Climate and Development Knowledge Network

Go tswa ko Wikipedia

Tiro ya lekgotla la Climate and Development Knowledge Network (CDKN) ke go tokafatsa boleng jwa matshelo a batho ba ba kobodikhutshwane ebile ba le mo diphatseng tsa go amiwa ke phetogo ya seemo sa loapi. CKDN e dira se ka go kopanya patlisiso, ditirelo tsa bogakolodi le kitso ka go ema nokeng dithulaganyo tse di dirwang di bo di laolwa mo gae. Le bereka ka kgolagano le batsaya ditshwetso mo makalaneng a puso, a a ikemetseng ka nosi le a e seng a puso mo lefatsheng, mo kgaolong le lefatshe ka bophara.[1]

CKDN e eteletswe pele ke lekgotla la SouthSouthNorth [2] kwa Aforika Borwa, ba berekisana le Fundacion Latinoamericano[3] kwa Ecuador, ICLEA kwa borwa jwa Asia[4] kwa lefatsheng la India, le Overseas Development Institute kwa UK.

CKDN e bereka mo Aforika ka bophara, Asia le Latin America le Carribbean, e itebagantse le mafatshe a ferabongwe a go leng botlhokwa go bereka le one, e bong: Kenya, Ethiopia, Bangladesh, Nepal, India, Columbia, Peru le Ecuador.

Aforika[fetola | Fetola Motswedi]

Seemo sa loapi mo isagong ya Aforika[fetola | Fetola Motswedi]

CKDN e bereka ebile i ikgolagantse le lekgotlana la Knowledge Exchange Unit la Future Climate for Africa. Future Climate for Africa (FCFA) e ikaelela go dira maranyane a masha a seemo sa loapi a a itebagantseng le Aforika le go netefatsa gore maranyane a a na le seabe mo tlhabologong ya batho mo kgaolong ya Aforika ka bophara. Maikaelelo a FCFA ke go fokotsa tshenyo le tlhakatlhakano e e bakiwang ke phetogo ya loapi le go sireletsa itsholelo le go fedisa lehuma mo nakong e telele. Ka tsela e, FCFA e ikaelela go aga dikago tse di kgonang go emelela diphetogo tsa loapi tsa seAforika, le go dira mananeo a selegae, a toropo le dipeeletso.[5]

Dithuto tsa phetogo ya loapi tsa borwa jwa Aforika[fetola | Fetola Motswedi]

CKDN e eme nokeng dikolo tsa ithutelo ditiro tse dikgolwane di le supa go tswa mo mafatsheng a le matlhano a a mo borwa jwa Aforika, ka thulaganyo e e eteletsweng pele ke University of Cape Town, go dira dithuto tsa di masters tsa phetogo ya loapi le tlhabologo e e kgonang go itsetsepela, ba direla Southern African Regional Universities Association (SARUA).[6]

Go nonotsha bokgoni jwa tlhabololo e e lepalepanang le seemo sa loapi kwa Rwanda[fetola | Fetola Motswedi]

CKDN e nnile le seabe mo go nonotsheng bokgoni kwa Rwanda ka tiriso ya madi a tikologo le phetogo ya loapi (FONERWA) le e leng lone letlole la phetogo ya loapi le legolo la mofuta o o mo Aforika. Go nonotsha bokgoni mo lefatsheng le mo kgaolong ka go anamisa, go simolola le go diragatsa mananeo a a atlegileng a phetogo ya loapi. tiro e tla thusa go tshegetsa lenaneo la Rwanda la Green Growth & Climate Resilience Strategy le go oketsa tiriso ya carbon e e kwa tlase, le itsholelo e e kgonang go emelelana le phetogo ya loapi mo lefatsheng leo.[7]

Jaaka bontlha bongwe jwa tiro e e tsweletseng kwa Rwanda ka lenaneo la "Building resilience in Rwanda through business collaboration", patlisiso e e boneng thuso ya madi go tswa kwa CKDN e supile fa dikgwebo tse di potlana go bapa le Nyabugogo river, Gatsata le mafelo a mangwe a a emang metsi kwa Kigali a ka lebaganwa ke tatlhegelo ka ntlha ya merwalela fa go sa dirwe sepe go baakanya seemo. Patlisiso e e dirilweng e ele bontlha bongwe jwa lenaneo, e lebeletse kafa dikgwebo tse dipotlana di amiwang ke merwalela ka teng,mme ya supa fa mafelo a o a itemogetse tatlhegelo e e akanyediwang e ka nna Rwf178.2 million.[8]

Tona wa Disaster Management and Refuge Affairs, Seraphine Mukantabana, are dipatlisiso tse ke bontlha bongwe jo bo tlhokafalang go tshegetsa tse di dirwang go fokotsa diphatsa le go aga malwapa a a kgonang go emelela dipetso tsa tlholego.

Tlhotlheletso ya phetogo ya loapi kwa Uganda[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2016, CKDN e ne ya ntsha pego ya tshekatsheko ya itsholelo ya ka fa phetogo ya loapi e amileng lefatshe la Uganda ka teng,[9] e le thomo go tswa kwa pusong ya Uganda. Maikaelelo a yone ene e le go neela puso bosupi jwa itsholelo go ya ka fa ditlhwatlhwa tsa gompieno le tsa isago di amangwang le phetogo ya loapi ka teng, le ditsela tsa go itepatepanya le seemo mo maphateng a a farologaneng. Bosupi bo bo solofetswe go thusa badiramolao go tlotlomatsa phetogo ya loapi le go itepatepanya le yone mo melaong ya lefatshe le maphata le go tlhagola tsela ya go beeletsa mo go itepatepanyeng le seemo.[10]

Bosupi go tswa mo pegong e bo setse bo fitlheletse Uganda's Intended Nationally Determined Contribution (INDC) le 21st Conference of Parties (COP 21) ga mmogo le United Nations Framework Convention on Climate Change (UNFCCC) kwa Paris, France ngwaga wa 2015 o ya fifing.[10]

Asia[fetola | Fetola Motswedi]

Leano le e itebagantseng le mogote wa kwa Ahmedabad[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga gore lekhubu la mogote o o tseneletseng le ame Ahmedabad, toropo e e kwa botlhaba ya batho ba le di milione di le tlhano le botlhano ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 2010,le bolaye batho ba feta sekete le makgolo a le mararo, babusi ba ne ba tlhaola mafelo a a nang le batho ba ba mo kotsing go gaisa, go akaretsa bo maipaafela e e le bontlha bongwe jwa leano la mogote oo feteletseng.[11] CKDN e ne ya ema nokeng tshimolodiso ya leano le.[12]

Porejekete e ne e lemotsha batho ka borai jwa mogote o o kwa godimo le go aga mafelo a a tsididi kwa dikerekeng, dikago tsa setshaba le marekisetso mo dikgweding tsa selemo.[11]

Leano le le ne le akaretsa le ditsela tsa go tsena mo bathong, go tsibosa batho nako e santse e le teng ka go bolelapele mogote o o kwa godimo lemakhubu a a solofetsweng a mogote o o fteetseng malatsi a supa pele ga o diragala, ga mmogo le go nonotsha bokgoni jwa ba botsogo gore ba kgone go alafa batho ba ba nang le ditlamorago tse di amanang le mogote.[13] Go ya ka The Hindu, lenaneo la toropokgolo la mogote o o kwa godimo le le supilweng ka ngwaga wa 2013, le fokoditse dipalo tsa batho ba tlhokafalang ka ntata ya mogote o o feteletseng ka 25%.[13]

Bomme le basha ba eteleditswe pele mo lenaneong la go itepatepanya le seemo sa loapi. Porejekete ya lekhubu la mogote le le feteletseng kwa Ahmedabad e supa fa bomme le barekisi ba tsela ba le motlhofo go ithuta gore ba ka dira jang fa gole mogote o o feteletseng. Ba tsaya ditselana tsa go itshereletsa mme gape ba feteletse molaetsa kwa go bomme ba bangwe le bana mo toropokgolong.[14]

Ba ba dirisanang mmogo le bone[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2015, CKDN e tlhomilwe go nna mokwaledi wa Low Emission Development Strategies Global Partneship (LEDS GP) ka tshwaragano le ba National Renewable Energy Laboratory (NREL).[15] CDKN gape ke leloko la Climate Technology Centre and Network,[16] Green Growth Knowledge Platform[17] le Climate Knowledge Brokers Group.[18]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "CDKN - weADAPT". www.weadapt.org. Retrieved 5 March 2019.
  2. "SouthSouthNorth - Towards climate resilience". southsouthnorth.org. Retrieved 5 March 2019.
  3. "Fundación Futuro Latinoamericano - Inicio". www.ffla.net. Retrieved 5 March 2019.
  4. "Home - ICLEI South Asia". southasia.iclei.org. Retrieved 5 March 2019.
  5. "Future Climate For Africa (FCFA) - PreventionWeb.net". www.preventionweb.net. Retrieved 5 March 2019.
  6. A climate change curriculum for Southern Africa, Michelle Paterson, University World News, access date 25 April 2017
  7. "Climate and Development Knowledge Network (CDKN), South South North". southsouthnorth.org. Archived from the original on 2 September 2018. Retrieved 5 March 2019.
  8. Nyabugogo businesses lose Rwf178m to flooding annually, shows survey, The New Times, access date 3 May 2017
  9. "Economic assessment of the impacts of climate change in Uganda" (PDF). cdkn.org. Retrieved 5 March 2019.
  10. 10.0 10.1 "Inaction on climate change will cost Uganda 20 times more than adaptation - weADAPT". www.weadapt.org. Retrieved 5 March 2019.
  11. 11.0 11.1 Ahmedabad offers way to beat the heat as 1,786 killed in heat wave, Nita Bhalla, Reuters, access date 3 May 2017
  12. Beat the heat: Heat health action plan in India, PwC, access date 3 May 2017
  13. 13.0 13.1 How Ahmedabad beat the heat, Mahesh Langa, The Hindu, access date 2 May 2017
  14. Severe heat wave grips India – Authorities can draw on insights from Ahmedabad experience, ReliefWeb, access date 2 May 2017
  15. "About the Low Emission Development Strategies Global Partnership (LEDS GP)". LEDS Global Partnership. Retrieved 5 March 2019.
  16. "Climate and Development Knowledge Network". Climate Technology Centre & Network. 18 November 2014. Retrieved 5 March 2019.
  17. "Climate and Development Knowledge Network (CDKN)". Green Growth Knowledge Platform. 10 December 2013. Retrieved 5 March 2019.
  18. "REEEP - Climate Knowledge Brokers Group". REEEP. Retrieved 5 March 2019.