  4. Perth Glory signs WA-bred midfielder Brandon Wilson with English side Burnley". The Sunday Times. 1 July 2016. Retrieved 18 August 2016
  5. "Brisbane Roar FC vs Perth Glory, FFA Cup, Round of 32, 10th Aug 2016". 31 July 2017
  6. Gardiner, James (28 February 2022). "Former Olyroo to add starch to Jets midfield". The Newcastle Herald. Retrieved 28 February 2022
  7. Young Socceroos squad named for upcoming AFC U19 Championship Qualifiers in Laos". Fox Sports. 25 September 2015. Retrieved 18 August 2016.
  8. Laos 0–2 Australia". Asian Football Confederation. 4 October 2015. Retrieved 18 August 2016
  9. I would love to play for the Zebras – Wilson". 25 August 2016. Retrieved 26 October 2016
  10. Four Australia Under-23 players banned after complaint from woman". BBC Sport. 19 November 2019

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Brandon Wilson at Soccerway