Jump to content

Busang Kebinatshipi

Go tswa ko Wikipedia
Busang Collen Kebinatshipi
Personal information
NationalityBotswana
Born (2004-02-13) 13 February 2004 (age 22)
Sport
SportAthletics
Event(s)400m

Busang Collen Kebinatshipi (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Tlhakole a le lesome le boraro ngwaga wa dikete tse pedi le bone(2004) ke motabogi yo o tswang kwa Botswana. Ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro, o ne a nna mampodi wa Aferika wa lebelo la dimetara dile makgolo a mane mo go ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga masome a mabedi.[1]

O fentse seetsele sa gauta mo lebelong la dimetara dile makgolo a mane kwa dikgaisanyong tsa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro tsa Aferika tsa ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi le ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di masome a mabedi kwa Ndola, Zambia a tlhoma rekote ya dikgaisanyo tseo ka nako ya disekonte di le 44.91.

Kebinatshipi e ne e le leloko la setlhopha sa motabogo wa neelano sa 4x400m sa borre sa Botswana, se se neng sa fenya gauta kwa dikgaisanyong tsa World Athletics U20 Championships kwa Nairobi ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bongwe.[2] Ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi, o ne a isa nako ya gagwe e e gaisang kwa tlase mo lebelong la dimetara tse makgolo a mane go ya kwa disekonteng tse 45.20.[3] Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi, o ne a fenya digauta e le leloko la setlhopha sa motabogo wa neelano sa 4x400m sa borre sa Botswana le se se tlhakaneng sa 4x400m kwa 2022 African Championships.[4][5]

O fentse lebelo la dimetara tse lekgolo kwa mabelong a 2023 African U18 le U20 Championships kwa Ndola, Zambia, ka Moranang wa 2023, a taboga rekote ya bokopano joo ya 44.91.[6][7] Ka kgwedi ya Seetebosio ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro , o ne a taboga 45.01 go fenya bokopano jwa mafatshefatshe kwa Hengelo, Netherlands a fenya lebelo le le neng le na le batabogi ba mafatshefatshe , ba akaretsa Vernon Norwood le Zakithi Nene.[8]

Fa a taboga kwa dikgaisanyong tsa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023 World Athletics Championships kwa Budapest, o ne a isa nako ya gagwe e gaisang mo lebelong la dimetara di le makgolo a mane kwa tlase kwa go 44.80 go fetela kwa seka-magaolakgannyeng.[9]

2024: Motshameki wa metshameko ya Diolimpiki

[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a taboga jaaka karolo ya Botswana 4 × 400 m relay team e e neng ya ikwadisetsa ya ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024 Paris Olympics kwa 2024 World Relays Championships kwa Nassau, Bahamas.[10]

O ne a gaisana mo Metshamekong ya Di-Olympic tsa Selemo sa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024) mo metshamekong ya dimetara tse makgolo a mane ka kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone(2024), a dira nako e e gaisang ya gagwe go fitlha kwa makgaolakgannyeng.[11] O ne gape a gaisana mo kgaisanong ya banna ya 4 × 400 m relay kwa Metshamekong, a gapa sekgele sa selefera le setlhopha sa Botswana sa relay.[12][1][13]

2025: Mmampodi wa Lefatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a taboga metsotswana e le 44.53 go fetsa a le wa boraro mo metareng e le makgolo a mane kwa kgaisanong ya Xiamen Diamond League ya ngwaga wa dikete tse pedi le masoma a mabedi le botlhano (202)5 kwa China, ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025). [14] O ne gape a fetsa a le wa boraro mo metshamekong ya 400 metres kwa Shanghai Diamond League kwa China ka kgwedi ya Motsheganong e thola boraro ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), ka nako ya 44.63 seconds. [15]O ne a taboga ka metsotswana e le 44.51 a le mo maemong a boraro mo metareng e le makgolo a mane (400) kwa kgaisanong ya Diamond League kwa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025 Golden Gala )kwa Roma ka kgwedi ya Seetebosigo e le borataro ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025).[16]

Ka kgwedi ya Moranang wa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), Kebinatshipi o ne a fetsa mo maemong a bobedi mo kgaisanong ya dimetara di le makgolo a mabedi (200) kwa FNB Botswana Golden Grand Prix, e e neng ya dira gore a tshwanelegele go tsenela Dikgaisano tsa Lefatshe.[17]Ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), o ne a nna wa bobedi mo lobelong lwa banna lwa U23 lwa dimetara tse makgolo a mabedi (200) kwa Herculis 2025, morago ga mofenyi wa lobelo Gout Gout, a taboga ka metsotswana e le 20.28.[18]O ne a nna wa bosupa ka 400 metres kwa Diamond League Final kwa Zurich ka kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le borobabobedi.[19]

Ka kgwedi ya Lwetse dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), o ne a nna mmampodi wa lefatshe wa go feta dimetara di le makgolo a mane (400) a gaisana mo Metshamekong ya Lefatshe ya Athletics ya 2025 kwa Tokyo, Japane. O ne a taboga ka metsotswana e le 44.48 go ya kwa makgaolakgannyeng, pele a fenya mo makgaolakgannyeng ka metsotswana e le 43.61. O ne a fenya makgaolakgang ka rekoto e nngwe gape ya gagwe le rekoto ya bosetšhaba ya Botswana ya metsotswana e le 43.53.[20]Moragonyana o ne a gapa sekgele sa gouta jaaka karolo ya setlhopha sa Botswana mo kgaisanong ya banna ya 4 × 400 metres relay.[21]

2026: Motho yo o tshwereng rekoto ya Diamond League

[fetola | Fetola Motswedi]

Kebinatshipi o ne a taboga ka metsotswana e le 44.55 mo lobelong lwa gagwe lwa ntlha lwa makgolo a mane (400 m) mo ngwageng ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le borataro (2026), gape a taboga ka metsotswana e le 9.75 mo lobelong lwa 100 m a thusiwa ke phefo mo kgweding eo. Ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le borataro (2026), o ne a taboga ka metsotswana e le 9.89 mo metareng di le lekgolo (100) mo semi-finaleng (0.8 m/s) le go fenya makgaolakgang (1.2 m/s) ya Botswana Championships. Ka go dira jalo, o ne a nna monna wa bone mo hisetoring go roba sekgala sa metsotswana e le masome a mane le bone (44) mo mabelong a 400 m le sekgala sa metsotswana e le lesome mo mabelong a 100 m, morago ga Wayde van Niekerk, Michael Norman le Fred Kerley.[22]

O ne a tsenela dikgaisano tsa 2026 World Athletics Relays kwa Gaborone, o ne a siana mo makgaolakgannyeng a banna a 4 × 400 m relay fa setlhopha sa Botswana se ne se dira rekoto ya setšhaba ya 2:54.47 go gapa sekgele sa gouta le go fetela kwa maemong a boraro mo lenaaneng la lefatshe lotlhe.[23] Ka kgwedi ya Motsheganong e le masome a mabedi le boraro, o ne a bona phenyo ya gagwe ya ntlha ya Diamond League mo botshelong jwa gagwe, a dira rekoto ya 43.92 kwa 2026 Xiamen Diamond League.[24] Ka kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le borobabobedi, Kebinatshipi o ne a roba rekoto ya Diamond League ka 43.54 go fenya 400 metres kwa 2026 Meeting de Paris. [25]Ka kgwedi ya Phukwi e thola bone , o ne a taboga 44.00 go fenya kwa 2026 Prefontaine Classic.[26]Ka kgwedi ya Phukwi e le lesome , o ne a taboga rekoto ya bosetšhaba ya 43.44 go tokafatsa rekoto ya gagwe ya Diamond League le go ya kwa maemong a borataro mo lenaaneng la lefatshe la nako yotlhe kwa ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le borataro (2026 Herculis Diamond League kwa Monaco.[27]

  1. 1 2 "B.Kebinatshipi". World Athletics. Retrieved 21 August 2023.
  2. "Mokgweetsi Masisi congratulates 4x400m relay team for winning a gold medal at the World under-20 athletics championships". gambakwe.com. August 23, 2021.
  3. "Road to Cali 22 – the state of play with one month to go". World Athletics. 1 July 2022. Retrieved 21 August 2023.
  4. Kolantsho, Calistus (June 4, 2022). "Strong team for Africa Senior Champs". mmegi.bw.
  5. "New crop of athletes emerge". Guardian Sun. June 17, 2022. Retrieved 21 June 2023.
  6. "Kenyans impress in Africa Athletics Junior". nation.africa. May 1, 2023. Retrieved 21 August 2023.
  7. "400m Results". sportronics.co.zm. 29 April 2023. Retrieved 8 May 2023.
  8. Jonckheere, Karien (6 June 2023). "AFRICA WATCH - Kipyegon WR leads African charge". Supersport.com. Retrieved 21 August 2023.
  9. "Men's 400m Results: World Athletics Championships 2023". Watch Athletics. 20 August 2023. Retrieved 20 August 2023.
  10. "4X400 METRES RELAY". World Athletics. 5 May 2024. Retrieved 12 May 2024.
  11. "Men's 400m Hurdles Results - Paris Olympic Games 2024 Athletics". Watch Athletics. 7 August 2024. Retrieved 29 August 2024
  12. "Men's 4 x 400 Metres Relay - Paris Olympic Games 2024 Athletics". Watch Athletics. 10 August 2024. Retrieved 28 December 2024
  13. "Collen Kebinatshipi". NBC Olympics.
  14. "Results - Xiamen Diamond League 2025". Watch Athletics. 26 April 2025. Retrieved 2 May 2025.
  15. "Results - Shanghai/Suzhou Diamond League 2025". Watch Athletics. 3 May 2025. Retrieved 5 May 2025.
  16. "Results - Rome Diamond League Golden Gala 2025". Watch Athletics. 6 June 2025. Retrieved 7 June 2025.
  17. "Kebinatshipi to shift from 400m to 200m: Olympic silver medallist, Collen Kebinatshipi, has said he will shift from his preferred 400m to run in the 200m in the next two years". Mmegi Online. 18 April 2025. Kebinatshipi decided to compete in the 200m over the weekend at the FNB Golden Grand Prix. In an unfamiliar terrain, Kebinatshipi stormed to 20.13s in the 200m finishing second in the race which saw him qualify for the World Championships.
  18. "Meeting Herculis 2025: Gout Gout runs quick 20.10 into headwind to win Monaco u23 men's 200m race". Olympics.com. 11 July 2025. Retrieved 14 July 2025.
  19. Collett, Jasmine (28 August 2025). "Results - Weltklasse Zurich Diamond League 2025". Watch Athletics. Retrieved 29 August 2025.
  20. "World Athletics Championships, Tokyo 2025". World Athletics. 18 September 2025. Retrieved 18 September 2025.
  21. "World Athletics Championships, Tokyo 2025". World Athletics. 20 September 2025. Retrieved 26 September 2025.
  22. "Kebinatshipi clocks 9.89 at Botswana Championships". World Athletics. 3 April 2026. Retrieved 2 April 2026.
  23. "Botswana bring World Relays to epic close with historic men's 4x400m win". World Athletics. 3 May 2026. Retrieved 3 May 2026.
  24. "Yan and Russell reign supreme in Xiamen with second-best marks in history". World Athletics. 23 May 2026. Retrieved 23 May 2026.
  25. "Werro, Kebinatshipi and Paulino break Diamond League records in Paris". World Athletics. 28 June 2026. Retrieved 28 June 2026.
  26. "Records fall as top-class clashes light up Eugene". World Athletics. 4 July 2026. Retrieved 5 July 2026.
  27. "Wanyonyi breaks world 1000m record with 2:11.83 in Monaco". World Athletics. 10 July 2026. Retrieved 10 July 2026.