Charles Hill
Charles Hill ke motse mo kgaolong ya Ghanzi mo Botswana. Motse o o,gaufi le molelwane wa Namibia. Charles Hill ke motse wa bobedi ka bogolo mo kgaolong ya Ghanzi. O ne ona le baagi ba le 3.591[1] go ya ka palobatho ya ngwaga wa (2011).[2]
Charles Hill ke setulo sa Kgaolopotlana ya Charles Hill, e e tlhomilweng e kgaogane le Kgaolo ya Ghanzii ka tsamaiso ka ngwaga wa 2004. Le fa melelwane ya kgaolopotlana e sa ntse e tla tlhalosiwa sentle ka botlalo, ka kakaretso,e bapile le kwa bokone jwa Tselakgolo ya Trans-Kalahari Highway A2, kwa Namibia kwa bophirima ke Tselakgolo ya Botswana Highway A2, go ya kwa Kgaolo ya Kgalagadi. Baagi ba bopilwe ka mefuta e e farologaneng ya ditlhopha tse di farologaneng tse di nnang di bapile mme ka kutlwano le tse dingwe, ke:
- Herero
- Bakgalagadi
- Basarwa
- Batlharo (morafe wa merafe e mebedi wa mmala le herero o puo ya bone ya gae e leng Setswana)
- Coloureds
- Nama
Dingwe tsa ditlhabololo mo motseng di akaretsa sekolo se se potlana, sekolo se segolwane se se potlana, bookelo, poso, diofisi dingwe tsa lefelo la botsamaisi jwa metseselegae tse e leng tsa pusoselegae (tse di itsegeng ka lekgotla), dikolo tsa bana ba ba iseng ba tsene sekolo, lefelo la moriri le seteishene sa go tlatsa leokwane sa Engen se se leng mo lefelong le le siameng go bapa le tsela e kgolo e e tsentsweng sekontiri go tswa kwa Ghanzi go ya kwa Mamuno. Meraka ya dikgomo e ka nna makgolo a mabedi (200) di mo teng ga Kgaolopotlana mme di le kwa ntle ga melelwane ya motse.
Metse
[fetola | Fetola Motswedi]Go na le metse e le borobabobedi le mafelo a bodulo a le mabedi a a leng mo teng ga Kgaolopotlana a a akaretsang
- Chobokwane
- Tsootsha (le itsege gape le bidiwa Kalkfontein)
- Karakubis
- Kanagas
- New Xanagas
- Charles Hill
- Makunda
- Ncojane
- Metsimantsho
- Metsimantle