Buka ya Americanah

Go tswa ko Wikipedia
Americanah
MokwadiChimamanda Ngozi Adichie
LefatsheNigeria
TemeEnglish
SeriesAla Notable Books for Adults
MofutaFiction novel
ModiriAlfred A. Knopf
Letsatsi le dirilweng ka lone
May 2013
Media typePrint (Hardback)
Pages608 pp.
ISBN978-0-307-96212-6

Buka ya setlhogo sa Americanah, ke buka ya ditiragalo tse di itlhametsweng e e kwadilweng ka ngwaga wa 2013 ke mokwadi wa kwa Nigeria Chimamanda Ngozi Adichie, o fentse seetsele ka yone ka ngwaga wa 2013 sa U.S National Book Critics Circle Award.[1] Americanah e bolela polelo ya lekgarejwana la kwa Nigeria, Ifemelu, o o fudugelang kwa lefatsheng la United States go tsena sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro. Buka e, e setse morago botshelo jwa ga Ifemelu mo mafatsheng ka bobedi, mme e ama le polelo ya gagwe ya lorato lwa gagwe le mokapelo wa gagwe o ba tseneng sekolo mmogo Obinze. Buka e, ke ya boraro ya ga Adichie, e e gatisitsweng ke kompone ya Alfred A Knopf, ka ngwaga wa 2013, Motsheganong a le malatsi a le lesome le bone.

Tshoboko[fetola | Fetola Motswedi]

Buka ya Americanah e bua ka baratani Ifemelu le Obinze kwa sekolong kwa Lagos. Ka nako eo lefatshe la Nigeria le ne le le mo taolong ya sesole batho ba batla go fuduga mo lefatsheng leo. Ifemelu o fudugela kwa United States go tsweledisa dithuto tsa gagwe, kwa a kopanang le dikgwetlho tsa kgethololo ya mmala le dipharologanyo tsa ditso: Ifemelu o itemogela e le lantlha gore go nna motho o montsho go raya eng.[2] Obinze o ne a solofetse gore o tla mo latela kwa U.S, mme o ne a seka a neelwa teseletso morago ga tlhaselo ya letsatsi la lesome le bongwe la kgwedi ya Lwetse. O ya kwa Lontone kwa a nnang motswakwa o o senang tetla morago ga gore malatsia a a mo teseletsong ya gagwe a fele.[3][4]


Morago ga dingwaga, Obinze o boela kwa Nigeria kwa a nnang mohumi ka go tlhabolola dikago kwa lefatsheng le jaanong e leng la puso ya batho ka batho. Ifemelu o a atlega kwa United States, kwa a itsegeng ka ntlha ya go bua ka lotso kwa America mo maranyaneng, puisano e o e bitsa "Raceteenth or Various Observations About American Blacks by a Non-American Black." [4]Fa Ifemelu a boela kwa Nigeria, bobedi jwa bone ba akanya go tsosolosa botsalano jwa bone ka ntlha ya maitemogelo a ba nnileng le one mo dingwageng tse ba neng ba se mmogo.

Baanelwa[fetola | Fetola Motswedi]

  • Ifemelu - Moanelwamogolo. O tsholetswe kwa Lagos, Nigeria, o tsena sekolo kwa America.
  • Obinze - O godiseditswe kwa Nsukka, Nigeria. Mmagwe o e leng morutuntshi, o mo rutile go apaya, le go mo ratisa dibuka.
  • Mmagwe Obinze - morutuntshi kwa Nsukka University ebile e le moswagadi. O nna le dikgwetlho le mokgwa o batho ba Nigeria ba bone bomme ka one.
  • Batsadi ba ga Ifemelu - Mmagwe Ifemelo ke moreri wa efangele wa mokeresete o o itimang dijo go koba mmaba saatane mo botshelo jwa lolwapa la gagwe. Rragwe Ifemelu ga a na maatla a go mo emisa. O latlhegelwa ke tiro kwa lephateng la puso mme o retelelwa ke go tlhokomela lolwapa lwa gagwe
  • Rakgadiagwe Ifemelu ebong Uju - ntsalae rragwe Ifemelu. O itshwara jaaka mogolowe Ifemelu. O simolola botsalano le General, o belega ngwana wa mosimane e bong Dike. Morago ga go tlhokafala ga ga General, Uju o fudugela kwa America kwa a sokolang go tsweledisa thuto ya gagwe ya kalafi e a e simolotseng kwa Nigeria.
  • Dike - Ngwana wa mosimane wa ga Uju le General. O tsholetswe kwa United States, o reelelwa ka rragwe Uju a bo a neelwa le sefane sa ga Uju. Morago ga go belegwa, Dike le Uju ba boela kwa Nigeria kwa letsatsi la gagwe la matsalo le jelwang teng; moragonyana rragwe o a tlhokafala ka ntlha ya go phatlakana ga sefofane. Dike le Uju ba tshaba kwa Nigeria go tshaba lehuma le le tsisiwang ke go bo ba lolwapa la ga rragwe ba tsere dithoto tsa gagwe tsotlhe. O nna pele kwa New York, a tloge a ye Massachussetts. Maiteko a gagwe a go ikgapela botshelo a utlusa ba lolwapa lwa gagwe botlhoko a bo a gatelela dikgwetlho tse malwapa a batswakwa ba di itemogelang fa ba leka go tshelela kwa America.
  • The General - Mokapelo wa ga Rakgadi Uju ebile e le rragwe Dike.
  • Curt - Mokapelo wa ga Ifemelu wa ntlha wa moAmerica.
  • Blaine - mokapelo wa bobedi wa mo America wa ga Ifemelu, mothusa morutintshi o montsho kwa Yale o o kwalang mo maranyaneng ka lotso. Ifemelu o fudugela kwa New Haven go nna le ene.
  • Shan - kgaitsadie Blaine, mokwadi o o kgalang ba bangwe.
  • Kosi - mosadi wa ga Obinze o ba nang le ngwana mmogo
  • Buchi - ngwana wa ga Obinze le Kosi
  • Ginika - tsala ya ga Ifemelu o a mo itsileng fa a kopana le Obinze.

Kamogelo[fetola | Fetola Motswedi]

Ditshekatsheko[fetola | Fetola Motswedi]

Basekaseki ba galaleditse buka e, ba lemoga segolojang gore a bo e ama dichaba tse di farologaneng ebile e supa dikgotlhang tsa mafatshe. Mike Peed fa a ne a kwalela The New York Times o ne a re "Americanah e lebelela go nna motho montsho kwa America, Nigeria le Britain, mme e lebelela gape maitemogelo a batho mo lefatsheng ka bophara - bokao jwa se bo mo go eleng dilo tlhoko ga ga Adichie."[4] Emily Raboteau o o neng a sekaseka buka e kwa The Washington Post o supile fa Adichie e le moeladilotlhoko, a re o boammaruri mo dilong tse dintle le tse di maswe ka mafatshe a Nigeria le United States.[5] Laura Pearson wa Chicago Tribune o kwadile gore buka e e kwadilwe bontle ka e lebelela dikgang tsa ditso, setho, botsalano,polotiki, puo, moriri, phudugo, dibuka le tautona wa pele Barack Obama.[6] E akaretsa di khontinente di le tharo, dingwaga tse dintsi mme ebile e tlola go tswa karolong e nngwe go tsena mo go e nngwe mo ditoropong tse di farologanneg le matshelo a a farologaneng. Tshilidzi Marwala o amanya Americanah le go utlwana ga dichaba.[7]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "National Book Critics Circle Announces Award Winners for Publishing Year 2013". National Book Critics Circle. March 13, 2014. Archived from the original on March 14, 2014. Retrieved March 13, 2014.
  2. Stefanie Anna Reuter (2015): "Becoming a Subject: Developing a Critical Consciousness and Coming to Voice in Chimamanda Ngozi Adichie's Americanah", in: Anja Oed (Hg.): Reviewing the Past, Negotiating the Future: The African Bildungsroman.
  3. Navaratnam, Subashini (9 August 2013). "Race-in-America Is a Central Character in 'Americanah'". PopMatters.
  4. 4.0 4.1 4.2 Peed, Mike (June 7, 2013). "Realities of Race 'Americanah,' by Chimamanda Ngozi Adichie". The New York Times.
  5. Raboteau, Emily (10 June 2013). "Book review: 'Americanah' by Chimamanda Ngozi Adichie". The Washington Post. Retrieved 14 August 2016.
  6. Pearson, Laura (June 28, 2013). "Review: 'Americanah' by Chimamanda Ngozi Adichie". The Chicago Tribune. Retrieved 14 August 2016.
  7. Marwala, Tshilidzi (September 14, 2020). "The rise of nationalism and Chimamanda Ngozi Adichie's Americanah". voices 360. Retrieved 3 January 2021.