Civil Aviation Authority of Botswana

Go tswa ko Wikipedia

 Ka ga CAAB[fetola | Fetola Motswedi]

Civil Aviation Authority of Botswana (CAAB) ke molaodi wa difofande tsa selegae wa Botswana. Ntlokgolo ya yona e kwa Letsema Office Park kwa Gaborone.[1] Civil Aviation Authority Act, 2004 (CAA Act, 2004) e tlhomile khadmpani, e ka 2009 e neng ya simolola go dira ka botlalo. Mokgatlho wa pele e ne e lde Department of Civil Aviation (DCA), o o neng o le kafa tlase ga Ministry of Works and Transport.[2] Civil Aviation Authority of Botswana (CAAB) e na le maikarabelo a go laola le go tlhabolola dipalangwa tsa sefofane, go tlamela ka ditirelo tsa go tsamaisa difofane, go tsamaisa difofaneng le go gakolola puso ka dikarolo tsotlhe tsa difofane tsa selegae.


Ke Setheo sa Molao se se tlhomilweng ke Molao wa Taolo ya Difofane tsa Setšhaba wa 2004 mme se simolotse go dira ka botlalo jaaka molaodi yo o ikemetseng ka nosi ka la 1 Moranang 2009.[3] Go tswelela go nna dteng ga CAAB go ne ga dirwa ke Civil Aviation Act, 2011 e e neng ya fedisa Molao wa pele o o neng o tlhoma Taolo. Pele ga e tlhomiwa, bontsi jwa ditiro tsa yona di ne di dirwa ke Lefapha la pele la Difofane tsa Setšhaba (DCA). Molao wa CAA wa 2004 o tlhalosa gore Taolo e tla dirad ditiro tsa yona go ya ka melao e e siameng ya kgwebo le ya madi, mme e tla tlhomamisa go ya bokgakaleng jo bo kgonegang, gore lotseno lwa yona lo lekane go fitlhelela ditshenyegelo tse di ka duelelwang sentle mo lotseno lwa yone. [citation needed]

Ditshupiso[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Contact Us" (Archive). Civil Aviation Authority of Botswana. Retrieved on February 8, 2014. "Plot 61920, Letsema Office Park, P.O.Box 250 Gaborone, Botswana."
  2. Home page (). Department of Civil Aviation. March 28, 2007. Retrieved on February 8, 2014.
  3. "About CAAB" (Archive) Civil Aviation Authority of Botswana. Retrieved on February 8, 2014.

Dikarolo tse di kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Ministries of Botswana