Brenda Fassie

Go tswa ko Wikipedia
Brenda Nokuzola Fassie
O itsegi gape eleMaBrr
Tsalo(1964-11-03)3 Ngwanatsele 1964
Langa, South Africa
Leso9 Motsheganong 2004(2004-05-09) (aged 39)
Johannesburg, South Africa
Mefota[[Afropop music[Afropop]]
Ditiro
  • Singer-songwriter
  • dancer
  • activist
Dingwaga tsa a le mo boopeding1981-2004
LabelsCCP
Formerly ofBrenda and the Big Dudes

Brenda Nokuzola Fassie[1] (3 Ngwanatsele 1964 - 9 Motsheganong 2004)[2] ene ele seopedi, mokwala dipina, sebini le molwela ditshwanelo[3] wa Aforika Borwa. MaBrr jaaka barati ba gagwe ba ne ba mmitsa, o ne a itsege gape ele "Kgosigadi ya African Pop", ele " Madonna wa Makeishane" kgotsa hela The Black Madonna. Bopelokgale ja ditiragatso tsa gagwe tsa mo seraleng jwa mo direla leina "makgwakgwa"[4]; se se hakgamatsa ka leina la gagwe la seXhosa, Nokuzola le raya "tidimalo", "thitibalo", kgotsa "kagiso".

Botshel0[fetola | Fetola Motswedi]

Brenda Nokuzola Fassie o tsholetswe kwa Langa, Cape town ka di 3 Ngwanatsele 1964, ele ene ngwana wa bofelo mo go baba borobabongwe. O ne a reeletswe ka seopedi sa Amerika Brenda Lee. Rraagwe o tlhokafetse Brenda ale dingwaga tse pedi; ka thuso ya ga mmaagwe, motshamekapiano, o ne a simolola go dira madi ka go opelela bajanala.

Ka ngwaga wa 1981 ale dingaga di le lesome le borataro, a etelwa ke Hendrick "Koloi" Lebona[5][6]. Ka ntlha ya seo one a tlogela Cape Town go ya Soweto, Johannesburg go batlisisa lesego la gagwe jaaka seopedi. Fassie one a golagana le sethopa sa kopelo sa Joy (boemong ja mongwe wa maloko yo neng a ile malatsing a pelegi)[7] mme morago a nna moeteledipele wa sethopha sa mmino wa lekeishane se bitswa Brenda and the Big Dudes. O ne a nna le ngwana wa mosimane, Bongani, ka 1985 le leloko ka ene la Big Dudes. o ne a nyalana le Nhlanhla Mbambo ka 1989, mme bobedi jo jwa kgaogana ka 1991. Ka nako eo o ne a fetoga lekgoba la setagi sa cocaine mme tiro ya gagwe ya boga ka ntlha ya seo.[8][9]

Ka go bua ka tshosologo le go thola metsesetoropo e humanegileng ya Johannesburg, gammogo le dipina ka botshelo jwa metsesetoropo, Fassie o ne a itumelela go tuma mo go oketsegileng. O ne gape a dirisa kopelo ya gagwe go ema kgathanong le puso ya tlhaolele mo Aforika Borwa[10]., o ne a golola pina "Black President" ele mpho go Nelson Mandela, legolegwa la sepolotiki mme morago tautona wa ntlha yo montsho wa Aforika Borwa. Tumo ya gagwe ka dipina tsa "Weekend Special" le "Too Late for Mama", Fassie one a bidiwa " The Madonna of the Townships" ke pampiri ya Time ka 2001[4].

Ka 1995, one a fitlhelwa mo oteleng ana le mmele wa mokapelo wa gagwe wa mme, Poppie Sihlahla, yo o neng a bolailwe ke se se neng se lebega jaaka tiriso ya ditagi e feteletseng[5]. Fassie o ne a ya kwa go thusiwang batho go fola teng mme a kgona go busetsa tiro ya gagwe mo tseleng[5]. Le fa go ntse jalo, o ne a ntse a na le mathata a tiriso ya ditagi, mme a nna a boela ko lefelong leo makgetho ale masome a mararo mo botshelong jwa gagwe[5]. Go tswa ka 1996 go ya pele o ne a golola di alebamo tsa ale nosi di le mmamlwa, go akaretsa Now is the Time, Memeza(1997), le Nomakanjani?. Bontsi ja di alebamo tsa gagwe di ne tsa nna tsa theko e ko godimo(multi-platinum sellers) mo Aforika Borwa; Memeza e ne ele alebamo e rekisitsweng thaata ka 1998[5].

Loso[fetola | Fetola Motswedi]

Mo mosong wa di 26 Moranang 2004, Fassie one a idibala kwa lapeng la gagwe kwa Buccleuch, Gauuteng, mme a robatswa mo sepateleng sa Sunninghill. Babegadikgang ba ne ba bolelelwa fa a na le bolwetse jwa go ema pelo mme morago ga supiwa fa a le mo kidibalong e kgolo(coma) e e bakilweng ke khupelo[11]. Dipatlisiso tsa morago ga loso tsa supa fa Fassie a ne a fetisa go sena selekanyo(overdose) ditagi tsa cocaine ka letsatsi la fa a tlaa idibala, mme se ene ya nna one mabaka a kidibalo ya gagwe(coma). O ne a ema go hema mme a nna le kgobalo ya boboko ka mabaka a go tlhaelelwa ke phefo. Fassie one a tlholwa kwa sepatela ke Rre Nelson Mandela, Winnie Mandela le Thabo Mbeki mme seemo sa gagwe e ne ele dikgang tsa tsebe e e kwa pele mo dipampiring tsa Aforika Borwa[5][12]. O tlhokafetse ale dingwaga dile masome a mararo le borobabongwe kwa sepateleng morago ga gore didirisiwa tsa di tshegetsang botshelo(life support machines) di timiwe. Go ya ka pampiri ya Sunday Times le batsamaisi ba kompone ya gagwe ya kopelo, dipatlisiso tsa morago ga loso di ne tsa supa fa gape ane ana le mogare wa HIV. Motsamaisi wa gagwe(manager) Peter Snyman o ne a ganetsa karolo eo ya pego. Ba lalapa la gawe go akaretsa le molekane wa gagwe ba ne ba le mo letlhakoreng la gagwe fa a tlhokafala.

Temogo[fetola | Fetola Motswedi]

Fassie o fentse dietsele di le tlhano tsa South African Music Awards: Modiragatsi wa mme yoo gaisitseng le pina ya ngwaga ka 1999, kgatiso e e rekisitsweng thaata mo dingwageng di le some le pina e e gaisitseng mo dingwageng tse some ka ngwaga wa 2004, le seetsele sa phitlhelelo ya botshelo ka 2005. O ne gape a ikgapela dieetsele tse tharo tsa Kora Awards. Modiragatsi yo o solofetsang thaata wa mme mo Aforika le modiragatsi wa mme yo o gaisitseng mo Aforika ka 1996, le Jury Special Award ka 2001. One a tlhophiwa ele wa bo lesome le bosupa mo go ba ba lekgolo ba ba golo mo Aforika Borwa.

Morwa wa gagwe Bongani "Bongs" Fassie one a diragatsa "I'm So Sorry", e lebagane le Mme maagwe mo pineng ya mmino mo basekopong ya Tsotsi ka 2005. Ka Mopitlo 2006 petlo ya bogolo ja botshelo ya boronse(life-size bronze sculpture) ya ga Fassie go tswa go modiragatsi Angus Taylor ene ya bewa kontle ga Bassline, lefelo la mmino ko Johannesburg[13].

Mokwalo wa Mmino[fetola | Fetola Motswedi]

Bontsi ja direkote tsa ga Fassie di ntshitswe ke ba EMI-e e leng ya CCP Records.

With The Big Dudes:

  • 1983: Weekend Special
  • 1984: Cool Spot (EP)
  • 1984: Let's Stick Together
  • 1984: Someone To Love (Maxi)
  • 1985: Higher and Higher
  • 1985: Touch Somebody (EP)
  • 1986: No No Senor

Solo albums:

  • 1987: Brenda
  • 1987: Ag Shame Lovey
  • 1988: Umuntu Ngumuntu Ngabantu
  • 1989: Too Late for Mama
  • 1990: Black President
  • 1991: I Am Not a Bad Girl
  • 1992: Yo Baby
  • 1993: Mama
  • 1994: Abantu Bayakhuluma
  • 1995: Umuntu Uyashintsha
  • 1996: Now Is the Time
  • 1997: Paparazi
  • 1998: Memeza
  • 1999: Nomakanjani
  • 2000: Thola Amadlozi
  • 2001: Myekeleni
  • 2002: Mina Nawe: Ngohlala Ngi Nje
  • 2003: Mali
  • 2004: Gimme Some Volume
  • 2004: Greatest Hits: The Queen of African Pop (1964-2004)

Fassie o ne gape a nna le seabe mo alebamong ya ga Mandoza ya Tornado (2002), Mariam Makeba Sangoma (1988) le alabamo ya kgatlhanong le kgokgontsho ya ga Harry Belafonte Paradise in Gazankulu (1988). O ne a opela mo dipineng tsa pedi tsa kgatiso ya Yizo Yizo (tshotlhe di ntshitswe ka 2004).

Bona Gape[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Brenda Nokuzola Fassie". South African History Online. Retrieved 17 Phalane 2023.
  2. Wade, Kergan. "Brenda Fassie: Biography". Allmusic. Retrieved 17 Phalane 2023.
  3. Wyatt, Hugh (29 November 1990). "Anger at Injustice Fuels Brenda Fassie's Music". Chicago Tribune. Retrieved 17 Phalane 2023
  4. 4.0 4.1 Desa Philadelphia, "Brenda Fassie: Africa: The Madonna Of The Townships", Time, 17 Phalane 2023.
  5. 5.0 5.1 5.2 5.3 5.4 5.5 "Brenda Fassie: A very human hero". BBC News. London. 10 May 2004. Retrieved 17 Phalane 2023
  6. Walsh, Declan (10 October 2011). "Brenda Fassie: Brash and brilliant queen of African pop". The Independent. Retrieved 17 Phalane 2023.
  7. "Brenda Nokuzola Fassie", South African History Online
  8. Lategan, Annel (18 May 2004). "The life of Brenda Fassie". Women24. Archived from the original on 12 May 2014. Retrieved 17 Phalane 2023
  9. McGregor, Liz (11 May 2004). "Obituary: Brenda Fassie". The Guardian. Retrieved 17 Phalane 2023.
  10. Olaoluwa, Senayon (2016). "Singing Peace, Harmonizing Discordant Tunes: Tracking a Transnational Trajectory of Peace". Peace & Change. 41 (4): 475–509. doi:10.1111/pech.12203. ISSN 0149-0508
  11. Diane Coetzer, "South Africa's Brenda Fassie Dies Aged 39" Archived 16 September 2015 at the Wayback Machine, Billboard, 10 May 2004.
  12. "South Africans mourn top pop diva". BBC News. London. 11 May 2004. Retrieved 17 Phalane 2023.
  13. "Public Art". Newtown Heritage Trail. Retrieved 17 Phalane 2023.

Dikgolagano Tsa Kafantle[fetola | Fetola Motswedi]

  • Brenda Fassie mokwalo wa mmino ko Discogs