Ditiro Leero

Go tswa ko Wikipedia

Ditiro Leero yo a tsholetsweng mo motsaneng wa Selokolela mo kgaolong ya morafe wa BaNgwaketse Mme gape ele mongwaketse ke mogaka wa mmino wa setso mo lefatsheng la Botswana. Pele o ne a le leloko la setlhopha sa mmino wa setso se se itsegeng thata sa Matsieng gape ele mongwe wa batlhami ba sone se e rileng yare moragonyana ka ngwaga wa 2008 a kgaogana le sone mme a simolola go diragatsa a le nosi[1].

Loeto lwa Mmino[fetola | Fetola Motswedi]

Ditiro yo o itsegeng gape ka "Dt" o simolotse go rata mmino wa setso a sale mmotlana a diragatsa mo setlhopheng sa borankana sa sekolo. Morago ga go kgaogana le setlhopha sa Matsieng o ile a simolola go diragatsa a nosi Mme a golola rekoto e bidiwa Molemo wa Kgang ye mo go yone go neng go na le Pina e bidiwa Kgosi-Lepenyola ye a neng a e lebagantse le modiri ka ene wa pele[2].

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. https://www.musicinafrica.net/directory/ditiro-leero
  2. https://www.mmegi.bw/lifestyle/takeaways-from-leeros-latest-masterpiece/news