Bumi Hills

Go tswa ko Wikipedia

Bumi Hills ke leina la setlhopha sa dithaba le lefelo la boitapoloso la safari kwa porofenseng ya Mashonaland West kwa Zimbabwe.Lefelo la boitapoloso la Bumi Hills Safari le mo lefelong le le dithaba le le lebileng kwa lotshitshing lo lo kafa borwa jwa Letsha la Kariba. Lefelo le le itsege ka diphologolo tsa lone tsa naga tse di kgatlhang le dipono tse dintle tsa lone, segolobogolo tsela e go lebegang Letsha la Kariba ka yone go tswa mo mokgokoloseng wa Bumi Hills.

O kgona go tsena ka sefofane ka difofane sa dikwgwa tse di fologelelang kwa lebaleng la difofane le le leng bokgakala jwa metsotso e le lesome le botlhano go tswa kwa ntlwaneng.

Bonno[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo la boitapoloso la Bumi Hills Safari ,e ne ya bulwa gape ke ba African Bush Camps ka kgwedi ya Firikgong mo ngwageng wa 2018 morago ga go baakanngwa ka madi a a lekanang ka $3M.Ntlo e no e na le dikamore di le lesome tse di nang le pono ya letsha le ntlo ya bonno jo bo faphegileng. Lefelo la konokono le itsege thata ka letamo le le nang le metsi a mantsi le le lebileng kwa letsheng. Ditiro tse di leng teng di akaretsa go ya go lebelela diphologolo tsa naga, go tshwara ditlhapi, go tsamaya ka sekepe fa letsatsi le phirima mo letsheng le go etela baagi ba lefelo leo go bona dithulaganyo tsa African Bush Camps Foundation.

Tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]